title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Kweneng o sekasekelwa moepo wa magala
Mopalamenete wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o lekodisitse batho ba Medie mo kgaolong ya Kweneng fa dithulaganyo tsa kanoko ya kepo ya moepo wa magala mo kgaolong eo di semeletse. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie bosheng, mopalamenete a re e re ntswa a tlhaloganya fa thulaganyo ya moepo e ka lere botshelo mo Mokwena ka go bula diphatlha tsa mebekero, go botlhokwa gape go tlhaloganya maikaelelo ao ka tsela ya one e le motsopodia ka jaana e ya go tlhoka ditshekatsheko tse di tseneletseng. Rre Seretse, yo a bileng a le tona ya peeletso papadi le madirelo, a re go botlhokwa go lemoga fa khamphani ya Minergy ya moepo wa magala e tsweletse ka thulaganyo e e akaretsang kgang ya tshekatshelo ya madi e teseletso ya yone e e tlaa laolwang ke gore a e fitlheletse dintlha tsotlhe tsa botlhokwa tse di yang go tseelwa tshwetso ke lephata la meepo. Mabapi le kgang ya tsela e e tshwenyang batho ba kgaolo eo, tona Seretse o lekodisitse morafe gore bothata ke gore seemo sa ditsela tse di maswe se aname e bile se amile lefatshe ka bophara, ka jalo maiteko a go lwela dikgaolo le one ke bothata. O tlhalositse fa gape maiteko a go lekodisa Tautona ka seemo sa tsela ya Molepolole/Lentsweletau le one a sa tswa dipe ka jaana bothata jwa go tlhaela ga madi e le selo sa gangwe le gape ntle le gore go dirilwe tsholofetso ya gore tsela eo e tswelele ka go gopiwa. Kgosi Moatlhodi Kgabo wa Medie o ne a ngongoregile fa seemo sa tsela e e lomaganyang motse oo le Lentsweletau se ngomola pelo ka e dira metsamao bokete, bogolo jang ka dinako tsa dipula mo go pateletsang gore go ralalwe masimo. O bile a kopa gore go tlhomamisiwe dikgosana tse tharo tsa tetlanyo kwa Medie tse a kaileng fa di tswa kgakala di tshegeditse thomo ya morafe ba sena boikhutso mme a supa fa tiego e ka kgoba marapo. Mokwaledi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane a re thulaganyo e tsweletse go epa letamo la kgaolo eo le le fa gare ga Medie le Moagowe mo ngwageng ono wa madi e a kayang e tlaa thapa batho ba le masome mararo le borataro ka lenaneo la Ipelegeng. Mabapi le dipotso tsa gangwe le gape tsa gore thulaganyo ya tshekatsheko ya batlhoki e akolwa ke ba ba sa lebanang, Rre Kgabanyane a re go itse maduo a tshekatsheko go thata ka jaana e le kgang ya modiredi le yo o dirwang, ka jalo go thata go tlhaloganya gore tshwetso e tserwe jang. Mokwaledi Kgabanyane o ne a lekodisa phuthego ya Medie ka tokafatso e e dirilweng mo thulaganyong ya theko ya dipodi tsa lenaneo la LIMID mo a kaileng e le thulaganyo e e yang go ama theko ya fa go reka puso mme thulaganyo ya batho ka bongwe e tlaa laolwa ke tumalano ya moreki le yo o rekisang. Morafe o iteetse kobo moroko mafoko a ga Kgosi Kgabo ka seemo sa tsela gore se tlhoka go tsibogelwa. Morafe mo go bone go le Mme Magdeline Merementsi le Rre Meriwether Gideon ba supa fa bogodu jwa leruo mo kgaolong e bo ba apesitse kobo ka letshoba, a tlhalosa fa ba kgojwa marapo ke gore boetelediepele bo itshetse moriti o tsididi fela. BOPA
politics
7
Keorapetse o leboga batlhophi
Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse o lebogile batlhophi ba kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba go bo ba nnile le tshepho mo go ene go ka emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Kagiso a tlhalosa gore maitlamo a gagwe ke go bereka ka natla, a tshwaragane le badiri ka ene kwa khanseleng, batlhophi, badirelapuso le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi go tlhabolola toropo. Rre Keorapetse o tlhalositse gore tshwaragano ya ba-na-le seabe ka go farologana ke yone e e ka ntshang maduo mo maitlamong a go tlhabolola kgaolo le go bona ditirelo ka nako go sa kgathalesege gore ba tswa mo diphathing tse di farologaneng. Erile a ba tsibosa ka tse di amang palamente, a tlhalosa gore palamente e tsere tshwetso ya gore khamphani ya Stock Exchange e ikemele ka nosi gore ditirelo tsa yone di tle di tokafale. Mo go tse dingwe a re dijo dingwe di tshwana boupi jwa borotho di tlaa bo di sa duelelwe lekgetho la VAT go akaretsa ditshipi tse di dirisiwang mo go tsa temo jaaka dipolantere. Mopalamente o ne gape a tlhalosa gore go tlaa nna le ditlhabololo tse di tlaa tswelelang di dirwa tse di neng di tshwanetse go dirwa ka lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo la NDP10, mme a kopa setshaba go ntsha megopolo go bona gore ke di fe tse go ka tswelelwang ka tsone mo ngwageng ono wa madi. Rre Keorapetse o ne a solofetsa setshaba gore khamphani e e tlaa bong e apaya ditshipi e tsweletse mme go solofelwa gore e bo e ka thapa badiri ba le makgolo mararo go ya kwa go makgolo a matlhano. Mo go tse di amang motshine o o tlaa bong o apaya merogo le masika a one, o ne a tlhalosa gore le gone Batswana ba ka nona pelo ka kgatelopele e a bonala ka matshine o setse o gorogile mme tsholofelo e le gore o simolole tiro ka Motsheganong. E rile ba akgwa mopalamente dikgaba mongwe wa banni, Rre Godfrey Mbaiwa a kopa gore mopalamente a emele kgang ya maemelo a dipalamo tsa setshaba ka dinao le kokelo. Mo go tsa thuto o ne a tlhalosa gore sekole se sebotlana sa Joseph Enderson se amogela bana ba ba tshelang le bogole mme ba se na ditlamelo tse di ba lebaganeng mo Selebi Phikwe, a tlhalosa gore ba bone thuso ke gore ba bo ba ya Francistown. A re go tlhokafala gore go nne le lefelo la ba-na-le bogole mo Selebi Phikwe. Rre Neo Madome o ne a bua a sa kgwe mathe ka dikole tse di ikemetseng a re ga di na boleng le barutuntshi ba tsone ba se na dithuto tse di tlhokafalang go ka tlhatlhelela baithuti. O ne a tladiwa ke Rre Nametsegang Ntopo ka go re dithuto tse ba di neelwang ga di tsamaelane le se se tlhokwang ke bahiri mme se se raya gore puso e latlhela madi a mantis mo motlhobodikeng
politics
7
Inaakanyeng le mekgatlho go tokafatsa matshelo
Mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Michael Motshedi, a re e re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi ka ntlha ya go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe, go mo maruding a Batswana go inaakanya le makgotla a ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone le go tsweledisa ditlhabololo mo dikgaolong tsa bone tsa botlhophi. Rre Motshedi yo e neng e le sebui sa tlotla mo moletlong wa go ipelela dingwaga tse nne tsa mokgatlho wa A re Itsanyeng, o o bopilweng ke bomme ba kgotlana ya Maphaphamane, o boletse fa nako e gorogile ya gore Batswana ba eme ka dinao go tsweledisa ditiro tsa metse ya bone ka boipelego go na le go ikaega ka dithuso tsa puso di tshwana le lenaneo la Ipelegeng. Mokhanselara o gakolotse Batswana go boela mo mokgweng wa bogologolo wa go dira ditiro ka boithaopo go na le go leba fela mo pusong ka jaana e ka seka ya kgona sepe ntateng ya go farafarwa ke ditiro di tshwana le tlhokomelo ya batlhoki,masiela, bana le bogole le go dira ditiro tse dingwe tsa setshaba. Mo tirong eo, e e neng e tshwaretswe mo kgotleng ya Maphaphamane batho ba Radisele go balelwa mothusa kgosi ya Maphaphamane Rre Bathusi Rajane, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo Mme Patricia Letlhogela, mmegadikgang Rre Mojaboswa Jabeng le Mokhanselara Motshedi ba ne ba abela mokgatlho wa Areitsanyeng P1 205 e le tsela nngwe ya go rotloetsa batlhami ba mokgatlho oo. E rile Rre Rajane a tswa la gagwe a lebogela bomme ba Areitsanyeng go tlhama mokgatlho o o lebaganeng tsa tsa bobelotlhomogi jaaka go thusa mo dintshong le mo manyalong, mme a bolela fa go le mo maruding a baagi ba Radisele go inaakanya le mokgatlho oo ka go nna maloko gore e re kgabagare o kgone go bona dithuso fa ba le mo mathateng a tshwana le dintsho. A re e re ka mokgatlho wa bone o gatetse pele ke tshwanelo ya bone go kwadisa mokgatlho oo kwa lephateng la tsa Pereko le Selegae gore ba kgone go nna le setlankana le molao motheo o o tlaa tsamaisang lekgotla la bone. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Radisele Mme Patricia Letlhogela, o ne a iteela Bomme ba Maphaphane legofi go bo ba simolotse mokgatlho o o ikaeletseng go thusa mo diphitlhong, mme a bolela fa jaanong e le sebaka sa batho ba ba dikobo-dikhutshwane go tsena mo mokgatlhong o o gore ba kgone go ipoloka go na le go ikaega ka dikhansele tse a tlhalositseng fa le tsone di lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la madi. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts
politics
7
Makawana a sekela go thuba le go utswa
Makawana a le mabedi a Itholoke mo kgaolong potlana ya Mabutsane a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Jwaneng kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le mane go arabela molato wa go thuba lebentlele le go utswa. Keipoletse Hoje, yo o dingwaga di masome mararo le bobedi, le Samuel Dikhuku wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, ba lebisitswe molato wa go thuba marekisetso a Gaasite General Dealer and Fresh Produce gone kwa Itholoke ba bo ba utswa dithoto tsa madi a a ka tshwarang dikete di fera bongwe, makgolo a mararo le borataro a dipula. Go bolelwa fa ba dirile jalo ka Tlhakole mme dithoto tseo di ne di akaretsa diyunitsi tsa megala, dijo le motsoko. E ne ya re ba itshupa fa pele ga lekgotla bosheng, mosekisiwa wa ntlha, e bong Hoje o ne a ipona molato fa Dikhuku ene a supile fa a sa ipone molato. Ba bosekisi, ba emetswe ke Inspector Kumbani Machaya ba ne ba supa fa ditlhotlhomiso tsa kgang e di weditswe mme ba ikaelela go tsisa basupi ba le batlhano fa pele ga lekgotla. Inspector Machaya o ne a kopa lekgotla gore le fe ba bosekisi sebaka gore ba ye go baakanyetsa mosekisiwa wa ntlha dintlha tsa kgang gammogo le go neela mosekisiwa wa bobedi dipampiri tsotlhe tse di tlhokegang gore tsheko e tswelele. Basekisiwa ba tlaa itshupa gape kwa lekgotleng Seetebosigo a tlhola malatsi a le mane go tla go baya malatsi a tsheko.
crime_law_and_justice
1
Kedisitse o ipelafatsa ka thuo ya dikoko
Mme Seanokeng Kedisitse a re o ipelafatsa ka thuo ya dikoko tsa nama e a e direlang mo lwapeng. Mo puisanyong, Mme Kedisitse o tlhalositse fa a simolodisitse kgwebo ya thuo ya dikoko tsa nama mo lwapeng lwa gagwe ka 2015. A re o ne a simolola kgwebo e morago ga gore a tlhokafalelwe ke monna mme lelwapa la gagwe la simolola go sokola ka rre yo e le ene a berekang. Mme Kedisitse o boletse fa a ne a diragatsa Setswana se se reng ‘e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting’ mme o ne a tswa ka leano la go tshetsa ba lelwapa ka e bile ba ne ba sa ntse bale bannye fa rraabone a tlhokafala. A re ka a dumela gore mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, o ne a ipolelela gore o tsile go dira ka thata gore a kgone go tlhokomela bana. O boletse fa a simolotse kgwebo ka go rua dikoko tsa nama di le masome a mabedi mme ka go thoka lesego di le tlhano tsa aswa di le dinnye mme a kgona go rekisa di le lesome le botlhano. Mme Kedisitse a re ka fa dikoko tsa gagwe di neng tsa rekwa ka teng go ne ga mo nontsha pelo. A re ka jalo a nna le tumelo ya gore kgwebo e, e ka dira sentle fa a ka rua palo e ntsi ya dikoko. A re mo nakong e e tlang o ne a rua dikoko di le masome a mane mme tsa aloga tsotlhe a bo a kgona go bona dikete tse pedi tsa dipula fa a sena go di rekisa. O boletse fa se ya bo e le tshimologo ya sengwe le sengwe, mme a oketsa palo ya dikoko go nna lekgolo. Mme Kedisitse a re mo dikokong di le lekgolo o dira madi a a tshwarang dikete tse tlhano tsa dipula fa go sena tse di neng tsa aswa pele ga thekiso. A re gompieno o rekisetsa dikoko tsa gagwe batho ka bongwe le ba ba nang le mediro jaaka manyalo. O tlhalositse fa a ise a kgone palo e e batlwang ke bareki ba gagwe ka o rua palo e e lekaneng ya dikoko. A re se se dirwa ke go tlhoka lefelo le le bulegileng le a ka ruelang mogo lone. Mme Kedisitse o boletse fa thuo ya dikoko e kgonne go tshetsa ba lelwapa la gagwe e bile bana ba gagwe ba alogile ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. A re o kgonne go dira dilo tse dintsi ka madi a a a bonang mo thuong ya dikoko. O boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo kgwebong ya yagwe e le go swa ga dikoko di sale dinnye mme se se dire gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo mo nakong dingwe. O kgothaditse bomme go ema ka dinao fa ba kopana le dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le go tlhokafalelwa ke yoo neng a tlhokomela lelwapa. A re bomme ba eme ka dinao ba tsee mananeo a puso a a ka ba namolang lehuma. Mme Kedisitse o kgothaditse bomme go emana nokeng ka dinako tse di thata ga mmogo le go ipopa ditlhopha go itshimololela dikgwebo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Thuto ga e golelwe e botlhokwa
Morutintshi kwa Molepolole, Mme Lorato Mojakgwathe o rotloeditse bagolo go inaakanya le thuto ga e golelwe. A re le botlhokwa go fetola matshelo a bone. Mo potsolotsong, Mme Mojakgwathe a re o na le baithuti ba le lesome le bobedi, bomme ba le barataro le borre ba le barataro ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le boferabongwe le masome a supa le bone. A re dithuto di tsenela kwa sekoleng se sebotlana sa Sebele mme di simolola ka nako ya masome mabedi morago ga nako ya bone go ema ka nako ya masome mabedi morago ga nako ya borataro mo maitseboeng. A re lenaneo la Adult Basic Education Programme (ABEP) le dira le bagolo ba ba iseng ba tsene sekole gotlhelele. A re ba ka tswelela ka lokwalo lwa boraro fa ba kwadile lokwalo la bosupa. A re bagolo bao ba rutwa go bala le go kwala ga mmogo le tiro ya diatla, mme morago lephata la thuto ga e golelelwe le ba ise thutopuisanyo kwa ba ithutang thata ka tiro ya diatla. O tlhalositse fa bagolo ba fiwa ditlankana morago ga go kwala lekwalo la bosupa go di dirisa go batla tiro. A re go mosola go ithuta ka gore ba a tle ba nne le beke ya baithuti ba kgaolo ya Kweneng, e e leng gore go tshwarwa dikgaisanyo ka go farologana jaaka tsa go kwala, tiro ya diatla, maboko, dikhwaere le tse dingwe. O tlhalositse fa dikgaisanyo di efa baithuti sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ga mmogo le go amogela dimpho go ba rotloetsa fa ba dirile sentle. A re bangwe bogologolo ba ne ba thapiwa kwa ditirong tse di farologaneng ba sena ditlankana tsa lokwalo la bosupa, mme go nne dingalo gore ba bone tlhatloso maemo. O tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dibuka le lefelo la dithuto le le botoka fa ba ntse ba tsweletse. A re gantsi ba a tle ba dirise leobo la kgotla kana sekole mme fa beng ba mafelo ao ba a dirisa go ba itsa go tswelela le dithuto sentle. A re bagolo ke batho ba ba nang le ditshwarego ka mabaka a dintsho, manyalo le mediro e mengwe, ka jalo di dira gore ba seka ba iponatsa kwa dithutong mo malatsing mangwe. A re kgwetlho e nngwe e tona ke gore fa dikole tsa bana di tswala, bagolo le bone ba batla go tswala, mme seo se busetse dithuto tsa bone kwa morago. A re e le ba thuto ga e golelwe ba tswelela fela ka dithuto go fitlhelela ka Ngwanatsele. Mongwe wa baithuti, Mme Gaatlhaleshwe Kgosidintsi a re lenaneo la thuto ga e golelwe le mo solegetse molemo ka a nnile le sebaka sa go itse go bala le go kwala. A re fa motho a itse go bala le go kwala ga a bonelwe diphiri ke batho jaaka go balelwa melaetsa mo mogaleng wa letheka kana mo dikarateng tsa bongaka. Le fa go ntse jalo, o rotloeditse bagolo go inaakanya le thuto ga e golelwe gore ba tle ba nne le sebaka sa go itse go bala le go kwala gore ba tle ba bale dipampiri tsa dikgang gore ba itse se se diragalang mo lefatsheng. O ba rotloetsa go ya thuto ga e golelwe gore ba seka ba tsiediwa ke manweenwee mangwe a a ratang go tsietsa bagolo ka ba re ga ba a rutega. BOKHUTLO
education
4
Kgokgontsho ya bong e gaketse
Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re kgokgontsho ya bong, bogolo jang e e diragalelang bomme le basetsana e utwlisa botlhoko. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe bosheng, Dr Venson-Moitoi o boletse gore dikgang tsa thubetso kgotsa go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagodi di kwa godimo. A re le mororo bomme bangwe ba na le seabe mo kgannye ya thubetso, dipalo di supa fa banna ba tsaya folaga. A re letsatsi le letsatsi go begwa fa borre bangwe ba thubeditse bana ba bannye, fa go gongwe ba thubeditse basadibagolo ba ba senang boitiro kana thata ya go iphemela. O boletse fa bangwe ba ipoeletsa mo melatong ya mefuta eo fa go twe ba emele tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O kopile morafe le bogogi go thusa puso go lwantsha seemo sa mofuta se se ngomolang pelo. Banni mo diphuthegong ka go farologana ba kopile puso go gagamatsa molao, ba bolela fa babelaelwa ba sa tshwanela go letlelelwa go emela tsheko kwa ntle, fa bangwe bone ba boletse gore ba ba bonwang molato ba atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong. Ka dikgang tsa bogodu jwa leruo, ba boletse gore ditsheko tsa teng di sekelwe mo makgotleng a Setswana e seng a bommakaseterata. Mopalamente o ne araba ka go re molao wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o seka kae, a bolela fa ba makgotla a ditshaba le balwela ditshwanelo tsa setho ba bolela fa mongwe le mongwe a na le tshwanelo e bile a sekake a bonwa molato kgotsa a tlhatlhalelwa ruri a ise a seke. Mo dikgannye tse dingwe, Dr Venson-Moitoi a re o belaela gore ka lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho le ne la fokotsa mafelo a matlhophelo, batho ba itsapa go ikwadisa, mme a solofetsa gore kgang ya teng ba tlaa leka go e bua le lekgotla gore a ba ka seke ba oketse mafelo ao.
crime_law_and_justice
1
Badirelapuso ba aba diaparo
Badirelapuso ba ba direlang mo mafelong ka go farologana ba tsweletse ka go tsibogela moono wa ga Tautona wa lefatshe leno wa go thusa ba ba tlhokileng lesego. Seo se supilwe ke badirelapuso ba Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone ba ba neng ba abela ba-na-le-bogole ba motse o ba direlang mo go one ba le masome a mabedi diaparo. Fa a rola diaparo tseo, modulasetilo wa komiti ya badirelapuso mo motseng oo, Rre Frank Mahulela o boletse fa ba-na le-bogole ba na le bokgoni jwa go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno fela jaaka batho ba ba sa tsheleng ka bogole. Ka jalo a re puso e tsentse letsogo ebile e dira go le gontsi gore ba-na-le-bogole ba seka ba salela kwa morago mo go akoleng mananeo a a diretsweng Batswana jaaka go tsena dikole le gone go tsaya mananeo a go itshedisa. A re go bo badirelapuso ba ne ba tlhopha ba-na-le-bogole go ba abela ga go ree gore ba ne ba ba tlhomogela pelo mme ke ka lebaka la gore ba a ba lemoga ebile ba lemoga gore le bone ke batho ba ba nang le seabe mo itsholelong ya lefatshe la bone. Rre Mahulela o ne a re go ne go le maleba gore tiro ya go abela ba ba tlhokileng e nne ka kgwedi ya Lwetse ka e le kgwedi e e faphegileng e lefatshe leno le tsereng boipuso ka yone ebile e le kgwedi ya segopotso sa ba ba re tlogetseng ntateng ya bolwetse jwa AIDS. O boletse fa e le badirelapuso ba tshwanelwa ke go itsenya mo banning ba metse e ba direlang mo go yone gore ba itse dikgwetlho tsa botshelo tse di ba amang le gore ba ka ba thusa jang. A re ba ne ba eleditse go ka dira go feta mo ba go dirileng mme a solofetsa banni ba motse wa Lerala fa ba tlaa iphutha metlhala gape go dira go le go ntsi mo nakong e e tlang. A re gore tiro ya go abela ba na le bogole e bo e felele e kgonagetse ke ka popagano ya badirelapuso ba ba neng ba seka ba ipona tsapa mme ba ntsha madi mo dipateng tsa bone. Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Lerala Rre Tshwaranang Phillimon o ne a kgothatsa ba-na-le bogole go dira ka natla. A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go bewa ka kwa morago ga matlo mme ba tshwanelwa ke go tlhakatlhakana le batho ba bangwe. A re go setse go supagetse gore bontsi jwa ba-na-le-bogole ba kgona go itshetsa ebile ba tsenelela metshameko e e farologaneng mo lefatsheng leno. Mothusa Kgosi wa Lerala Kgosi Ookeditse Shaw o ne a lebogela popagano ya badirelapuso ba motse wa Lerala. A re go a bonala fa badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa Lerala ba na le mowa wa bobelotlhomogi ebile ba kgathala ka ba ba nnang le bone. O ne a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o ba nang le one wa bobelotlhomogi. BOKHUTLO
politics
7
Kgosi Matlhare o akgola mokgatlho
Kgosi Rodgers Matlhare wa kgotla ya Old Disana mo Maun o akgotse mekgatlho ya bobelotlhomogi e e thusang go tlhokomela masiela le bana ba ba tlhokileng lesego. Kgosi Matlhare o ne a bua kwa moletlong wa keresemose bosheng mo Maun o o neng o diretswe go itumela le bana bao. A re mekgatlho e tshwana le wa barulaganyi ba moletlo wa Motse wa Kgalalelo e dira tiro e kgolo ya go tsisa boitumelo mo baneng bao le go ba tlhagolela isago e e faphegileng. A re ka jalo, ga go na masiela mo lefatsheng leno ka bana ba na le batlhokomedi le mekgatlho. Kgosi Matlhare o ne a akgola ba Motse wa Kgalalelo ka go fa bana bao keresemose go sale gale, gore le bone ba seka ba salela morago ka letsatsi leo mo kgweding e e tlang ya Sedimonthole. O ne a tshwaela fa bana bao ba fiwa tshwanelo ya sekolo, ka jalo ba tlaa nna le isago e e tlhapileng, mme ba tsoge ba le babusi ba lefatshe le maphata a a farologaneng a puso. Morulaganyi wa Motse wa Kgalalelo, Mme Samo Moepi a re maikaelelo a bone ke go aga motse o o feletseng ngwaga o o tlang, o o ka neelang bana ba masiela le ba ba tlhokileng lesego bonno. Mme Moepi a re mo nakong ya gompieno bana bangwe ba Motse wa Kgalalelo ba filwe boroko ke ba mekgatlho e mengwe mo Maun jaaka Bana ba Letsatsi le ba Love Botswana. O ne a supa fa ba na le bana ba ka tshwara makgolo a mabedi ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone le fa moletlo wa letsatsi leo o ne o rulaganyeditswe ba ka tshwara masome a supa fela. Le fa go ntse jalo, Mme Moepi o ne a supa fa mokgatlho wa bone o tlhaelelwa ke ditsompelo bogolo jang madi, go ka kgona maikaelo a bone a go busetsa bana bao mo seemong. O ne a tlhalosa fa moletlo oo o rotloeditswe ke Spar, ka jalo ba ka itumela fa ba bangwe ba ka ba tswa thuso. Moletlo oo o ne o tshwaretswe kwa lefelong la itloso bodutu la Potential Gardens mo Maun, mme le natefisiwa ke seopedi, Rre Kabo Leburu. BOKHUTLO
society
9
Rotlhe re tlamega go somarela lefatshe - tona
Ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo go tlhokomela le go sireletsa lefatshe gore ba ba tswang kwa morago ba le fitlhele. Mafoko a a builwe ke tona wa boagedi, mesepele le bong, Rre Edwin Batshu, a tlhaloseditse banni ba Gojwane mo phuthegong ya kgotla gore lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go bona gore bana ba ba tsholelwang mo Botswana ba a kwadisiwa go tlhomamisa gore ba akarediwa mo ditogamaanong tsa lefatshe. Tona Batshu a re ngwana fa a sena go tsholwa, o tshwanetse gore a bo a kwadisitswe mo lebakeng le le sa feteng malatsi a le masome a marataro, fa dintsho tsone di tshwanetse go kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a mararo. O rotloeditse borre go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone, a tlhalosa fa dintsho tsa borre di feta tsa bomme, selo se a reng se supa fa borre ba le maoto a tshupa go bona ba bongaka. Tona Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o rotloetsa batsadi go bitsa bana maina a e tlaa reng ba godile ba a itumelele ka go se motlhofo go fetola leina ka go dirwa jalo go setswe molao morago mme e bile go le mogoga moleele. Rre Batshu o tlhaloseditse banni gore ope yo o tlaa fitlhelwang a thapile kana a neetse motswakwa boroko a sena teseletso ya go nna kana go bereka mo Botswana a le banwe ke molato o o ka mo isang kgolegelong. Rre Ntshegang Lelu, yo e leng monni wa motse, o tlhalositse fa ba tshwentswe ke dikereke tse di alafelang mo nageng mme e re morago ba tlogele didirisiwa tsa bone mo sekgweng, a tlhalosa fa se se kgotlela tikologo. Rre Lelu o ne a kopa Tona Batshu go ikopanya le tona yo o maleba go potlakela go abela dikereke ditsha gore ba kgone go direla kalafi ya bone mo lefelong le ba le neetsweng. Kgosi Kebalepile Ketlhaetse wa Gojwane o ne a supa fa banni ba motse oo, o o mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ba santse ba tlhaela thuto go tswa mo lephateng la dipasa. Kgosi o ne gape a supa fa batswakwa ba le bantsi mo motseng, mme ba sena tetla, a re se se rotloediwa ke batho ba ba ba letlelelang go nna mo malwapeng a bone a bo a tlhalosa fa bangwe ba tshodisitse bana ba motse oo bana mme a kopa tona go ba tswa thuso. Mokhanselara wa Serule, Rre Meshack Mabutho o kopile botlhe ba ba nnang le batswakwa go ba ntsha mo malwapeng ka dikhansele di imelwa ke go tlhokomela bana ba ba senang batlhokomedi ka bontsi jwa batsadi ba bone e le bomme ba itsholelo e e kwa tlase. BOKHUTLO
society
9
Dikereke le bogogi di tshwanetse go dirisanya
Kgosiya Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Edwin Ramokobetwane o kopile baruti ba dikereke tsa motse oo go dirisanya le bogogi jwa motse mo ditirong tsa ditlhabololo. E rile kgosi a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogogi jwa motse ooSeetebosigo a le masome a le mabedi le bosupa, a tlhalosa fa dikereke e le botshabelo jwa mongwe le mongwe mme fa baruti ba ka tshwaragana le bogogi jwa motse go ka tswa maduo, botlhoka tsebe ja fokotsega gammogo le gone go itontela dino ga banana. Kgosi o ne a kopa botlhe ba ba nang le seabe go netefatsa gore dikereke tsa bone di kwadisitswe ka fa molaong go itsa go tlala ga tsone gongwe le gongwe le gone go kopa ditsha gore dikereke di emise go tsenela mo malwapeng. O kgothaditse dikereke go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse. Kgosi o supile fa dikereke di phatlalala gantsi ka go lwelwa maemo le go ja madi, mo go ka fedisiwang ka go a baya mo dibankeng. Kgosi Ramokobetwane o bile a gakolola banana ba motse oo go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di lebaneng banana ba lefatshe leno jaaka go tsenwa ke malwetse a a farologaneng ntateng ya go itontela majalwa, a kopa baruti go kgothatsa maloko a dikereke tsa bone go dira loaro le le babalesegileng la borre ga mmogo le gone go itlhatlhobela mogare wa HIV. E rile mothusa kgosi, Rre Othusitse Mosimane a tlatsa a kgothatsa morafe go tsena kereke ka tlhoafalo le go nna boikanyego. Mothusa kgosi o kaile kereke le bogosi e le ditiro tse pedi tse di tshwanang mme tshwaragano e ka nna phenyo mo go tse tsotlhe. Mothusa kgosi o kopile lekgotla la baruti go ema ka dinao go bontsha morafe ka mosola wa go tsena kereke. BOKHUTLO
society
9
Mokhanselara wa pele o bolokilwe
Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Selokolela-Moshana mo kgaolong ya Borwa, Rre Nelson Rowland, o bolokilwe kwa Kanye ka bofelo jwa beke. Rre Rowland o tlhokafetse kgwedi ya Morule e le supa morago ga go lwala ka bokhutshwane a le dingwaga tse 65. Rre Rowland, yo o neng a itsege ka leina la Bokhukhu, o nnile mokhanselara wa phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) go simolola ka ngwaga wa 1989-2009. Dubui ka go farologana di kaile fa Rre Rowland e ne e le motho yo o tlhaga thata mo ditirong tsa gagwe e bile e le mogwebi wa popota a tsamaisa madirelo a gagwe ka manontlhotlho. Mongwe wa dibui, tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia, o kaile Rre Rowland e ne e le molemi-morui wa popota. Rre Ralotsia, yo gape e leng mopalamente wa Kanye Bokone, o boletse fa Rre Rowland e ne e le motho yo o lerato le tlotlo Tona wa pele wa dikgaolo Rre Peter Siele o boletse fa Rre Rowland a bereketse Botswana Democratic Party ka natla le boikokobetso. O boletse fa phathi e latlhegetswe ke senatla. Rre Siele a re Rre Rowland e ne e le motho wa metlae e bile a obamela nako thata. O boletse fa ba berekile mmogo thata mo khanseleng ya Borwa. Mo boemong jwa khansele ya Borwa mothusa modulasetilo, Rre Alec Seametso o boletse fa ditiro tsa ga Rre Rowland di santse di tsweletse di dirwa ka gore di mo lenaneong la ditlhabololo. O boletse fa a ne a le senatla ke sone se a tsereng lebaka le le leele e le mokhanselara. E re le fa, rraagwe Rre Rowland a tlholega kwa Croydon kwa England, ene o tsholetswe mo Kanye ka kgwedi ya Phatwe e ferabobedi ka 1950. A tsena sekole se sebotlana kwa Rachel, a ya go tsweledisa kwa Kanye High School (Matsaakgang) go fitlha ka lekwalo la bosupa. Go tswa foo a bereka kwa ga Tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire e le motlhokomedi wa didiba. Morago a ya go dira dithuto tsa go baakanya didiba kwa Sebele O ne e le leloko la mokgatlho wa Kanye Abattoir, Southern District Communal Beef Farmers Association le Phanyane Artificial Insemination. E ne e le leloko la kereke ya ERP Unity Church. O tsene mo nyalong e e boitshepho le Mme Pulafela Rowland ka 1975, ba segofadiwa ka bana ba supa, banna ba le batlhano le basadi ba le babedi. O tlogela mosadi, betsi ba le babedi le bana ba bana.
society
9
Letsogo la banana mo tlhabololong ya motse ga le bonale
Kgosi Nyemudzu Balo wa Nkange a re banana ga ba tsenye letsogo mo ditirong tsa motse. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi o tlhalositse gore go tshwanetse ga rolelwa banana marapo mme ba nne le seabe mo tsamaisong ya ditiro tsa motse go ithuta le go tsaya malebela. Kgosi Balo a re dipalo tsa banana ba ba tsentseng letsogo mo ditirong tsa motse di boutsana. O ne a bua ka ditiro ka go farologana jaaka go ipelela boipuso le meletlo e mengwe e e ka tlhokang boleng teng jwa banana a re ga go na maiteko ape. A re ntleng le go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse banana ga ba tsibogele mananeo a puso e a dirileng go boloka matshelo a bone. Kgosi o ne a re banana ba goga dinao ba lebetse gore ke bone ba tlaa tsogang e le bone letswai la itsholelo ya lefatshe la Botswana a re go na le gore banana ba supane ka menwana ba thusane mo diemong tsotlhe ka mowa wa bojammogo. Kgosi o ne a re le ntswa banana ba sa tsibogele mananeo, a re a puso e seka ya ipona tsapa e tsweledise ka go thusa Batswana ka kakaretso. A re puso e gorose ditlamelo e sere morago Batswana ba e supa ka monwana, e nne bone ba tlelwang ke boikotlhao. Fa a ema banana nokeng, Rre Gabriel Tshekiso, yo e leng modulasetilo wa komiti ya banana a re banana ba boitseme go tsaya karolo mo ditirong tsa motse. A re mo tekodisong le banana ba bangwe, o fitlhetse ba na le matswenyego. Rre Tshekiso o boletse gore banana ba bega matshwanyego a gore mabaka a go bo ba sa tsibogele ditirelo tsa motse ke gore dilelo tsa bone ga di reediwe ka nako, a re banana ba kopa tshalo morago ya mananeo a puso e a abelang Batswana gore ba kgone ba bone dikgakololo le tsela ya go ka somarela go itshetlela ga dikgwebo. Modulasetilo a re banana ba lela gape ka gore dikomponi tse di tsayang karolo mo ditlhabololong tsa motse ga di ba tswele mosola. O ne a re banana ba re ba tshosiwa ke gore le ka lone lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ba tlaa tswa ba iphotlhere. Rre Tshekiso a re dikomponi tse di tlang mo motseng di tla di thapile badiri ba tsone mme seo se beye banana ba Nkange ka fa mosing mme ke ka moo ba kgobegang marapo. Rre Jabe o ne a re ka dinako tse dingwe ditlamelo di goroga kwa go bone morago ga sebaka se se solofetsweng. O ne a re ditlamelo di tla morago ga nako ka jalo a go gwetlhe boeteledipele go netefatsa gore tse tsotlhe di wetse mo mannong a a maleba. Fa a gakolola banana ka ene o ne a re banana ba ikgaphe mo diritibatsing le borukutlhi ka seo se senya seriti sa bone banana le motse ka kakaretso. A re banana ba nne seopo sengwe. Bokhutlo
society
9
Kgari Sechele o a ipela
Moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome marataro sekole se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole se ntse se le teng o tlaa tshwarwa Lwetse a le lesome le bone. Go solofetswe gore moletlo o thuse go tsholetsa serodumo sa tirisanyo mmogo mo thutong. Mo potsolotsong le mogokgo wa sekole seo, Rre Lapologang Kolagano yo o kaileng fa ba beile kwa pele mowa wa tirisanyo mmogo le tshwaragano go thusa gho tokafatsa maduo a sekole. O supile fa ba dumela gore fa tshwaragano e le teng fa gare ga sekole, batsadi le ba-na-le seabe jaaka baithuti ba pele go ka rotloetsa baithuti go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo. Rre Kolagano o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa moletlo oo. A re mephato ya pele ya bana ba ba kileng ba tsena mo sekoleng seo e ne ya itlama go ntsha P10 000 mophato mongwe le mongwe. A re mo nakong eno ba setse ba kokoantse P80 000. A re methale e mengwe ya go kokoanya madi e ntse e tsweletse, jaaka moletlo wa dijo oo o tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano. O ne a supa fa bosheng ba ne ba le mo thulaganyong ya go sela matlakala mo dikgotlaneng tse di dikologileng sekole tsa Borakalalo, Lekgwapheng le Goo-Ntloedibe ba rotloediwa ke kompone ya Sani Care ee ba abetseng kgomo ya moletlo. A re ba seromamowa sa Duma Fm ba itlamile go ba rotloetsa ka ipapatso ya madi a a fetang P32 000, mme a re batsadi le barutabana le badiri ba sekole le bone ba itlamile go ntsha lemmenyana. Rre Kolagano a re Kgari Sechele o sale a tlhomilwe ka 1958 mme o simologile go tsenelwa fa sekoleng se sebotlana sa Kealeboga. A re fa se sale se tlhamilwe se ntshitse baithuti ba ba nnileng le seabe mo tsamaisong ya lefatshe leno mo maemomg a a kwa godimo a puso. Rre Kolagano o kopile Bakwena le Batswana ka kakaretso go ba tshologa mokgosi go thusa ka megopolo le dikakanyo go dira moletlo wa selebego se se eletsegang. O ne a tswelela ka go rotloetsa Bakwena go tsenya letsogo mo go baakanyetseng moletlo a supa fa e le bone ba tshwanetseng go nna le letsogo le le bonalang gore thuto ya bana ba bone e tokafale. BOKHUTLO
education
4
Lenaneo la go aga sekole kwa Boro le tsweletse
Fa madi a ka nna teng, mogopolo wa go aga sekole sa mephato e mebedi kwa Boro le tlaa simolodisiwa go itsa baithuti go tsamaya sekgala sa dikhilomethara di le masome mabedi ka letsatsi ba latela sekole kwa Matlapaneng. Fa sekole se se ka agwa e tlaa bo e le phitlhelelo e kgolo ka jaana banni ba Boro ba sa bone boroko ka ntlha ya mosepele o moleele o baithuti ba o tsayang go latela thuto. Se se tshwenyang le go feta, banni ba supa e le bodiphatsa jwa lefelo leo ka go saila diphologolo tse di borai di tshwana le ditlou. Ka molelela phofu ya gagabo a sa swe lentswe, mo bokopanong bope fela jwa khansele, Mokhanselara Kenson Kgage ga a ke a ipona tsapa go bega ka selelo sa banni mabapi le tiego ya go agwa ga sekole. Rre Kgage o supile boitumelo fa a akgela mo pegong ya modulasetilo e e supileng fa selelo sa bone se tlaa arajwa fa madi a ka nna teng. Keletso ya ga Rre Kgage ke gore khansele e bone madi ka se se ka fefosa kago ya sekole. Go ya ka mokhanselara, karabo ya gore fa madi a ka bonwa go tlaa potlakelwa go aga sekole e tlaa nna kgothatso mo baithuting mme se se tokafatse maduo ka ba tlaa bo ba bona thuto segautshwane. Khansele e mo lenaneong la go dirisa dikago tse di bapileng le kgotla kwa Boro tse di akaretsang matlo a mabedi a LA2 le LA1 le ntlo lehalahala. Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Duncan Enga o tlhalositse fa dikago tseo di se mo seemong se di ka dirisiwang, ka jalo di tlhokana le go shafadiwa. O supile fa go sena matlo a boitiketso, ka jalo a tlhokana le go agwa le go gokelwa ga metsi le motlakase. Rre Enga a re tiro e e batla sedikadike sa dipula mme mo nakong eno madi ao a ise a nne teng. Ka jalo, a re ga ba a ithela moriti o tsididi ka ba dira ka gotlhe go tla ka maano a go batla madi a tiro e. Fa a ama tsa kwa Sexaxa, a re kago ya sekole seo, se le sone e leng sa mephato e mebedi, e setse e fela. Sekole se, sone se agilwe ke khamphani ya And Beyond mme tsholofelo e ne e le gore se tlaa tsena mo tirisong ngwaga ono o rogwa. Modulasetilo a re sekole ga se mo seemong se se ka dirisiwang ka go na le dingwe tsa botlhokwa tse di saletseng morago di tshwana le dibolakaboroto, mabeelo a dibuka, lobati lwa dikitsiso fa metsi a ise a gokelwe kwa matlwaneng a boitiketso le ntlo ya boapeelo e ise e gokelelwe metsi. Tsa kgopho ya metsi a a leswe le tsone ga di ise di dirwe. Tse tsotlhe, go ya ka Rre Enga di saletse morago ka lebaka la tlhaelo ya madi. Mokwaledi wa khansele a re ba berekela mo nakong gore ba And Beyond ba ba rolele sekole gore khansele e tsee marapo a go se feleletsa. Tiro e e saletseng morago e ka lopa dikete di le makgolo a mabedi le masome a matlhano a dipula mme, ‘re dira tsotse gore re tsee madi mo go a re a filweng fa go kgaoganngwa madi a setshaba e bile ke na le tsholofelo ya gore fa setlha sa bobedi se simologa sekole se tlaa bo se le mo tirisong ka jaana tiro e e setseng e se ya sepe’. A re sekole se se botlana sa kwa Khwai se ka tswa se nnile le madiadia a gore ga go na didirisiwa tsa botlhokwa ka se ne se se mo lenaneong la kgaoganyo ya madi. Sekole se sone se ne se rotloediewa ke ba Okavango Air Rescue mme kago e tsweletse. A re dingwe tsaa dikago tse di agwang di akaretsa ofisi, ntlo ya dikhomputara, matlwana a boitiketso, ntlo ya boapeelo le ya bojelo le matlo a borutelo a supa. Rre Enga a re khansele e tlaa aga matlo a bodiredi a roba bobedi a LA2.
education
4
Tlhaelo ya ditsompelo e diga maduo a thuto
Makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe ba re kgaolo ya bone e na le kgwetlho e tona ya kwelo tlase ya maduo a thuto mo dikolong bogolong jang thata tse di potlana. Ba buile se, fa ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo ya bone, Rre Mpho Kooreme fa a bula khansele eo mo bekeng eno. Ba kaile fa letlhoko la didirisiwa le matlo a bonno jwa barutabana bogolo jang ba dikole tse di kwa dikgaolong tse di mo tikologong ya Serowe di baka gore maduo a bana a seka a nametsa. Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Serokolwane Rre Setlalekgosi Molefhi, o tlhalositse fa go tswala ga sekolo se se botlana sa Riverside mo Serowe go na le seabe mo thutong ka bana ba tshwanelwa ke go latela thuto kgakala. Rre Molefhi a re se, se baka gore ka paka ya dipula bana bangwe ba seka ba ya sekolong ka go na le molapo. O boletse gape fa kgaolo ya gagwe e tletse matlotla a mantsi, a e bileng mangwe a one e leng dikago tsa puso, ka jalo o kopile khansele le ba ofisi ya ga molaodi go tsibogela se, ka jaana matlotla a a baka borukutlhi jo bo kwa godimo ka gore dilalome di iphitlha teng. Rre Molefhi a re e sale ka a tsena mo kgaolong ya gagwe ka ngwaga wa 2009 ga go ise go nne le ditlhabololo dipe ka gore go nna go twe ga go na madi mme dilo tse dingwe di tshwanetse go sekasekwa go seka ga bewa fela mo go reng ga go na madi. Rre Entletse Boitshwarelo wa Mmashoro ene o ne a gatelela kgang ya thuto a re ene o tshwenngwa ke gore go na le bo mmamanthwane ko dikolong le kwa matlong a bonno a barutabana. Rre Boitshwarelo a re kgang e e a tshwenya ka gatwe ba seka ba bolaiwa, ntswa monko wa bone (bommamanthwane) ba kgoreletsa thuto ya bana. E ntse e le ka thuto, o ne a tlhalosa fa maduo a bana a le kwa tlase ka go bo barutabana ba lebagana le bana ba ka nna masome a mane, selo se a reng se imela morutabana. A re puso e ka bo e laola seemo se mme morutabana a itebaganya le bana ba le masome a mabedi le botlhano fela. Mo go tse dingwe Rre Boitshwarelo o ne a tswelela a bua ka go tlhoka tirisanyo mmogo ga komiti ya ditlhabololo tsa motse le bone. A re dikomiti tse, di tshwanetse tsa bereka mmogo le bone ka botlhe e le boeteledipele ja metse ya bone mme e bile ba batla ditlhabololo mo metseng. O ne a kopa khansele potlana ya Serowe gape go sekaseka seemo sa gore motse wa Mmashoro o a gola ka jalo o tlhokana le bo mmaboipelego ba ka nna babedi. A re fa ba ka nna babedi gongwe ba ka thusana tiro e bile ba kgona go anamisa mananeo a nyeletso lehuma sentle. Mokhanselara wa Patikwane Mme Atsenye Kabelo ene e rile a tswa la gagwe, a re letlhoko la ditsela ke kgwetlho e tona kwa kgaolong ya gagwe. Mme Kabelo a re motse wa Paje o kgaogane ka jalo batho ba sokola go tsamaela ntlheng e nngwe ya motse ka go sena ditsela e le mebila fela e e reng ka nako ya dipula e bo e sa tsamaege. O ne a tlatsa ka gore go kilwe ga tshelwa seloko mo ditseleng gotwe di a tokafatswa mme seo se ne sa seka sa dira phetogo epe,a re o ne a kopa gape gore a go ka se tshelwe tsela motlhaba. Mme Kabelo o kopile gore mananeo a tshwana le la ipelegeng ga a dirisiwe sentle, ka ke one a ka bong a thusa go dira ditsela le tse dingwe e seng go tlhola a kgetletse bojang ruri jaaka a bona ba kgaolo ya gagwe ba dira.
education
4
Monana o ikgapetse botshelo
Motshwarelela Mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo a re batho ba tshwanetse ba kopa bogakolodi mo go ba ba lebaneng fa ba na le mathata, go na le go ikgapela botshelo. Asst Supt Tebogo o ne a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga gore lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bosupa la Masunga kwa kgotleng yoo Moloi, le fitlhetsweng le akgega mo dikagong tsa madirelo a gagwe kgwedi eno e le lesome le bone ka nako ya bone maitseboa. A re moswi o ne a nna le tlhoka kutlwisano le mokapelo wa gagwe, mme ya re fa mokapelo a siela kwa mapodising go kopa thuso, ene a bo a itotlelela mo madirelong a dira tiro e e masisi eo. O boletse fa moswi a sa tlogela molaetsa ope, a re fela ditlhotlhomiso tsa bone di tsweletse mme o supa gore tiragalo eo ke ya bobedi go diragala mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone e sale ngwaga ono o simologa. Mo go tse dingwe, mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone go neng ga utswiwa koloi ya mme mongwe ya Honda Fit kwa Masunga mo bosigong jwa kgwedi eno e le lesome le borataro. Asst Supt Tebogo a re ba ne ba begelwa ka tiragalo eo mo mosong morago ga gore mong wa koloi a fitlhele naga e le tshetlha, fa a tsoga mo mosong. A re e ne ya re mapodisi a latedisa motlhala wa yone, ga supagala e lebile ntlheng ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ka jalo a re ba na le dipelaelo tsa gore e ka tswa e tlodiseditswe kwa Zimbabwe. Asst Supt Tebogo o ne a ikuela mo go beng ba dikoloi go leka bojotlhe go di tsenya didirisiwa tse di ka ba tlhagisang fa go diragala tiragalo nngwe kgotsa tsa tshosa magodu. O ne a bo a kopa batho go nna ba begela mapodisi ka metsamao ya ba ba ba belaelang mo tikologong ya bone, a tlhalosa fa mofuta wa tiragalo e, e le wa bobedi go diragala mo ngwageng ono, mo kgaolong ya bone ya sepodisi mme ditlhotlhomiso tsone di santse di tsweletse mabapi le ditiragalo tseo. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Mokhanselara wa pele wa Lotlhakane o fitlhwa ka Matlhatso
Mokhanselara wa pele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC), wa kgaolwana ya Lotlhakane East Rre Donald Habana o tlaa bolokwa kwa Lotlhakane East ka moso. Rre Habana o tlhokafetse kgwedi eno ele lesome le bofera bongwe a sena go lwala ka bokhutshwane, mme o tlhokafala a le dingwaga di le masome a supa le motso. Se se rurifaditswe ke morwawe Rre Onalenna Habana mo potsolostsong. A re rraagwe o tsene mo sepolotiking ka ngwaga wa 2004, mme a emela ditlhopho tsa setshaba tsa bokhanselara mo kgaolwaneng ya Lotlhakane East ka boloko jwa phathi ya Botswana National Front, mme a di fenya. O ne a emela ditlhopho tsa setshaba gape ka ngwaga 2009, mme a tswelela a fenya, go fitlha a latlhegelwa mo ditlhophong tsa 2014. Onalenna a re Rre Habana o ne gape a bula kgwebo ya Opimax First Aid training, a rutuntsha batho ka tsa thuso ya potlako. A re o ne a dira tiro eo botswerere ka jaana e ne e re le fa a sa tsoga sentle a tswelele fela ka go dira tiro. A re pele ga Rre Habana a inaakanya le tsa sepolotiki, o berekile kwa lephateng la ga molaodi e le moranodi, a berekela kwa sekoleng se segolwane sa Itireleng kwa Lobatse ele morutabana, le kwa go se segolwane sa Setlalekgosi kwa Francistown e ntse ele morutabana. Rre Habana o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng sa Tonota, a tsweledisa tse dikgolwane kwa sekoleng sa Mater Spei, mme a tsweledisa tse dikgolwane tsa Form five ka go itsenya sekole sa di tlhaeletsanyo. Moswi o tlogela mosadi le bana ba le bane, borre ba babedi le bomme ba babedi le batsalwa nae ba le bane.
politics
7
Go tlhaba go tlhoka teseletso
Barui ba meraka e e mo tikologong ya Mmatshumu ba gakolotswe go emisa go tlhaba le go rekisa nama ya leruo le le sa fiwang teseletso. Kgalemo e ntshitswe ke Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumu mo potsolotsong bosheng a supa fa leruo le le bolawang mong wa lone a sa fiwa teseletso le gone le tlhabelwa mo mafelong a a sa rebolwang ka fa molaong go kgoreletsa maiteko a go lwantsha bogodu jwa loruo. Kgosi Phetsogang o supile gore jaaka moeteledipele gape tiro ya gagwe e le go rarabolola dikgang tse di akaretsang tse di amang leruo, o bona go le botlhokwa go tsibosa morafe ka seemo se a bonang se golela pele e bile se tsamaela go humanegisa barui. O supile gore dipalo tsa dikgomo tse di tlhabelwang kwa merakeng le mo nageng le gone di sa tlhatlhojwa go tlhomamisa gore di siametse go jewa di a oketsega, ka jalo go tsisa dipelaelo tsa gore bangwe ba setse ba itseela le tse e seng tsa bone. Kgosi Phetsogang o gakolotse morafe wa Mmatshumu go emisa go reka nama e e rekisiwang mo mekgwatheng le gone ba sena bosupi jwa gore seruiwa se se tlhabilweng se kwadisitswe ka fa molaong. O tlhalositse gape gore go reka nama mo lefelong le le sa kwadisiwang ke molato, a tlatsa ka go re ope yoo ka bonang bangwe ba rekisa nama mo motseng a lome mapodise tsebe. O gateletse gape gore le fa gone ba tlhaelelwa ke didirisiwa jaaka dikoloi tse di ka ba thusang go fefoga go lwantsha seemo se, mapodise a tshwanetse a eme ka dinao a bula matlho go lwantsha borukutlhi jo. Kgosi Phetsogang a re bosheng mongwe wa barui o ne a tla go ikuela mo kgotleng dikgomo tsa gagwe tse pedi di gobaditswe ka sengwe se se bogale mme seo se tsisa dipelaelo tsa gore di falotse ka bobi jwa segokgo mo matsogong a magodu. A re dipelaelo ke gore ba ba tlhabang dikgomo ba se na diteseletso ba ka tswa ba bonye mmaraka wa nama o o nonneng mo mafelong mangwe gaufi le Mmatshumu. A re dikgang tsa bogodu jwa loruo di tsweletse ka go gola ka gore barui ba nna ba lela ka gore diruiwa di nyelela ka tsela e ba sa e tlwaelang. Kgosi Phetsogang a re go na le bangwe ba ba bonalang mo merakeng ba palama dipitse ba supa fa ba le mo motlhaleng wa loruo lwa bone lo lo timetseng mme bangwe ba bone ba belaesega e le magodu. Le fa go ntse jalo, Kgosi Phetsogang o gakolotse barui go itse loruo lwa bone ka matshwao le mebala e seng dipalo fela le gone go tiisa tlhokomelo ya lone ka gore bangwe ba lemoga morago ga lobaka fa loruo lo sa bonale bosupi bo setse bo timetse. Kgosi Phetsogang a re le fa go na le komiti e e itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa loruo, go lebega e sa dire tiro ya yone sentle ka e tlhaela bogakolodi le thotloetso ya mapodise a a tshwanetseng go bereka le yone. A re seemo se tlaa dira gore matshelo a banni ba Mmatshumu ba ba ikaegileng ka loruo a wele tlase, a supa gore beng ba loruo lo lo nyelelang ke ba ba thusitsweng ka mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, la banana le la LIMID go rua dihutshane gore ba kgone go itshetsa ba sa ikaega ka puso. E rile a tsibogela seemo se mookamedi wa mapodise a Letlhakane, Superintendent Robert Mack a supa fa ba bereka ba tshwaragane le setshaba go lwantsha bogodu jwa loruo. Supt Mack o supile gore mo kgaolong ya gagwe dikgang tsa bogodu jwa loruo di tshwenya thata mo Letlhakane, a tlatsa ka gore tlhaloso ya gagwe ga se go tshwaya phoso gore banni ba Mmatshumu ba tshwenngwa ke magodu. Rre Mack o kopile morafe go itsese mapodise ka nako gore dikgang tse di kgone go tlhotlhomisiwa go sale nako. E rile a itebaganya le komiti ya Anti Stock Theft e e tlhamilweng ka barui le mapodisi o ne a supa fa e le nngwe ya methale e e dirisiwang go lwantsha borukutlhi. O kopile morafe go dirisana le komiti go tlhotlhomisa motsamao ya batho e ba bonang e belaesega. A re kgang nngwe le nngwe e e begelwang mapodise e tlaa tlhotlhomisiwa ka tlhoafalo. Bokhutlo
society
9
Setshwarwa ke ntsa pedi...
Bagwebi ba phane kwa kgaolong ya Mmadinare ba re ba lemogile fa go le botlhokwa gore ba ikopanye. Ba sweditse jalo mo diphuthegong tse di neng di tshwerwe ke tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesukwa Mogapi le Maokatumo bosheng.Ba boletse fa go sa kopaneng ga bone go sa siama ka jaana mongwe le mongwe a ipeela tlhwatlhwa ya gagwe. Ba supa fa ba lemogile gore bareki ba ba ja ntsoma, ka jalo ba patelesega go diga ditlhwatlhwa, dipoelo di bo di wela tlase.Ba lemogile fa ba itlhabile ka thipa mpeng ka go sa tseye kgakololo ya kgosi gore ba rekisetse golo go le gongwe, ba dumalane ka ditlhwatlhwa. Bangwe ba bone ba boletse fa kgaolo ya Kgagodi e oka batho ba le bantsi ka phane e ntsi kwa mme ba ka godisa bojanala kwa motseng wa bone.A re batho ba tswa kgakala le kwa Afrika Borwa go tla go bapala le go reka phane, mme ba ka bona dipoelo tse dintsi fa ba ka tsena mo mhameng wa bojanala. Kgosi Ismael Ditsela wa Mogapi o ne a supa matshwenyego ka batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele ba ba bapalang phane a re ba tsisa mathata mo motseng oo ka go sa saleng melao ya go bapala phane morago. O file sekai sa gore bangwe ba bone ba kgotlela tikologo fa ba nna mo sekgweng go se na matlwana a boitiketso e bile ba tlhapela mo letamong le ba nosang mo go lone. Tona wa tsa papadi le madirelo, Mme Makgato-Malesu o ne a tlhalosa fa puso e ka seka ya baya tlhwatlhwa ya phane ka e le selo se se dirwang ke mebaraka. O tsweletse a re e re ntswa Motswana a na le thata ya go bapala phane kwa a eletsang teng, tsamaiso ke gore ba ipege mo bogoging jwa motse o ba bapalang phane mo go one.A re batho ba tshwanetse ba tlhokomela tikologo ka go e tlogela jaaka ba e fitlhetse. Rre Wazha Lucas wa lephata la dikgwa le tlhokomelo ya di-tsa-tlholego kwa Serowe o tlhalositse fa ba nnile le mathata a go fa batho diteseletso tsa go bapala phane ka ba ne ba sa itse fa ba tlaa nna bantsi. O gakolotse banni ba Mogapi go ipopa mme ba dire mokgatlho o o tshwanang le e e dirilweng ke merafe e e nnang gaufi le mafelo a bojanala gore ba tle ba bone dipoelo ka ba ka kgethisa mongwe le mongwe yo o bapalang phane mo thoteng ya bone.
economy_business_and_finance
3
Mogokgo wa Dutlwe o leboga batsadi
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dutlwe kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Felix Bogosi a re tshwaragano le tirisano mmogo ya batsadi le barutabana e tokafaditse maduo a baithuti fela thata. Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa bosheng, Rre Bogosi a re ba itumelela seabe le tlhotloetso e batsadi ba motse oo ba e supang tebang le dithuto tsa bana ba bone. Rre Bogosi a re e ne ya re ka ngwaga wa 2011, sekole seo se bo se sa dire sentle gotlhelele mme ba thulanya ditlhogo le batsadi go bona gore bothata e ka tswa e le eng. A re batsadi ba ne ba itlama go tshwaragana le barutabana go leka go tsholetsa maduo, ka le bone ba ne ba tshwenyegile fela thata. A re ba ne ba simolola go tshologela ka makatlanamane diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go amogana le barutabana dikgwetlho tse bana ba nang natso, fa bangwe ba ne ba kgona go etela sekole ntle le taletso go tla go lekola dithuto tsa bana. Rre Bogosi a re maduo a ne a tokafala ka ponyo ya leitlho mme e bile a supa fa ba solofetse maduo a a nametsang monongwaga. A re ka ngwaga wa 2011 bana ba lokwalo lwa bosupa ba ne ba fentse ka selekanyo sa 29 mo lekgolong, 2012 ya nna 33% mme maduo a ne a tsholetsega fela thata mo ngwageng o o fetileng fa ba pagamela kwa go 79 mo lekgolong. E ne ya re a tswa la gagwe, morutabana wa baithuti ba lokwalo lwa bosupa, Rre Tebogo Dikgopo o tlhalosa fa a itumedisitswe ke baithuti ba gagwe ka go bo ba ne ba tsena sekolo sentle ebile ba kgalemelesega, mme a supa fa seo se kgonagetse ka mabaka a gore batsadi ba ne ba rotloeletsa bana go ikanya tota. O tlhalositse fa ba kgonne go dira go le gontsi ka ntlha ya kemonokeng ya batsadi, mme a ba kgothatsa gore e seka ya re ka lengwe la malatsi ba kgojwa ke sengwe marapo ka gonne thuto ke yone bokamoso jwa bana ba bone. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Otsile Kgogwane le ene o ne a lebogela kemonokeng ya batsadi mme a supa fa komiti ya gagwe e ipelafatsa ka batsadi ka a re ba kgona go ithaopela go dira ditiro dingwe mo sekoleng ntle le dituelo. Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane, Rre Muniovandu Kandjou o ne a gakolola baithuti go tswelela ba itshwara ka maitsholo a a eletsegang fa ba goroga kwa dikoleng tse dikgolwane. O ne a ba gakolola gore ba seka ba ikamanya le dikgang tsa botlhokatsebe di tshwana le go tlhakanela dikobo ba sa le babotlana ka go ka baka gore ba ime mme ba senyegelwe ke sekole.
education
4
Banana ba itshetsa ka ditalente
Banana ba Mathangwane ba akgoletswe go bo ba tsweletse ka go supa boikarabelo ka matshelo a bone ka bontsi jwa bone bo sa nna fela ka mowa wa boitlhobogo, e bile bo sa inaakanya le dinotagi kgotsa ditiro tse di rotloetsang borukutlhi. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Itekeng Mathangwane o boletse gore le ntswa bontsi jwa banana bo lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, se se mo itumedisang ke gore kwa motseng wa gagwe banana ba dira maano a ba ka itshetsang ka one a a amogelesegang. Kgosi Mathangwane o supile fa banana ba ipopile ditlhopha go ya ka ditalente tsa bone tse di akaretsang tsa kgwele ya dinao, bolotloa, moopelo, poko le metshameko ka go farologana fa bangwe bone ba inaakantse le tsa kgwebo. O tlhalositse gore ka ditlhopha tse, banana ba supile mowa wa tshwaragano le go dira mmogo le gone go abelana megopolo. O tsweletse a supa fa go tle go nne le dikgaisano tsa ditlhopha tse, e bile gape di tle di fiwe sebaka sa go diragatsa fa go na le ditiro di tshwana le manyalo, kabo dietsele kwa dikoleng kgotsa mo diphuthegong tsa kgotla mme ere morago ba lebogwe ka sengwenyana. Go sale foo, Kgosi Mathangwane o kopile setshaba go rotloetsa banana gore ba supe ditalente tsa bone, a supa fa go dira jalo ele tsela nngwe e e ka thusang banana go ikgapha mo ditirong tse di sa amogelesegeng. O bile a gwetlha banana go tswelela ba batla methale e ba ka itshetsang ka yone le gone go itirela bokamoso jo bo kgatlhisang. A re ere ka jaana e le bone baeteledipele ba kamoso, go botlhokwa gore ba nne le tebelopele le boikarabelo, a tlatsa ka gore go tlhoka go atlega mo go tswelediseng dithuto kgotsa go bona ditiro tse di rileng, ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi mo go fitlheleleng ditoro tsa bone. Kgosi Mathangwane o galaleditse banana ba motse oo ba ba ileng dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro le bangwe ba ba mo ditirong kwa mafelong a a farologaneng, a tlhalosa fa se se botlhokwa ele go dira ka natla go tsholetsa serodumo sa motse wa bone. BOKHUTLO
society
9
Korobela e apesitse Bokspits kobo ka letshoba
Barui ba dikoko ba Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, ba lela sa khuranyo ya meno morago ga gore ba latlhegelwe ke dikoko tsa bone ntateng ya bolwetse jwa korobela. Rre Hendricks Rautenbach, mongwe wa bagwebi, a re e ne e le mahutsana fela go bona a tshwanelwa ke go katela makgolokgolo a dikoko tsa gagwe. A re se ke tiragalo e e iseng e mo diragalele mo kgwebong e. “Ke ne ke na le dikoko di ka feta makgolo a mararo mme tsa a swa tsotlhe. Ke lekile ka ditsela tsotlhe go di sireletsa ga pala,” a tlhalosa. O boletse gore e rile tsa ntlha di simolola go supa dikai tsa bolwetse ba leka go di tlhaola mo go tse dingwe mme se se ne sa seka sa thusa sepe ka e rile kwa pheletsong dikoko tsotlhe tsa a swa. Rre Rautenbach o boletse fa se e nnile poelo morago fela thata ka go sena sepe se se mo saletseng. O ne a tswelela a tlhalosa gore o ne a rekisa dikoko tse go itshetsa e bile a ne a na le mogopolo wa go di oketsa ka lengwe la mananeo a puso. Mme Sophia Steenkamp o boletse fa go latlhegelwa ke dikoko tsa bone e le poelo morago e kgolo fela thata. “Ke ne ke rekisa mae a tsone le gone go rekisetsa ba ba batlang go tlhaba ka jalo tatlhegelo e ke poelo morago ka ke setse ke iphotlhere.” O ne a tswelela ka go tlhalosa gore se se botlhoko thata ka kgang e ke gore ga ba kgone go bona thuso. A re ba lekile go ikopanya le ba ofisi ya temo-thuo go kopa dikgakololo ka se ba ka se dirang mme ba fitlhela matlotla. Mme Steenkamp o ne a tlhalosa gore dikoko di simolola ka go nna le botala mo tlhogong mme e re go tswa foo di bo di korobela go fitlhela di swa. A re o setse a latlhegetswe ke palo e e fetileng masome mabedi. A re ba lekile go thulanya ditlhogo ka kalafi e ba ka e dirisang mme ga seka ga thusa sepe. O ne a tlhalosa gore ko LAC le gone ga ba kgone go reka sepe ka go nna go tswetswe. Mme Steenkamp a re go tswalwa kgapetsa kgapetsa ga LAC ke nngwe ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le barui mo kgaolong.
health
6
Lenaneo la go abela dikgaolo madi ke la nakwana - Molefe
Banni ba Mahalapye Bophirima ba tlhaloseditswe mo diphuthegong tsa kgotla gore lenaneo la go abela dikgaolo tsa botlhophi P10m ke la nakwana mme le tlaa wela morago ga dingwaga tse tharo. Tlhaloso e, e dirilwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe mo diphuthegong tsa kgotla tse di tsweletseng mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi. A re P10m o tlaa dirisiwa go kaba diphatlha tse di tlogetsweng ke mananeo a mangwe a ditlhabololo. O supile gape gore lenaneo le, ga le a tla go emisetsa mananeo a mangwe a go dira ditlhabololo. Rre Molefe a re ditiro tsa ditlhabololo tse di akanyeditsweng go dirwa ka lenaneo la ditlhabololo la setshaba (National Development Plan) le la dikgaolo (District Development Plan) di tlaa dirwa jaaka di rulagantswe. Rre Molefe a re mo Mahalapye Bophirima, P10m o tlaa dirisediwa ditiro tsa ditlhabololo di le lesome le bosupa di akaretsa magareng ga tse dingwe go agwa ga maobo a dikgotlana tse tharo mo Mahalapye e leng tsa Parwe, Mahalapye West le Dilaene 2, go tsenya moalo wa ditena mo ditseleng tse di ralalang motse di le thataro le go tsenya dipone tse di dirisang marang a letsatsi. Le fa go ne di ise di simolole, Rre Molefe a re maikaelelo ke gore di wele pele ga ngwaga wa madi o wela. Mo go tse dingwe tsa mananeo a ditlhabololo, Mopalamente Molefe o supile gore mafaratlhatlha a go tokafatsa le go atolosa phatlalatso ya metsi mo Mahalapye a wetse, e bile konteraka e setse e roletse ba koporase ya metsi se ba se dirileng. Mopalamente a re tiro eo e ne e akaretsa go tsenya diphaephe tse disha, go oketsa tanka ya metsi gore Mahalapye a nne le metsi a a lekaneng go tsena ka ngwaga wa 2035. O supile gape gore tiro eo e tlaa thusa go fokotsa metsi a a ntseng a senyega ka mabaka a diphaephe tse di dutlang. O supile gape gore nngwe ya ditiro tse di weditsweng ke go shafadiwa ga diofisi tsa mapodisi tse dikgologolo mo Mahalapye. Rre Molefe a re tiro eo e tla thusa gore dipalo tsa mapodisi di oketsege gore ba tle ba leke go lwantsha dikgang tsa borukuthi tse di tshwenyang mo Mahalapye. Mopalamente Molefe o tlhaloseditse banni ba Mahalapye gore kago ya maemelo a dibese e solofetswe go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 le mafaratlhatlha a diphaephe le mesele e e laolang metsi a pula go itsa merwalela mo malwapeng. Banni ba ne ba lekodisa Mopalamente gore ba tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi jwa leruo le gore mo nakong eno Mahalapye o na le mafelo a a letlelelwang go tlhaba dikgomo a le mantsi, ka jalo ba na le pelaelo ya gore seemo seo se ka nna le seabe mo go gakatseng bogodu jwa leruo. Ba supile botlhokwa jwa gore go agwe matlhabelo a a tlaa laolwang ke khansele. E rile a tsibogela kgang e, Rre Molefe a dumalana le bone mme a re kgakololo e e ntshitsweng ke gore khansele e eletsa go tshwaraganela tiro ya go tsamaisa matlhabelo le bagwebi ba ba ikemetseng. A re mo nakong eno go na le mafelo a beng a a tlhatlhobilweng, e bile a filwe tetla ya go tlhaba dikgomo di le lesome le boroba bongwe mo Mahalapye. A re kgang kgolo ke gore bogodu jwa leruo bo a tshwenya, ka jalo maikaelelo a go dira matlhabelo ke go leka go laola seemo se. Rre Molefe o ne gape a itsese morafe gore le fa terena ya setshaba e buseditswe mo tseleng, maemelo a terena mo Mahalapye ke mangwe a a seng mo tirisong. O tlhalositse gore tsholofelo ke gore maemelo a terena mo Mahalapye a baakanngwe mo ngwageng wa madi o o tlang. Mopalamente Molefe o supile gape gore ditiro tsa go tokafatsa dikago tsa dikole jaaka sa Fredrick Maherero le go atolosa kokelwana ya Madiba, di tlaa dirwa ka madi a a ntshitsweng ka lenaneo la go rudisa itsholelo. A re go shafadiwa ga dikago tsa sekole se sebotlana sa Mowana go ne ga emisiwa ke mathata a yo a neng a abetswe go dira tiro eo, ka jalo go tlaa batlwa konteraka e nngwe go tsweledisa tiro. BOKHUTLO
politics
7
Dikgomo tsa Werda di motwa ke lenyora
Barui ba motse wa Werda ba bone go se gontle morago ga gore motse wa bone o welwe ke seru sa letlhoko la metsi, selo sese dirileng gore ba latlhegelwe ke leruo la bone. Barui ba baikopanyi ba sediba sa Mathumpunyana bare se seba diragaletseng gaba ise base bone fa e sale ba simolola go dirisa sediba seo. Ene yare fa BOPA e tsena kwa Sedibeng seo ba kgatlhantshiwa ke dikgomo tsedi suleng mme barui ba supa fa ba setse ba latlhegetswe ke dikgomo di feta lesome le boraro. Ba supile fa sediba seo base filwe ke puso mme ba ntse ba dirisa enjene mme fa e sale ba simolola go dirisa motlakase wa marang a letsatsi bosheng ba itemogetse letlhoko la metsi a leruo. Mongwe wa barui bao Rre Ivan Mc Kenzie o supile gore ere le ntswa ba ntse ban a le mathata a letlhoko la metsi, maranyane a masha aba apesitse kobo ka letshoba. Are a kabo a siame jaanong mathata ke gore pompo eba e dirisang ga e pompe metsi a mantsi ebile ha letsatsi le seo maranyane ao gaa kgone go pompa metsi. O supile faba latlhegetswe ke dikgomo tse dintsi mme sebe sa phiri ele gore gaba itse dipalo ka gore dikgomo tse dingwe di swela mo sekgweng. Rre Phenyoyaone Ross are fae sale maranyane a letsatsi a tsenngwa ba itemogetse gore gona le dikgomo tse dintsi tsedi nwang mo Sedibeng sa bone. O boletse fa ba na le letshogo la gore baka nna ba latlhegelwa ke dikgomo tse dintsi fa seemo seo seka seke se tsibogelwe ka bonako. Fa atswa la gagwe mookamedi wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi Rre Nkaigwa Joel o boletse faa itse mathata a barui baba nosang mo seding seo mme a tlhalosa gore rakonteraka yoo neng a tsenya maranyane ao o supile faa tla netefatsa gore seemo se boela mo maemong ka nako e esa hediseng pelo. Are go Maswabi gore barui abo ba iphitlhela leruo la bone le sule ka jaana puso ene ere e leka go batswa thuso gore ba nose leruo la bone ntle le ditshenyegelo dipe. Kgosi wa motse oo Kgosi Keleofile Phihadu le ene o ne a dumalana le barui gore seru seo kesa ntlha base bona fae sale ba simolola go dirisa sediba seo. O supile fa aka itumela fa rakonteraka aka netefatsa fa barui ba motse wa gagwe ba bona metsi jaaka ba ntse baa bona a tlatsa ka gore gaa batle go bona morafe wa motse wa gagwe o sotlega ka jaana kgomo ele yone botshelo jwa Motswana.
society
9
Badiri ba Matsaakgang ba aba ntlwana
Bodiredi jwa sekole se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye bo abetse ba lelwapa la ga Mme Dimakatso Maruping ntlwana ya boitiketso. Fa a bua ka letsatsi la kabo ya ntlwana, mogokgo Rre Seetletso Moroka o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go fetola botshelo jwa boora Maruping le go ba fa seriti ka go ba agela ntlwana ya boitiketso. O tlhalositse fa babereki ba sekoloe se ba ne ba kopanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go kokoanya madi, go ka dira tiro e. Rre Moroka o kaile fa ba tlhotlheleditswe ke mowa wa bopelotlhomogi le lerato mo setshabeng go ka dira tiro e. O kaile fa ba na le motlhala o o nonofileng wa go aba mme maikaelelo a bone ke go tswelela ba tsenya letsogo go supa bopelotlhomogi. A re o lebogela tirisanyo mmogo e mo gareng ga bodiredi jwa sekole sa gagwe, lerato le seabe sa bone mo tirong e, a ba kopa go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Fa a tswa la gagwe, morutabana wa bokaedi le bogakolodi, Mme Naomi Sebitla o tlhalositse fa sekolo sa Matsaakgang se na le dingwaga di le mmalwa se inaakantse le go fetola matshelo a batho mo sechabeng ka go aba. O tlhalositse fa ba ikamantse thata le ba komiti ya ditlhabolo ya Dilolwe ga mmogo le ba ofisi ya boipelego, ka go ba thusa le go ba lemotsha ka batho b aba amiweng ke letlhokon mo sechabeng. A re ba ne ba lemoga matlhoki a le mmalwanyana jaaka la pompo ya metsi mme bone ba ne ba ithaopela go itebaganya le letlhoko la ntlwana ya boitiketso. O kaile fa kago ya ntlwana e e tsamaile ka thelelo ntle le makgwere ape ka ba ne ba thusiwa ke ba kereke ya The Church of Jesus Christ ka go tsenya diatla. A re o akgola bodiredi jwa sekole go bo ba file boora Maruping seriti, a tlhalosa fa ba ikaelela go tswelela ba fetola matshelo a batho ba ba mo tikologong ya bone. BOKHUTLO
society
9
Go itlhatlhoba mmogo go molemo
Moeteledipele wa Tebelopele Voluntary Counselling and Testing Centre, Rre Leach Lebakeng o galaleditse baratani ba ba neng ba phuthaganetse kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa tsa baratani go bo ba kgonne go itlhatlhoba mmogo. O tlhalositse gore batho ba ba itlhatlhobang e le bakapelo ba boutsana. Rre Lebakeng o kaile fa dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang HIV e se tse di nametsang mo Tsabong, a re ke sone se ba boneng go le botlhokwa gore ba rotloetse bakapelo go itlhatlhoba mmogo. O ne a tlhalosa gore ba ofisi ya Tebelopele le ya ga molaodi ba itlamile go tswa ka ditselana tse di ka thusang go tsibosa bakapelo ka mosola wa go itlhatlhoba mmogo, ke ka moo ba neng ba rulaganya selalelo. Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo Rre Patrick Issac o ne a ntsha mafoko a kgothatso ka go kopa baratani go tsaya malwapa a bone ka tlhoafalo ka go tlhomamisa fa go buisana e le seikokotlelo sa bone mo leratong le go amogela seemo sa bakapelo ba bone. Rre Issac o supile fa go itlhatlhoba mmogo go supa fa go na le lerato mo barataning gape ba na le maikemisetso a magolo mo botshelong. O ne a rotloetsa baratani gore ba tsee kgato e e lebanyeng e bile e le kgolo thata mo matshelong a baratani ya go nyalana ka go supa tlhwoafalo mo bathong mme gape ba eteleditse Modimo kwa pele mo malapeng a bone. Molaodi o ne a gakolola baratani gore ba itse gore go buisana ke selo se se botlhokwa mo leratong. Mme Tebogo Sethoka o ne a supa fa go ratana e le selo se batho ba se itlhophelang, ka jalo ba sa tshwanela go nna le dikgotlhang tse di se nang boleng. O kopile baratani, bogolo jang banana go itshoka ka e le selo se se botlhokwa thata fa ba batla go ya kgakala mo leratong, bogolo jang fa maduo a tebelopele a farologana. Mme Sethoka o rotloeditse banyalani go tlotla malwapa a bone ka gore maitsholo a mantle a tsala dilo tse dintle mo botshelong. O tlhalositse gore ba tshwanetse go baya tshepho mo Modimong ka jaana e le ene motlhodi wa sengwe le sengwe mme ba emane nokeng ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore maduo a ntse jang. Baratani ba ba itlhatlhobetseng mogare mmogo ba le masome mane ba ne ba abelwa dimpho. BOKHUTLO
health
6
Segotsi o bolotsa letsema
E ne ya re bosheng kgotla kgolo ya motse wa Mahalapye ya bo e tletse, mo e neng e penologa jaaka morafe o ne o tshologile pitso ya kgosi ya go tla go bolotsa letsema. Kgosi Duncan Segotsi a re ke ngwao ya Sengwato gore e re kgwedi ya Lwetse e simolola kgosi a bitse morafe go ba rebola go letela dipula le temo kwa masimo le go ba lemotsha fa nako ya go ipaakanyetsa temo e gorogile. A re ka go twe ‘mosele wa pula o epiwa go sale gale’, ba tshwanelwa ke go re ba tswe mo magaeng a bone mme ba ye kwa masimong, ba fete ba rulele matlo, a a weleng ba a tsose, ba agelele masimo gore ba seka ba tla ba dika ba tshwentswe ke leruo; babo ba epe le disana le makabu go phepafatsa masimo a bone gore ba nne ba le malalaalaotswe jaaka ba tlaabo ba letile dipula. Kgosi Segotsi a re bone e le ba bogosi fa paka e e fitlhile ba tswalela ditsheko tse dingwe ba sale fela ka tsa borukutlhi, a tlhalosa fa tse dingwe ba di bulela fela jaaka go tla abo go ribegwa megoma. O kaile fa a itumeletse thata tshologelo e letsema la monongwaga le e boneng, a re go pharologano fela thata le mo dingwageng tse di fetileng. A re go a itumedisa thata go bona baruti ba diphuthego ka go farologana ba tsene tirelo e le go tla go baya morafe fa pele ga ga Ramasedi le go rapelela pula. Kgosi Segotsi a re mo go tlhapisang pelo le go feta ke go bo mo ngwageng o, batho ba ne ba tla ba sa iphotlhara go supa fa ruri ngwaga o ene ele o o mo namagadi. Batsenelela tirelo e ba ne ba tla ba tshotse ka ditlatlana dipeo ka mefuta di akaretsa letlhodi, dinawa, mmidi, ditloo, maphutshe, mabele le tse dingwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa tshologelo e gape ele sone sekao sa gore morafe wa Mahalapye o sa ntse o tshegeditse ngwao. Rre Segotsi a re dipeo tse ba di lerileng ke tsone tshupo ya gore kwa masimong go diriwa eng ka peo e le yone go lengwang ka yone. O kaile fa kapari ya setso ya mateisi e supa ngwao, ka gore go ya kafa ngwaong bomme ba tshwanelwa ke go tla ba apere mesese, ba rwele ditukwi e bile ba beile ditjale fa ba tsena mo kgotleng. O kgothaditse banana go iketsha kwa morago ka ditiro tsa motlhale o di sa ame botsadi bo le nosi, a tlatsa ka go tlhalosa fa di ata ka marole, ka jalo banana ele bone bogogi jwa kamoso mme e bile ba sa tshwanelwa ke go latlhegelwa ke ngwao. Go bolotswa ga letsema gone go akaretsa thapelo ya pula e e faphegileng. Bomme le borre ba ne ba supa fa ba itumeletse thebolo ya kgosi go ya go ipaakanyetsa temo ka megolokwane le melodi mme ba bolola go gopola kwa masimong. Bokhutlo
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ba kopa go katolosediwa kokelwana
Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane o kopile gore motse o katolosediwe kokelwana. O dirile kopo eo kwa bokopanong jwa botsogo, jo maikaelelo magolo a jone e neng e le go tlhalosetsa ba-na-seabe ka diphetogo tse di kwa kokelwaneng ya Takatokwane. Kgosi Tsiane o tlhalositse fa ba kile ba solofediwa gore kokelwana eo e tlaa okediwa, mme jaanong go se nko e tswang lemina. O kopile gape gore fa kokelwana e okediwa, go agwe le matlo a baoki. Mogolwane wa kokelwana eo, Mme Alice Motshegwa, o ne a tlhalosa fa e rile ngwaga ono o simologa ba rutintshiwa ka go dirisa ditlamelo tse di kabakantsweng, mme morago ba di isa kwa baeteledi peleng ba motse. O tlhalositse fa ba ne ba golaganya dikomiti tsa motse ka go farologana, dingaka tsa setso, baruti le mapodisi, go ba tlhalosetsa ka tsamaiso e ntsha le diphetogo tse di tlaa bonwang kwa kokelwaneng eo. O boletse fa ba a fa ditirelo tse di feletseng jaaka tshidilo maikutlo, go itlhatlhoba le go fa melemo mo lefelong le le lengwe, a tlhalosa fa go ne go le bokete fa ba simolola mme ba ne ba tlhofofalediwa dilo ke go tshwaragana le ba BONELA, BOCAIP le ACHAP. Mme Motshegwa o tlhalositse fa gape ba isa ditlamelo kwa mafelong a tshwana le Tsetseng le Khekhenye le kwa bathong ba ba nnang kwa diromamowa di sa tshwareng teng jaaka Maseru le meraka e e dikologileng Takatokwane. Mokwaledi mogolo wa lephata la botsogo Mme Ruth Maphorisa, o ne a supa fa e se gantsi badiri ba lephata la botsogo ba buiwa bontle, mme mme a itumelela gore baeteledipele ba ba bua bontle, a re se se supa gore e le ruri ba dira sengwe se se pharologanyo. Mme Maphorisa o supile gore motho ga a a tshwanela go kanokwa pele ga a fiwa thuso, mme o tshwanetse go thusiwa go lebilwe letlhoko la gagwe ka nako eo. O akgoletse badiri ba kokelwana ya Takatokwane tiro e ntle e ba e dirang, a bo a ba kopa gore mo legatong le le tlang, ba sekaseke gore bana ba ba iseng ba wetse dingwaga tse tlhano, mme ba tsena sekole, ba latelwe kwa dikoleng go ya go kalelwa teng. O ba kopile gore fa ba kgaoganya ditiro, ba lebelele gore balwetse ba tla jang kwa kokelong, a supa fa Batswana ba dumela thata mo go direng dilo mo mosong. Fa a itebaganya le ya ga kgosi, o ne a supa fa katoloso ya kokelwana e santse e le teng, a supa fa lephata le ne le akantse go aga dikokelwana di le lesome le botlhano ka ngwaga, mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi, ba kgona go aga di supa fela. O tlhalositse fa ba emetse kgaoganyo ya madi a ngwaga e e tlang go bona gore a a tlaa ba letlelela go e dira ka lenaneo la ESP. ENDS
health
6
Lephata le tlaa fefosa dituelo tsa ISPAAD
Mokwaledi wa lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Jimmy Opelo, a re seemo sa dituelo tsa lenaneo la ISPAAD se tlaa tokafala. Fa a rolela komiti ya palamente ya madi a setshaba (PAC) pego bosheng, Rre Opelo o tlhalositse fa lephata la gagwe le diegile go duela balemi bangwe, selo se a reng se bakilwe ke dituelo tse di neng di dirwa fela kwa ofising kgolo ya lephata. A re go tokafatsa le go fefosa dituelo, dikgaolo jaanong di na le matlole a madi go duela balemi kwa mafelong a bone. Rre Opelo a re ba lemogile seemo sa tiego mo dikgaolong dingwe, mme ba tlaa ema ka dinao go fefosa dituelo tse di neng di saletse kwa morago. O ne a tlatsa ka gore dikgaolo tse di feletsweng ke madi di ne tsa thusiwa gape ka madi a tlaleletso Mo go tse dingwe, Rre Opelo o tlhalositse fa lenaneo la ISPAAD le tumile thata mo go bomme fa go tshwantshanngwa le borre. A re nngwe ya tse di amang seo e ka nna gore borre ba bantsi thata kwa oditirong tsa diofisi. O ne gape a re bontsi jwa bomme mo mananeong a temo thuo bo lemogiwa le mo mafatsheng mangwe a bapileng le Botswana. Mo go tse dingwe, Rre Opelo o tlhalositse fa go le botlhokwa go tsosolosa matlhabelo a BMC. O ne a tlatsa gape ka gore lephata la gagwe le tshwenngwa ke kwelo tlase ya thekiso ya dikgomo, mme a dumela gore lengwe la mabaka aa dirang gore balemi ba rekise ka dipalo tse di kwa tlase ke dituelo tse a tlhalositseng fa baruakgomo ba di ngongoregela. Maloko a kimiti e, a ne a kopile tlhaloso ka dituelo tsa ISPAAD le go tsosolosa itsholelo ya BMC. Leloko la komiti e bile e le mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile o ne a lemotsha lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo gore go nnile le tiego ya dituelo tsa ISPAAD segolo bogolo mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane. Mopalamente wa Mochudi East, Rre Mabuse Pule, ene a re go lemosegile fa bomme ba le bantsi mo lenaneong la ISPAAD, mme a botsa lephata gore le dira eng go akaretsa le borre. Mopalamente wa Ghanzi North, Rre John Thiite, o ne a supa fa dipalo tsa thekiso ya dikgomo kwa BMC e wetse tlase, mme a botsa gore lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo le dira eng go baakanya seemo segolo bogolo lea itebagantse le dituelo tsa baruakgomo. Rre Thiite o ne gape a kopa lephata go tlhalosa botlhokwa jwa go tsosolosa BMC, ka jaana go lebega maikaelelo a pele a sa diragala go tsosolosa matlhabelo a.
economy_business_and_finance
3
Manake o ipela ka lenaneo
Mme Rose Manake wa Tsetsebjwe mme a direla kwa Selebi Phikwe ke mo-na-le-bogole yo o nnileng sego go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka lenaneo la Nyeletso Lehuma. Mme Manake o supile fa lenaneo la Nyeletso Lehuma le mo reketse tante ya ditilo tse di masome matlhano le ditafole tse thataro, e le go mo tataisa go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Le fa a santse a le mo tlhokomelong ya ofisi ya Nyeletso Lehuma, Mme Manake o kgonne go oketsa dilwana tsa gagwe ka go reka ditafole le dijana. O supile fa kgwebo e tsamaya ka bonya ka bontsi bo fudugetse kwa magaeng morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL. A re o leka ka bojotlhe go ipapatsa mme gantsi o bona madi ka nako tsa dintsho le manyalo ga mmogo le mediro ya go ipelela matsalo. A re pele ga dithuso tse, botshelo bo ne bo le thata mme a tloga a ipona le ene a na le seriti jaaka puso e eletsa go bona Motswana mongwe le mongwe a na le seriti. Mme Manake a re ga nke a lala ka tlala ka a kgona go ithekela dijo, go duelela boroko, go tsenya motlakase le go duelela ngwana sekole. A re o eletsa kgwebo ya gagwe e ka gola gore e kgone go phadisana le tse dingwe, mme fela o santse a tlhaela ka mekgabisa le go oketsa ditilo le ditafole. O supile fa mo nakong ya gompieno go na le phadisano e e kwa godimo ya kgwebo ya ditante, mme a re tsa Nyeletso Lehuma ka ba di neelwa di sena mekgabisa, batho ga ba di kgatlhegele go le kalo. A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba kgona go tsaya lebaka ba sa buse tante mo lebakeng le le dumalanweng mme morago e tle dilo tse dingwe di latlhegile. Maitemogelo a mangwe a gagwe ke gore ba neetswe mananeo a a tshwanang ba le bantsi ka jalo, ba lwela mmaraka. Mme Manake o supile fa e tlaare mo bogaufing a ye go ithuta temo ya ditlhare kwa Tlamelong Rehabilitation Centre kwa a solofelang fa se se tlaa tla se dira pharologanyo mo botshelong jwa gagwe ka o tlaabo a sa leba kgwebo e le nngwefela. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Boineelo le tlotlo mmamane
Badirelapuso ba kopilwe go dirisa meletlo ya letsatsi la badirelapuso go itshekatsheka. E rile a bula semmuso letsatsi la badirelapuso ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Masunga bosheng, Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge, a re ka lone letsatsi leo, badirelapuso ba tshwanetse ba lebelela kwa morago go bona gore a ba isa ditirelo kwa setshabeng jaaka go tshwanetse. Kgosi Matenge a re lefatshe leno le simolotse go keteka letsatsi la badirelapuso ka ngwaga wa 2012, go fa badirelapuso sebaka sa go itshekatsheka le go ipelela boleng teng jwa bodirelapuso, a re ka jalo ba tshwanetse ba ipotsa gore a letsatsi leo, le na le bokao bongwe kgotsa ba le keteka fela ka go bo le tlhomilwe. A re badirelapuso ba tshwanelwa ke go supa boikarabelo mo tirong ya bone, ba e dira ka boineelo le ka tlotlo, ba setse morago ditaelo tse ba di fiwang ke puso mabapi le ditiro tsa bone. Kgosi Matenge a re sengwe se ba tshwanetseng go se baya sebete, ke go netefatsa gore ba nyeletsa tshenyetso setshaba e bile ga ba amane le yone ka gope, a re tseo ke dingwe tse ka tsone ba ka netefatsang gore ba tswelela ba itirela motlhala o o bonalang wa bodiredi jwa tlhwatlhwa. E ne e rile fa a ema badirelapuso ba Bokone Botlhaba ka lefoko, mongwe wa badirelapuso ba pele, yo o simolotseng e le morutabana ka dingwaga tsa bo 1980, Rre Godfrey Smile a tlhalosa fa mo dingwageng tseo, ba ne ba berekela mo mabakeng a a thata, go sena ditsompelo tse di akolwang ke badirelapuso ba nako eno. Rre Smile a re le fa ba ne ba direla mo mabakeng a a thata jalo, ba ne ba itepatepanya le seemo seo, ba dira tiro ya bone ka botswapelo mo ba neng ba ntsha maduo a a bonalang fa go tshwantshanngwa le metlha ya gompieno. Ka jalo, o ne a gakolola badirelapuso go itshekatsheka go bona gore ba dira tiro ya bone ba sa goge dinao ba itse fa ba direla lefatshe la bone.
politics
7
Kgosi o batla ESP kwa Motokwe
Motshwarelela bogosi jwa motse wa Motokwe Kgosi Aobakwe Molaole, o kopile gore ba tlisediwe lenaneo la ESP, a supa fa ba le utlwalela mo seromamoweng batho ba le galaletsa ba bo ba le dudueletsa. Kgosi Molaole o boletse mafoko a, fa a amogela morafe kwa motseng wa gagwe ka Labobedi, a supa fa ba eletsa gore motse wa bone o tlisediwe ditlhabololo ka lenaneo la ESP. Kgosi o ne a kopa gore ba atumediwe ditlamelo tsa kalafi ka gore kwa ba di bonang teng, kwa motseng wa Kang le Hukuntsi go le kgakala le bone. O ne a kopa gape fa ba kopa gore ba tokafalediwe kokelwana ya bone, a supa gape fa ba na le letlhoko la mokenti, a tlhalosa fa yo ba mo neetsweng a nna a seyo mme se se ba ketefaletsa botshelo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kabelo Bosigo, o ne a supa fa ba na le mathata ka jaana ba sa lema, a supa fa seemo se se dirwa ke gore pula ga e ise e ne kwa motseng wa bone, a bo a tlhalosa fa ba bona fela gore go tlaa dika go le leuba. Rre Bosigo o tlhalositse fa ba filwe terata go agelela lefuti la matlakala, a bo a tlhalosa fa ba le teratile jaanong sebe sa phiri e le tsela e e yang kwa go lone, a supa fa e sa tsamaege ka e le motlhaba fela thata. O tlhalositse fa mananeo a le teng mme batho ba ba thusitsweng ka one ba le palo-potlana. O lebogetse ba lekgotla la kabo ditsha la Motokwe, a supa fa le dikile le agetse motlhoki ntlo, a bo a supa fa ba itumeletse tiro eo fela thata. O boletse gape fa lefelo le ba bonang ditlamelo kwa go lone (service centre) la bone le sa bereke, a bo a kopa gore bogolo ba tlisediwe bodiredi jwa lephata la Omang ka ba le tlhoka fela thata. O boletse fa ba sale ba solofediwa go agelwa diofisi tsa mapodisi, a bo a supa fa ba ne ba setse ba beilwe setsha sa dikago tseo. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa fa a tsile go tsaya megopolo mo go bone a e isa kwa palamenteng, go ya go dira ditogamaano tsa ngwaga wa 2018/19. O ne a tlhalosa fa maiteko a go lema ngogola a ne a le kwa godimo fela thata ka go ne go na le pula e ntsi, mme monongwaga pula e ise e ne. Mopalamente o ne a tlhalosa fa batho ba Motokwe ba itirela, a bo a ba akgolela maiteko a mantle ao, a supa fa sekai e le mabelo a dipitsi a ba a dirang ngwaga le ngwaga, a bo a ba kopa go tshwara ka thata. O boletse fa a lwantshitse kgang ya gore batho ba motse oo ba seka ba latela bongaka kwa motseng wa Kang le Hukuntsi, a bo a kopana le tona wa botsogo le boitekanelo ka kgang e, mme a supa fa seemo se tlaa boela mannong. O boletse fa sekole sa Motokwe se wetse tlase mo maduong fa go tshwantshanngwa le a ngwaga wa 2016, a supa fa ka ngwaga wa 2016 se ne se dirile 63.3% mme ka ngwaga wa 2017 se dirile 59.3%. Rre Selemogo Gaatlale o ne a supa fa ba ngongoregela go amogiwa sekole se segolwane, mme ya re kwa morago ga supagala fa go atolositswe sa Mahupu boemong jwa sone, mme go sena tekodiso epe e ba e filweng. O supile gape fa ba ngongorega ka batho ba ba tshwarwang ka motokwane, mme e re kwa morago ba bo ba ntshiwa gotwe ga ba na molato go fitlhela lekgotla le ba bona molato, a supa fa se e le poeleo morago ka ba tswelela ba dira molato oo gape. Bokhutlo
society
9
Puso e tlaa tsibogela seemo sa setsidifatsi sa Deborah
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, a re setsidifatsi sa baswi kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial (DRM) se na le dingwaga dile nne se sa bereke. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Mabule Pule, o boletse fa baetelepedi ba lephata la botsogo le boitekanelo ba itse seemo se, mme ba supile fa ba dirisa dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go thusa fa baswi ba tshwanetse go tsenngwa mo ditsidifatsing. “Seemo se ntse jalo betsho, mme re solofela fa se tlaa baakanngwa fa puso e re agela sepatela se sesha,” a rialo. Rre Pule, yo gape eleng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, o ne a supa fa tlhomamiso ya gore motho o tlhokafetse e dirwa ke dingaka fela mme mo bo gompienong e dirwa kwa Mmathubukwane le Mochudi fela. A re dikeletso tsa gagwe le makhanselara ke gore go nne le dingaka le dikoloi tsa balwetse ka dioura tsotlhe tsa letsatsi. O supile fa a tshwenngwa ke dikhamphani tse di thapilweng go gopa ditsela. A re se ga se diragale ka fa tsamaisong, ka banni bangwe ba supa fa dikhamphane tse di dira tiro bosigo. “Ke ne ka botsa bogogi jwa khansele gore ba mpolelele maina a dikhamphane tse di filweng tiro e, mme go a lemosega gore ga se tsa bana ba mo gae, a re thapeng bana ba mo gae betsho,” ga bua Rre Pule. A re ga a rotloetse semorafe, mme a dumela fa bana ba mo gae ba ka se ba tle go latlhelela ditiro tse di tlhabolong magae a bone. “Lefatshe fela ka bophara, a re feng bana ba metse ditiro tsa metse ya bone,” a tswelela. A re go na le dingongorego tsa gore batho ba Ramotlabaki le Oliphant’s Drift ba tsenwa ke mala fa ba sena go nwa metsi, mme a re se ke sebaka sa gore ba lephata la metsi ba tlhalosetse Batswana gore ba lekola didiriswa tse di isang metsi jang. Fa a tswa la gagwe, mmereki wa ofisi ya nyeletso lehuma kwa Kgatleng, Mme Rebaone Tladi, a re mananeo a a filweng batho go itshetsa a feta lekgolo, mme go bereka fela a dipodi. “Tse dingwe di eme. Batswana ga ba na bopelotelele le botswapelo, ba batla dilo tse di motlhofo ebile dile bogadi gaufi,” a rialo. A re ba tsweletse le go tshwaragana le makalana a a rutuntshang bagwebi, ele maiteko a go fa banni thutuntsho pele ba fiwa dithuso. Mokhanselara wa Oliphant’s Drift Cllr Elizabeth Licnhwe o kopile tirisanyo mmogo e e tsepameng magareng ga gagwe le morafe mo dingwageng tse tlhano tse a di filweng ele mogogi wa sepolotiki. A re o eletsa go tlhabolola motse a sa tlogela ope ko morago, mme ele tshwanelo gore batho ba dirisanye le ene ka tlhompho, nnete le therisanyo.
health
6
Tshekatsheko ya dikatso e tsweletse
Tona wa merero ya pereko le se legae, Rre Peter Siele a re kgang ya gore maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse a okelediwe dikatso e sa ntse e sekasekwa. Tona Siele o buile mafoko a, kwa diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng wa Mabeleapodi le kgotla ya Ditimamodimo mo kgaolong ya Serowe Bokone Botlhaba ka Labone. Tona a re ba sa ntse ba kanoka gore maloko a dikomoti tse a ka thusiwa jang ka e bile ba tshwaragane le namane e tona ya go tlhabolola metse ya bone. Rre Siele o ne araba dilelo tsa baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, fa ba ne ba itela ka go okelediwa dikatso. A re mo lefatsheng lotlhe go na le dikomiti tseo di ka nna 734, mme ke ka moo go tlaa tsayang lebaka ka go nne lefatshe le sa ntse le tlhaelelwa ke madi. Rre Siele o ne a ba kopa gore ba se fele pelo ka puso e sa ntse e ba lekela. Kwa Mabeleapodi, moemela modulasetilo wa VDC, Rre Kganelo Keoagile o ne a ntsha matshwenyego a gore mo motseng wa bone dipalo tsa baithaopi ba lenaneo la Ipelegeng di ile tlase. Rre Keoagile a re pele go ne go thapilwe batho ba le 99 mme jaanong palo eo e ile kwa go masome a supa fela, a tlatsa ka gore kgang e, ga e ba jese di welang ntswa ditlhabololo kgotsa ditirelo tsone ba di dira. Rre Siele o ne a tlhalosa gore puso e dira ka gotlhe go thusa mafelo otlhe mo lefatsheng ka tekatekanyo, a bolela gore e rile puso e lemoga fa ngwaga ono e le wa leuba ya itlama go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng kwa mafelong a a wetsweng ke leuba thata. A re dikgaolo di tshwana le ya Bobirwa le Bokone Bophirima di ne tsa welwa ke leuba fela thata mme ba okeletsa dipalo pele kwa go bone gore ba ka ithuse ka Ipelegeng. Le fa go ntse jalo o ne a ba solofetsa fa seemo se, se sa ntse se sekasekwa gore ke di fe gape dikgaolo tse di ka okelediwang badiri ba lenaneo le. Mo go tse dingwe mothusa tona wa temo thuo Rre Oreeditse Molebatsi o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tsere tshwetso ya go fokotsa tlhotlhwa ya dijo dingwe tsa leruo. Rre Molebatsi a re dijo di tshwana le moroko, letswai le kotla ya Vitamin A di fokoditswe ditlhotlhwa gore barui ba kgone go di rekela leruo la bone. O ne a gakolola thata barui gore jaanong puso e tsere tshwetso ya gore barui fa ba na le diteseletso ba ka ithekisetsa leruo la bone kwa mafatsheng a a mabapi. Rre Molebatsi a re pele thekiso e ka tswelela barui ba tlhokana le go tlhatlhoba leruo la bone ba bo ba tsaya diteseletso go tswa mo Botswana le kwa lefatsheng le ba batlang go rekisa kwa go lone. BOKHUTLO
politics
7
Nyeletso lehuma e ogola Simon mo isong
Palo ya batho ba ba rekang diaparo kwa ntle ga lefatshe leno e tla fokotsega ka Batswana bangwe ba setse ba na le dikitso tse di kwa godimo tsa go roka diaparo. Moroki mongwe kwa Jamataka mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Rosinah Simon, yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferababobedi, o buile a sa kgale mathe, a supa ka fa lenaeo la nyeletso lehuma le mo ogotseng mo isong ka teng. Mme Simon yo o segofaditsweng ka bana ba le bararo, o buile seo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa a ne a fiwa dimatshine tse di rokang di le nne, tse di neng ditla di feletse ka sengwe le sengwe sa tsone, ka Lwetse ngogola. A re o roka sengwe le sengwe mme thata mesese ya setso, ebong mateisi gammogo le paka ya dikhwaere, a tlatsa ka gore mesese e rekwang thata ke mateise. Mme Simon a re jaaanong o kgona go rokela bana ba gagwe paka ya sekole, go ba jesa le gone go ba duelela kwa sekoleng. O tlhalositse fa a sa ntse a direla mo ntlong ya Setswana, a supa jalo ka monyenyo mo sefatlhegong, a boa a tlatsa ka gore maikaeleo a gagwe ke go aga ntlo e tona ya setena go godisa madirelo. O tsweletse ka go tlhalosa fa mogokgo wa sekole sa Jamataka se sebotlana a sa e go sokola ka go batla moroki; ka a setse a le teng mo gae. A re ga a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalo ka kgwebo ya gagwe e sa ntse ele ntsha. O gakolotse banana le bagolo ka manemo a puso, le ka fa a bulegileng ka teng ebile a sa tlhaole ope. A re methale ya khumo e mentsi; e tlhoka balatedi. O supile fa thuso e a e filweleng a tla a e tlhokomela thata ka ele yone tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. Mme Simon a re go tsenelela lenaneo leo go motlhofo, ebile o fiwa dithuto tse di lebaganeng le se o tla a bong o se dira. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Puso e itlamile go tlhabolola bagodi
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re puso e tshwere ka natla go tlhomamisa tlhabololo ya matshelo a bagodi ka go lemoga seabe se ba nnileng naso mo tlhabololong ya lefatshe leno. E rile a bua mo tirong ya letsatsi la bagodi kwa Thamaga ka matlhatso, Ngwanaatsele a tlhola lesome le borataro, mothusa tona a tlhalosa fa go tokafaletsa bagodi mabaka a botshelo e le nngwe ya dikgang tse puso e di tshwaretseng godimo. A re e re ka go lemoga botlhokwa jwa go rerisanya le bagodi mo dikgannyeng tsa kafa ba eletsang go direlwa ka teng mo dikgannyeng tsa go tlhabolola matshelo a bone, puso e tshwaraganye le go loga lenaneo le le tlaa thusang go tswa ka dintlha tsa ka fa thulaganyo ya go tlhabolola bagodi e kadirwang ka teng. A re thulaganyo eo e tlaa dirwa ka go tsaya megopolo mo bagoding ka sebele go utlwa ka tlhomamo mathata a bone le ka fa ba eletsang go ka itebaganngwang nao ka teng. A re e re le ntswa bagodi ba tshelela mo mabakeng a botshelo a a thata, seabe sa bone se tsweletse ka go supafala mo ditirong tsa morafe di akaretsa tlhokomelo ya balwetsi kwa malwapeng, tlhokomelo ya dikhutsana le gone go nna le seabe mo ditshwetsong tsa go tlhabolola lefatshe leno ka go ntsha megopolo mo diphuthegong tsa dikgotla. O kaile fa dikgwetlho dingwe tse bagodi ba lefatshe leno ba kopanang natso e le lehuma, go tlhoka bonno,LET go tlhoka tshireletsego, go bolawa ke bodutu ka go nna bale nosi, go ikgatholosiwa ke ba masika jaaka bana. Mothusa tona a re le fa go ntse jalo puso e tlaa tswelela e itlama go diragatsa mananeo a tlhokomelo ya bagodi a akaretsa, madi a P250 le P390 a bagodi le bosole le P500 fa go na le botlhoki le go thusa ka bonno fa go kgonegang teng. Moeteledipele wa lekgotla la badirelapuso ba ba tlogetseng tiro Rre Norman Moleboge, o gakolotse ka botlhokwa jwa morero mo dikgannyeng tse di amang go neela bagodi ditirelo. A re e re ntswa ba eletsa go bona bagodi ba neelwa ditirelo ka tlotlo go ba faseriti, ntlha eo e saletse morago ka jaana ba santse balwela mela ya dithuso le bao ba ba itekanetseng. Mogolwane wa ba Botswana Post Rre Kabelo Ntobedzi o supile fa lekalana la diposo le tshwaraganye le thulaganyo ya go tokafaletsa bagodi ditirelo ka go dira tekeletso ya dikarata tsa dibanka go fokotsa mosuke ngwaga o o tlang o simologa. A re e re ntswa batshwere ka natla go leka go neela bagodi ditirelo tsa boleng jo bo itumedisang mosuke o santse o kgona go bonala mo diposong ka ntlha ya dipalo tse di kwa godimo ka jaana kgaolo ya Kweneng e e tsenya Gaborone e na le bagodi ba le 24 000. Bagodi ba le 38 ba dingwaga tse 100 mongwe le mngwe o ne a abelwa dimpho tsa materase le thobane e e ikokotlelang go tswa mo barulaganying ba tiro eo fa ba ba neng ba kgona go tsena tiro eo ba ne ba amogela gape mophuthelwana mongwe le mongwe gotswa kwa go ba Mompati Merafhe Foundation kwa Mahalapye. Mo mafokong a tebogo, tona wa botsogo Rev Dr John Seakgosing a re letsatsi la bagodi ke le le botlhokwa thata mo matshelong a bone ka le ba fa sebaka sa go gopolana le ditsala tsa nako e e fetileng tse ba sa kgoneng go di bona ka mabaka a botsogo jo bo kgoreletsang go fitlhelela tsotlhe tse ba di eletsang. BOKHUTLO
society
9
Baithuti ba pele ba abela sekole dibuka
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lobatse Secondary School, ,Rre Mpaladzi Majingo, o lebogetse baithuti ba pele ba sekole seo go abela sekole seo dibuka. Rre Majingo o buile jalo bosheng fa a amogela baithuti ba pele ba sekole seo ba ngwaga wa 1998, ba tsile go abela sekole se dibuka. A re baithuti bao ba pele ba bone go le botlhokwa gore ba direle sekole sengwe ka gore se ba dirile se ba leng sone. Moeteledipele wa baithuti ba pele, Rre Tshepho Bathai, a re ba ne ba lemoga gore sekole se ga se dire sentle mme ba kopana le bogogi. A re ba ne ba eletsa go dira mothao wa mokgatlho o o ka thusang baithuti le bone barutabana mo mananeong a thuto. A re e re ba sa ntse ba letile gore mokgatlho oo o rurifadiwe ba seka ba nna fela ba akanya gore ba ka dirang mme ba bona go le maleba gore ba kgobokanye bonyengnyane jo ba nang le jone mme ba reka dibuka di le masome a supa le boferabobedi, tse e leng gore e le nngwefela ya tsone e lopa madi a a kanang ka makgolo a mabedi a dipula. Rre Bathai a re ga ba nosi go abela sekole se ba na le ba tsa boranyane ba Huawei ba ba tlaa thusang ka dimpho tsa letsatsi la kabo dimpho mo sekoleng seo, jaaka diselefouni tse di tlaa fiwang baithuti ba ba gaisitseng ba le babedi. Baithuti bao ba pele ba ne ba aba buka e e bidiwang gotwe”Know what matters”. Mokwadi wa buka eo Rre Saidi Mdala a re o rata baithuti le dibuka fela jaaka a dumela mo baithuting le mo dibukeng. Rre Mdala a re baithuti ba botlhokwa ka gore ke losika lwa batho b aba nang le ditoro le dikeletso, jalo a tlatsa ka gore buka e e tlaa dira gore baithuti ba nne se ba ba tlang go nna sone mo isagong. A re buka eo e ka dira gore motho mongwe le mongwe a itshekatsheke mme a itseye ka motlhala mo botshelong. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng North Rre Gofaone Kedise, a re baithuti ba ngwaga wa 1998 ba dirile pharologanyo, ka maiteko a go tsibogela kwelo tlase ya maduo a baithuti kgotsa go ba rotloetsa a re se ke kgwetlho ya batho botlhe go tsaya boikarabelo. Rre Kedise a re boranyane bo botlhokwa le ka fa bo dirilweng ka teng mme go tlhoka gore bo dirisiwe ka boikarabelo. A re dimpho tse baithuti ba di fiwang ba tshwanetse go di tlhokomela ba di dirise mo go botlhokwa di tle di ba thuse kgotsa di ba rute. Mokhanselara Kedise o ne a gwetlha baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo a re baithuti ba pele ba supa fa ba kgathala e bile ba ba tlotla ka ba tshwenyega ka matshelo a bone.
education
4
Molebatsi o rotloetsa tlhokomelo ya noka
E re ka mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe, Mme Babapisi Keabile, ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go dira dikgwebo ka go farologana. Mme Keabile, yo o tlholegang kwa Nkange mme jaanong e le monni wa Francistown, o itsege ka go rekisa merogo, maungo, dijo tsa Setswana le diaparo. O boletse mo potsolosong fa a na le dingwaga di ka feta lesome le botlhano e ntse e le mogwebi. O tlhalositse fa a lemogile fa thekiso ya merogo le maungo e le botlhokwa thata ka e bile lephata la botsogo le kaile fa dijo tsa go nna jalo di siametse botsogo, mme le ene lerato la gagwe la dijo tsa Setswana le mo kgothatsa go tsena mo kgwebong eo. Mme Keabile a re e re ka thekiso ya merogo le maungo e laolwa ke dipaka tsa thobo, mo nakong eno o rekisa merogo le makgomane, tse a tlhalosang fa theko ya tsone e nametsa. A re ka letseno le a le bonang mo kgwebong ya gagwe o kgonne go tsenya bana ba gagwe sekolo. “Go nna fela o itshopere matsogo ga go busetse sepe, ka jalo ke bone go le botlhokwa go tswa mogwebi gore ke kgone go itshetsa,” a tlhalosa. Le fa go le jalo, Mme Keabile o kaile fa a kopana le dikgwetho ka mefuta jaaka go senyega ga merogo le maungo, selo se se kgonang go mmusetsa kwa morago. O kaile fa se, se mmusetsa kwa morago ka gape a reka merogo le maungo a gagwe kwa metseng e e bapileng le toropo jaaka Mandunyane le Tonota. O tlhalositse fa maikemisetso a gagwe e le go emelana le dikgwetlho tsotlhe tse a kopanang le tsone, a tlatsa fa keletso le tsholofelo ya gagwe e le go nna le tshimo e e leng ya gagwe. O ne a gakolola bagwebi ba ba botlana go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone ka go sena kgwebo e e senang dikgwetho.BOKHUTLO
environment
5
Makhanselara a lela ka ditsela
Makhanselara a kgaolo-potlana ya Kanye a boletse fa ditsela tse di ralalang metse ya bone di le maswe thata. Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele Seetebosigo a le gangwe. Ba ne ba akgela mo puong ya ga modulasetilo fa a bula khansele, ba re dipula di sentse ditsela fela thata mo di sa tsamaegeng mme ba ikuela mo khanseleng go ba tswa thuso ka bonako. Ba boletse fa khansele ka fa lephateng la ditsela e le maoto a tshupa go gopa ditsela gore di se nne maswe thata. Ba boletse gape fa dikole dingwe di le makgasa mo go ngomolang pelo mme ba kopa khansele go ema ka dinao go baakanya seemo. Mokhanselara wa Molapowabojang Botlhaba, Rre Calvin Matlala o tladitse ka gore dikole dingwe di tlhasetswe ke motlhwa, o ja dibuka tsa bana e bile gape barutabana ba a tlhaela. Fa mokhanselara wa Lorolwane, Mme Binkie Moalosi a boletse fa bana ba Lorolwane ba tsena sekole ko Mabule mme ba tshaba sekole ka go le kgakala e bile matlo a borutelo a le makgsa fela thata mmogo le matlo a borobalo. Mokhanselara wa Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi o boletse fa barutabana ba tlhaelelwa ke matlo a boroko bangwe ba bereka ba tswa Kanye, o kopile gore bana ba dikole ba ne ba letlelelwa go tsena dipuisano tsa dikhansele ba tseye malebela ka gore ke bone bagogi ba kamoso. Re Ben Lemogang wa kgotla ya Ruele, o boletse fa lebala la temo-thuo la ditshupo le sa tlhokomelwe, dikago tsa teng di ole, e bile ditena tsa teng di utswilwe ke batho. Puso e senyegetswe ke madi go tlhabolola lebala la teng. Mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ngongoregile thata ka metsi a a leswe a a thologelang mo malwapeng a batho a tswa mo matamong a sepatela sa Sabata (SDA) mo Kanye. O boletse fa metsi ao a le leswe e bile banayana ba dikole ba tshamekela mo go one. Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara wa Kgosing mo Kanye, Rre Morekisi Rangobana o ngongoregetse tshwetso e e dirilweng mo Kanye ka go fudusa mabitla a a ntseng a dirisiwa ba sa rerisiwa,o boletse fa mabitla a masha a duelwa e bile go duelwa mo komiting ya ditlhabololo e le ngwe fela. Makhanselara a ngongoregetse dikarabo tse ba di fiwang ke maphata fa ba ba boditse, ba re gantsi di lolea gape ba a latlhelela. Khansele e ne e etetswe ke bana ba dikole mo Kanye ba tsile go bona tsamaiso le ka fa ba buisanang ka teng ka ditshutiso.
politics
7
Pina ya setshaba e a tlotlwa - Phiri
Mothusa molaodi wa Lobatse, Rre Ernest Phiri, o gakolotse morafe go fa pina ya setshaba tlotla e etshwanetseng. Rre Phiri o buile jalo ka Matlhatso kwa mabaleng a Bothakga jaaka go ne tshwerwe moletlo wa dijo tsa setso le dikgaisano tsa dikhwaere tsa boipuso kwa Lobatse. O tsweletse ka go kgothatsa batsadi gore ba rute bana gore pina e, e tlhokana le tshisibalo fa e opelwa, e bile go se motho ope yo o sutang. A re ka dinako tsotlhe, go sa kgathalesege gore e opelwa fa kae, pina e ke letshwao la Batswana. Mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa dikgaisano tseo tsa dikhwaere ele bontlha bongwe jwa ditirelo tse di tsweletseng go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi, tse gape e leng matlhagolatsela ago ipelela dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa. A re ke gone mo ba dirileng gore mongwe le mongwe a nne le seabe jaaka baopedi ba dikhwaere; dibini ba mmino wa setso; badiragatsi ba diletswa tsa setso, le batshameki ba kgwele ya dinao. Mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanong tseo, Mme Onkabetse Ramasedi yo eleng morutuntshi wa tsa moopelo le tsa bodiragatsi, a re ba ne ba lebeletse dintlha tsa botlhokwa jaaka modumo, boleng jwa pina, gore a baopedi ba opela go tshwana, tlhaloso ya mafoko a pina le setlhogo, le gore a go na le neelano ya molaetsa. Gone go iteisanwa borathana, dikhwaere dile pedi; ele khwaere ya Mosu go tswa kwa Delta le ya Bosele go tswa kwa Boswelatlou.Khwaere ya Bosele e ne ya ikgapela maemo a ntlha le dikete tse pedi tsa dipula morago ga gore ba supe maitemogelo le bothakga mo dikhwaereng; khwaere ya Mosu ya iphitlhela mo maemong a bobedi mme ba ikgapela sekete sa dipula.E rile a ema mokhanselara wa Woodhall, Rre Mantle, a akgola komiti e ya boipuso a re ba kgaogantse madi sentle gore mongwe le mongwe a tseye karolo, a boa a kgothatsa dikhwaere go amogela maduo, a re ba ba tsereng maemo a bobedi ba ye go ipaakanya gore nako e e tlang ba dire bontle le go feta.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Go ima ga bana ba sekole goa tshwenya goa tshwenya
Mookamela tsa thuto mo kgaolong ya Kgatleng Rre Matlhogonolo Mokakapadi a re go ima ga bana ba ba dingwaga di kwa tlase e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. Rre Mokakapai o boletse mo potsolotsong gore le fa moithuti mongwe le mongwe yo o tlogelang sekole a e ka nna ka go thoba, go sa tsogeng sentle,go bereka ga bana, go bereka mo dipolaseng le botlhokatsebe kana ka go ima go a tshwenya. A re ka thulaganyo ya thuto ya botlhe, (Education for All) ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa itsholelo kana sa botshelo se ntse jang. A re dipalo di supa gore mo kgaolong ya Kgatleng ka ngwaga wa 2015, baithuti ba le 15 ba ne ba tswa mo sekoleng ntateng ya boimana, mme ba le lesome ba bone ba tswa kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa ba le batlhano ba tswa mo go tse dingwe. Rre Mokakapadi a re mo ngwageng ono fa esale Hirikgong, baithuti ba le 14 ba setse ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa kgwedi ya setebosigo e fela, a tlatsa ka gore ba le supa ba bone ba tswa kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa ba bangwe ba ba supang ba tswa kwa dikoleng tse dingwe tse di kwa tlase mme boimana jotlhe ja fitlha kwa go 14. Mookamedi yoo wa thuto o boletse gore baithuti ba tlogela sekole ka mabaka a a farologaneng jaaka go tlhoka botsogo, go thoba mo sekoleng le boimana a tlatsa ka gore go na le baithuti ba le 17 ba ba ngwegileng mo sekoleng , a le mongwe ka bolwetse fa ba le 14 e le ka boimana. O boletse gape gore botsamaisi bo leka go itebaganya le dikgwetlho ka mananeo a a jaaka Peer Approach Counselling by Teens, tshidilo maikutlo, komiti ya batsadi le barutabana, go ba rotloetsa mo moeng le dithuto tsa go itshwara sentle, ka go laletsa baruti kwa sekoleng le tse dingwe. A re le fa go ne go na le dithulaganyo tsa go nna jaana, boimana jwa bana bo tsweletse ka go nna teng ntateng ya go sa tlhokomelelng bana ga batsadi, malwapa a a eteletsweng pele ke bana, lehuma, go latlhelela dilo ga batsadi le tlhakatlhakano e e mo setshabeng.
education
4
Bomme ba rotloediwa go ikemela ka dinao
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi o rotloeditse bomme kwa Takatokwane go tlhagafalela go inaakanya le mananeo a a tlang ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP),. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Batlhophi a re mo ESP go na le mananeo a a tshwanang le la ofisi ya merero ya tsa bong, le le itebagantseng le go thusa bomme ka madi gore ba ipulele dikgwebo. A re bomme ba tshabelelwa ke go kokonelwa ke lehuma go na le borre, ke ka moo puso e tsweletseng ka go tla ka mananeo a a farologanyeng go leka go tlhatlosa matshelo a bone. O supile fa baikopedi ba ka thusiwa ka madi a a ka tshwarang P100 000 go ya kwa godimo, go laola fela gore ba palo e e kae ka jaana ba kgona go kopa ka bongwe kgotsa ka ditlhophana. Rre Batlhophi a re lenaneo le la ofisi ya merero ya bong le tsile ka nako e e lebanyeng, e bontsi jwa Batswana ba leng mo leshekereng le legolo la letlhoko la ditiro, mme a re go mo maruding a bone gore ba ititeye ka thupana gore lenaneo le le tle le ba tswele mosola. O ne a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba nne pelo di telele fa ba kopa mananeo, ka ntlha ya gore ba kgona go lopiwa go tla ka mekwalo e le mmalwa. O ne gape a tlhalosetsa ba ba setseng ba tsene dithuto tsa nyeletso lehuma mme ba ise ba abelwe dithuso go simolola dikgwebo, gore ba seka ba fela pelo ka jaana go santse go le mo dithulaganyong tsa gore ba thusiwe. E rile ba tswa la bone, banni ba supa fa ba lemoga maiteko a puso a go tokafatsa matshelo, ba kaya fa a ba tlhatlositse. Ba ne gape ba lebogela baeteledipele ba bone go ba tlhatlhelela ka mananeo a puso.
economy_business_and_finance
3
Bolwetsi jwa tlhaloganyo bo a laolesega
Mogolwane wa baoki ba balwetsi ba tlhaloganyo kwa kokelong ya Sbrana mo Lobatse, Rre Kagiso Nthobatsang a re bolwetsi jwa tlhaloganyo ga bo na kalafi mme bo a laolesega. O buile seo, kwa bokopanong jwa bomme ba thapelo jwa bo lesome le boferabongwe ba kereke ya UCCSA, e e neng e tshwerwe ka Labotlhano (13/02/2015). Rre Nthobatsang o boletse gore bolwetsi jo ga bona kalafi mme molwetsi o ka tlhatlhobiwa a bo a fiwa melemo ee ritibatsang fela le go sidilwa maikutlo. O tsweletse a tlhalosa fa bolwetsi jwa tlhaloganyo bo ka bakiwa ke dilo di le mmalwa jaaka mogare wa HIV/AIDS, segotso, dikotsi tsa tsela le ditagi tse a tlhalositseng di ama ditshika tsa boboko mo go feletseng go dira gore molaetsa o seka wa feta sentle mme a re se felele se bakela motho go latlhegelwa ke tlhaloganyo. Rre Nthobatsang o boletsetse gore dikai tsa bolwetsi jwa tlhaloganyo ke go bua ka pelo, go timela tlhaloganyo, motho o tlhoka go itse batho ba a nnang le bone kgotsa ba losika, motho a sa itlhokomele a sa tlhape gongwe a tshega a le nosi mo go feteletseng kana a dira dingwe tse di sa tlwaelesegang. A re go itumela go feta selekanyo e kanna sekai sa go lwala bolwetsi tlhaloganyo fela jaaka go utlwa botlhoko thata go ka baka bolwetsi jwa tlhaloganyo. Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha setshaba gammogo le dikereke go ema balwetsi ba mofuta oo nokeng ka dinako tsotlhe. Rre Nthobatsang a re ba tshwenngwa ke dikereke dingwe tse di tlogedisa balwetsi melemo mme se se dire poelo morago mo botsogong jwa molwetsi. O gakolotse setshaba go ithuta ka bolwetsi jwa tlhaloganyo a re ba ka etela kwa kokelong go ithuta go le gontsi ka bolwetsi jo. O ne a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse go ithuta go tshela le balwetsi bao mo tikologong mme a ba gwetlha go ba fa lorato, go akarediwa mo mererong eseng go kgethololwa a re se se ka ba thusa gore ba amogele seemo sa bone. Rre Nthobatsang o ne a ba gwetlha go ema nokeng balwetsi morago ga go gololwa kwa kokelong ka go ba rotloetsa go nwa melemo ka nako le go ba akaretsa mo ditirong tsa lelwapa go ba itsa go tlhola ba robetse fela. E rile a ema bomme ka lefoko, Mmaboipelego kwa kokelong ya balwetsi ba tlhaloganyo go tswa kwa Sbrana Mme Larona Dithato a re bokopano jo bo maleba ka jaana bontsi jwa nako bomme ke bone baoki ka Setswana se re “mmangwana a tshwara thipa ka fa bogaleng”. A re o thusana le ba bongaka go sekaseka botsogo jwa molwetsi a re ba buisana le molwetsi mme ba busetse tse ba di itemogetse mo molwetsing kwa go ba bongaka gore molwetsi a bone kalafi. Mme Dithato a re gape ba lomaganya molwetsi le mananeo a mangwe a itshetso fa a dule kwa kokelong le bo mmaboipelego ba kgaolo e molwetsi a tswang mo go yone go itsa gore a nne fela mme ana le matlhoki. O tswelete a re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka go tlholwa ga balwetsi, a re se ke sesupo sa gore batsadi ga ba amogele balwetsi ka lorato mme a tshwaela gore dinako tse dintsi balwetsi o fitlhela ba tlhokana le go fiwa lorato ke ba malwapa a bone. Bokopano jo bo bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se sereng “Keresete oa re bitsa tsaya karolo mo tshotlegong le ikgaratlhelong”. BOKHUTLO
health
6
Ba Selebi Phikwe ba rapelelela pabalesego
Mothusa modula setilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa Selebi Phikwe, Rre Lekgotla Rankwaila, o tlhalositse gore maikaelelo a letsatsi la go tshwara merapelo ya dikotsi tsa tsela ka malatsi a boikhutso ke gore ga go tla malatsi a keresemose batho ba fetola mekgwa ya bone. Rre Rankwaila o buile se mo tirelong ya thapelo e tshwaretswe kwa Adams Park kwa Selebi Phikwe bosheng, a tlhalosa fa mo malatsing ao a boitapoloso madi a dirisiwa botlhwaswa ka batho ba nwa bojalwa phetelela e bile ba kgweetsa ka bofafalele ka jalo a re Batswana ba tshwanetse go leba kwa go ramasedi go kopa pabalesego. Rre Rankwaila a re e le basepodise ga gona se ba ka se kgonang kwa ntle ga go kopa Modimo go ba etelela mo tirong ya bone ka jalo ba tshwanetse go nna ba kopana le baruti go thulanya ditlhogo go kopa botlhale kwa Modimong go itebaganya le seemo sengwe le sengwe se ba ka kopanang le sone mo tirong ya bone. Inspector Kgosiemang Sechoni wa sepodise sa Botshabelo o tlhalositse gore fa ba sala ba simolola dithapelo go supagala fa dikotsi tsa tsela di fokotsega mme go sa reye gore go lekane. A re ba santse ba na le tiro e ntsi ya go ruta setshaba ka tiriso ya tsela ka gonne ba tshwentswe ke melato ya go taboga ka lebelo le le feteletseng, go tsenelela dipone tsa mesepele, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le tiriso ya lebanta la itshireletso. Inspector Sechoni o tlhalositse gore lebanta le tshwanetse go dirisiwa ka nako tsotlhe go sa kgathalesege gore motho o tsaya mosepele o mo khutshwane go le kae. E rile a latlhela la gagwe, mookamedi wa Motor Vehicle Accident Fund kwa Selebi Phikwe, Mme Thatayaone Letsamao a tlhalosa fa ba bereka mmogo le ba sepodise mme bone ba itebagantse thata le go thusa ba ba golafetseng jaaka go ba duelela tsa bongaka le gone go thusa ka tsa phitlho. Mme Letsamao o tlhalositse gore ba thusa ba lebile gore kotsi e e diragetseng e bakilwe ke eng mme fa go nang le botlhaswa teng mokgweetsi ke ene a tshwanetseng go duela ditshenyegelo tsotlhe. Tirelo e, e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng, ‘Pabalesego ya tiriso ya tsela go ya kwa ngwageng wa 2020.’
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Dikereke di kopiwa go ema puso nokeng
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa Aferika tsa semoya, Moruti Mookami Motlhagodi, o kopile maloko a dikereke tsa semoya go tshwaragana le puso mo maitekong a yone a go tsamaisa lefatshe. O buile mafoko a ka mafelo a beke kwa Serowe mo moletlong o o neng o tshwerwe go tlhomamisa lekalana le le okametseng dikereke tseo mo kgaolong ya legare. Moruti Motlhagodi a re dikereke di tshwanetse go netefatsa gore go nna le kutlwisisano gareng ga tsone le puso, ka jaana se seka thusa thata go lwantsha borukutlhi le mekgwa e e sa siamang mo setshabeng. A re jaaka baeteledi ba dikereke tsa semoya mo Botswana ba tshwentswe ke dikereke tse gantsi o fitlhelang go lwelwa maemo mme di felele di thubega go tlhamiwa tse dingwe, a re se se tshwanetse go tla kwa bokhutlong. O tsweletse ka gore mekgwa ya mofuta o e isa dikereke tseo kwa tlase mme maikaelelo ke gore go rutuntshiwe baeteledipele ba dikereke go hema seemo se. A re go botlhokwa gore dikereke di buwe ka lentswe le le lengwe ka gore seo se tlaa dira gore di tshwaragane mme go rene kagiso. O tlhalositse fa lekgotla leo le tlhamilwe ka ngwaga wa 1984 mme ebile le kwadisitswe le ba lephata la kwadiso mekgatlho, a tlatsa ka gore go mo maruding a bakereki jaanong gore ba bereke ka boineelo, botswerere le maikarabelo a a bonalang mo setshabeng. Fa a tswa la gagwe modiri kwa lephateng la ikwadisetso dintsho, matsalo le mekgatlho Mme Neo Baruti, o lebogetse lekgotla leo la dikereke tsa semoya tsa Aforika gore abo le ikwadisitse le ofisi mme a gakolola gore ngwaga le ngwaga ba tshwanetse go netefatsa gore ba teng. A re jaaka dikereke, tsholofelo ke gore abo ba na le molao-motheo mme ba netefatse gore ba sala molao-motheo oo morago ka gore fa ba sa dire jalo ba tlaabo ba tlola molao wa lefatshe. O tlhalositse gore go botlhokwa gore fa ba fetola sengwe mo molao-motheong ba itsise mokwadise pele, a boa a tlatsa ka gore go tshwanetse go nna mo pontsheng gore kereke e tshwara madi jang e bile e dirisa bokae mo ditirong ka go farologana. A re se se botlhokwa ka jaana mo malatsing ano dirukutlhi di tlhakaladitse mme ebile gole gantsi, go tlhoka go nna le pego ya madi, ele mangwe mabaka a a bakang dikgotlhang mo dikerekeng. Mme Baruti o tlhagisitse gore ke molato go kereka mo lwapeng le mafelo a mangwe jaaka mabala le dikgwa ka jaana seo se leswafatsa tikologo ebile se baya matshelo a batho mo diphatseng. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Kgosi o kopa gore setlhare sa mokolwane se sirelediwe
Di tsa tlholego ke dingwe tsa dilo tse Batswana ba ka di dirisang go itshetsa. Kwa kgaolong ya Bobirwa, setlhare sa mokolwane ke sengwe sa tse di ka namolang banni lehuma. Bontsi jwa batho bogolo jang ba ba tswang kwa mafelong a setlhare se se seyong teng, ba itse fa se bonwa thata kwa dikgaolong tsa Legare, Okavango le Ngami mme tiro kgolo ya sone e le go loga didirisiwa tse di farologaneng. E re ka se solegela banni ba kgaolo ya Bobirwa molemo, Kgosi Bethuel Machete wa Motlhabaneng o eletsa gore se sirelediwe ebile se dirisiwe ka kelotlhoko gore dikokomane tse di tlang di tle di se akole. O boletse mo potsolotsong fa a etse tlhoko gore mokolwane o itseelwa ke mongwe le mongwe, mme fa se ne se ka sirelediwa se ne se ka tswela kgaolo ya gagwe mosola. O kaile fa mo motseng wa gagwe, bangwe ba se dirisa go dira mofine mme o santse a sena kitso ya gore a bojalwa joo bo letleletswe ka fa molaong. Kgosi Machete a re bojalwa joo bo dirwa fela ka setlhare seo mme bo sa tswakanngwe le sepe, ka jalo o na le keletso ya gore baitseanape ba sekaseke gore a bo siame. A re o na le tumelo ya gore bojalwa joo ga bo na botlhabetsi bope mo botsogong ka ba gola ba fitlhela bo ntse bo dirwa ebile bo nowa fela thata mme go isi go nne le mathata ape a botsogo a a amanngwang le jone. A re mokolwane o na le maungo a a jewang a a bitswang mogogo. Kgosi Machete a re bangwe ba se jwalela go kgabisa fa bangwe ba kgona go dira mekgabisa ya mo tlung ka sone. O supile fa diotele di se jwalela moruti ka se gola fela thata fa bangwe ba se dirisa e le kalafi ya matlho.
health
6
Bogodu jwa leruo bo apesitse batho kobo ka letshoba
Mogolwane wa lephata la matlhoko a leruo kwa kgaolong ya Boteti, Dr Oletetseng Mahubaneng a re bogodu jwa leruo bo apesitse barui kobo ka letshoba. Dr Mahubaneng o buile jaana kwa thuto-puisanyong ya letsatsi le le lengwe e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Orapa ka Labobed kwa Merakeng ya Xhumtsau. A re kgomo ke khumo ya Motswana mme e tshwanetse ya sirelediwa mo magodung. O tlhalositse fa magodu a dirisa methale e le mentsi ya go senya e bile ba ipopa digongwana ba dirisana le ba dikgaolo tse dingwe go amogana leruo. A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi. Dr Mahubaneng a re morui o ntshwanetse a itse leruo la gagwe ka letshwao, mmala, letshwao la kgaolo le la mong e bile diruiwa di rwesitswe manyena. A re barui ba thapa badisa ba ba sa itseng sepe ka leruo mme go botlhokwa gore ba thape batho ba ba nang le kitso ya tlhokomelo ya leruo. O ba rotloeditse go tshwaya dinamane ka nako. A re ba lemogile gore barui ba tsaya lebaka go dira jalo mme seo se dire gore magodu a tseye diruiwa motlhofo go sena bosupi. Dr Mahubaneng a re batho ba kgaola terata ya matlhoko a leruo e e thusang go kganela leruo go tsamaela kwa dikgaolong tse dingwe. O ne gape a rotloetsa barui gore ba duele badisa ka nako gore ba seka ba tsenwa ke mogopolo wa go senya ba batla madi. A re gape ba tshwaraganele go lwantsha borukuthi, ba dire mananeo jaaka ntebele ke go lebele le komiti ya twantsho borukutlhi mo merakeng. A re ba tlhokomele leruo ka go aga masaka go le tlhatlhela, go disa, go kenta, go tipa gammogo le go le jesa. Selo se sengwe se se gakatsang bogodu a re ke batho ba ba duedisang magodu ba bo ba tsholola dikgang kwa makgotleng a ditshekelo. A re kgomo e tshwanetse ya nna le sesupo sa phuduso go netefatsa gore e tswa kae e ya kae. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi mogolwne wa mapodisi a Orapa, Superintendent Kebaitsi Molefhe o supile fa e le go sekaseka le go rutuntshana ka methale ya go lwantsha burukutlhi gammogo le go lemotsha ka mothale o o siameng wa thekiso le go tlhajwa ga leruo mo go siameng le tlhokomelo ya lone. Mokenti wa kgaolo ya Mopipi, Rre Game Modipe ene o gakolotse barui fa go le botlhokwa go sireletsa leruo mo malwetseng go na le kalafi. Rre Modipe a re puso e thusa barui ka mokento wa kwatsi le serotswana e mengwe morui o a e ithekela. A re ba tshwanetse ba kenta ka nako e le nngwe mo dithotaneng tsa bone go itsa gore leruo le le kentilweng le kopane le le sa kentwang. Rre Modipe a re go botlhokwa go fa leruo dikotla ka gore go na le tse di tiisang masole a mmele gore le seka la tshabelelwa ke malwetse. BOKHUTLHO
crime_law_and_justice
1
Rappelspan e itumelela kgokelo ya motlakase
Banni ba Rappelspan mo kgaolong ya Kgalagadi borwa ba tletse boitumelo morago ga gore motse wa bone o gokelwe motlakase. E rile a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, mokhanselara wa Rappelspan/Vaalhoek Rre Phillipus Morerwa o boletse ha kgokelo ya motlakase e le tlhabologo e e amogelesegileng mo kgaolwaneng ya gagwe. A re motlakase ke selo sa botlhokwa mo matshelong a segompieno ka dilo di le dintsi di berekisa motlakase. “Mo malatsing a segompieno le dithuto tse dingwe jaaka tsa maranyane di tlhoka tiriso ya motlakase ka jalo dikolo di tsile go kgona go ruta bana ka botlalo mo dithutong tsa go nna jalo,” ga bua mokhanselara Morerwa. Fa a tswelela, mokhanselara o ne a tlhalosa gape gore se se tsile go thusa go tlhama ditiro. “Banana le botlhe ka kakaretso mo motseng jaanong ba na le tshono ya go itlhamela ditiro jaaka go bula madirelo a go beola le go dira meriri ya batho le go nosetsa ditshipi.” Mongwe wa banni ba motsana wa Rappelspan ebile e le mogwebi, Mme Piet Van Neel a bolela fa kgokelo ya motlakase e tsile go tlhofofatsa tsamaiso ya kgwebo ya gagwe fela thata. O tlhalositse fa a gweba ka go dira dikuku tsa mediro jaaka manyalo. “Pele ga re gokelelwa motlakase ke ne ke dirisa setofo sa gase ya lebotlolo mme ke lemogile fa tiriso ya sone e le turu go gaisa fa o dirisa setofo sa motlakase.” O tladitse ka gore sale a gokelelwa motlakase o kgona go dira dikuku di le mmalwa ka letsatsi go na le nako ya a santse a dirisa gase ya lebotlolo. “Gase ya lebotlolo e turu ka jalo ke ne ke sa kgone go apaa dikuku ka nako tsotlhe, mme sale motlakase o gokelwa ke kgona go di apaa ka nako nngwe le nngwe hela ha ke amogetse dikopo tsa tsone mo bathong.” Mme Naledi Witbooi o ne a tlaleletsa mo mafokong a ga mme van Neel a bolela fa ba itumetse fela thata ka se se tsile go tlhofofatsa matshelo a bone ka tsela tse dintsi tse di farologaneng. “Motlakase ke selo sa botlhokwa fela thata mo malatsing a segompieno ka didirisiwa ka bontsi di tlhokana le one”, ga bua Mme Witbooi a tlatsa ka gore dilo di tshwana le setshwantsho sa motshikinyego. “Re tlaa simolola go lebelela setshwantsho sa motshikinyego mme re ithute a bo re bone ka tse di diragalang mo lefatsheng la rona le mafatshe a a mabapi,” ga tswelela mme Witbooi. Rre Modisaotsile Wabatsima ebile e le moeteledipele wa tsa kgokelo motlakase ko Tsabong o ne a tlhalosetsa pampiri ya BOPA ha ba setse ba goketse motlakase mo malwapeng a le mmalwa ko Rappelspan. “Re setse re tshubile malwapa a le mmalwa gammogo le matlo a sekolo se se botlana sa Rappelspan Primary School,” ga bua Rre Wabatsima. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gone ga nna le dikgoreletsi mo kgokelong ya motsana o a tlatsa ka gore jaanong tsotlhe di apere tshiamo ebile ba solofetse go feleletsa kgokelo mo motseng otlhe mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO
politics
7
Ba tlhagisiwa go ikela tlhoko
Motshwarelela mogolwane wa sepodisi kwa Maun, Rre Oarabile Hulela, o gwetlhile batho ba kgaolo ya gagwe go ikelatlhoko fa ba tsamaya mo nageng ka nako e ya dipula. Rre Hulela o buile se morago ga ditiragalo tse pedi tse mo go tsone batho ba ne ba timela mme ka lesego ba bonwa morago ga malatsi a feta bongwe. Mo tiragalong e nngwe bana ba le bane ba Sankoyo ba ne ba timetse ka Matlhatso kgwedi eno e le lesome le bone. Go begetswe mapodisi ka nako ya boferabobedi bosigo morago ga gore bana bao ba seka ba bonala ba sale ba ile go bapala maungo a naga ka nako ya lesome le bongwe mo mosong. Bana bao ba dingwaga tse di fa gare ga bosupa le boferabongwe, basimane ba le babedi le basetsana ba babedi ba ne ba lala gone mo nageng mme ba bonwa Hirikgong a le lesome le botlhano ke mapodisi. Rre Hulela o tlhalositse fa mapodisi le masole ba ne ba ntshitswe go batla bana bao ka dinao le ka sefofane sa tlhootomo, mme ba bonwe ke lekoko la dinao. O supile fa bana bao ba ne ba le mo seemong se se siameng mme ba neelwa ba malwapa a bone. Mo go e nngwe tiragalo, rre wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi o ne a timela a ya morakeng wa Lechanja gaufi le Makalamabedi. Rre Hulela o tlhalositse fa rre yoo a ka tswa a timeditswe ke dipula tse di tshologang mo kgaolong mme a tlhoka go lemoga kwa a tshwanetseng go leba teng. Le fa go ntse jalo, go ne ga begelwa ba sepodisi sa Maun ka ba masika ba ne ba bona a sa goroga kwa morakeng gape a seyo kwa Maun. Rre yoo o timetse kgwedi eno e tlhola lesome le bongwe mme a bonwa e tlhola lesome le boraro ke ba sepodisi a setse a itharabologetse, a lemogile tsela e e yang morakeng. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Thuto ya bananyana konokono
Thulaganyo ya go simolodisa lenaneo la thuto ya bananyana e thusa baithuti ba go akola tsamaiso ya thuto pele ba simolola lekwalo la ntlha. Mafoko a, a builwe ke mookamedi mo lephateng la thuto go tswa moding kwa kgaolong ya Kgalagadi, Mme Boikanyo Seitsang, mo potsolotsong le BOPA bosheng. Mme Seitsang o boletse fa lenaneo le, le itebagantse le bana ba ba dingwaga tse nne le sephatlho go ya kwa go tse tlhano. A re lenaneo le le sale le simolodisitswe kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2014. O supile fa mo ngwageng ono ba kwadisitse palo e e kwa godimo ya bana ba ba ruthuntshiwang go ya go dira mophato wa ntlha. Mme Seitsang o supile fa mo nakong ya gompieno ba okeditse palo ya barutabana mo ntlung ya borutelo nngwe le nngwe go nna babedi go na le mo nakong ee fetileng fa morutabana a ne a nna mongwe. O boletse fa lenaneo le le rutuntsha bana go tlwaela tikologo ya sekolo le go ba bula ditlhaloganyo gore e re ba ya go simolola mophato wa ntlha tiro a bo e le motlhofo. Lenaneo le le thusa baithuti go itse go kwala le go bala gape le ruta gore e re ba tsena kwa lekwalong la ntlha a bo ba setse ba tlwaetse tikologo ya sekole. O supile fa khansele ya Kgalagadi e ba ema nokeng nako le nako fa ba na le mathata kgotsa ba tlhaelelwa ke didirisiwa. Mme Seitsang a re o tshwenngwa ke batsadi ba ba kwadisang bana ba bone morago ga nako ee beilweng, le ntswa ikwadiso e bulelwa go sale nako. O supile fa kemo nokeng ya batsadi mo thutong ele kowa tlase fela thata mme ba tsaya matsapa a go tlwaetsa bana tikologo ya sekolo fa barutabana ba tshidilo maikutlo le bone ba leka ka bojotlhe go fa bana ditsompelo tse ba di tlhokang. BOKHUTLO
education
4
Borre ba ithuna dinta kwa kgotleng ya ga Kgosi Khaise
E rile Ngwanatsele a le lesome le boferabongwe, le e leng letsatsi la mafatshefatshe la borre, borre ba New-Xanagas ba kopana kwa kgotleng ya ga Kgosi Dlamini Khaise go ithuna dinta. Morago ga go tshotlha dikgang di akaretsa kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya nnotagi, tse di amang botsogo jwa bone le tiriso ya madi tota, ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore ba tshwanetse go nna le boikarabelo, le go nna sekao mo setshabeng ka kakaretso. Ba ne ba supa gore metlha ga se ya maloba fa ditiro le boikarabelo bongwe bo neng bo kgaogantswe ka bong, e bile borre ba tshwanetse go amogela gore bomme ba ka goga lefatshe kgotsa ba etelela morafe fa ba na le bokgoni. Ba ne ba dumalana gore ba tshwanetse go thibela kgokgontsho ya bong ka ditsela tsotlhe, e seng go fetoga bakgokgontshi, e bile ba re ntwa kgolo ke ya molomo. Ba re borre ba tshwanetse go etelela malwapa a bone pele sentle, le go fokotsa go inaakanya le nnotagi ka di ama botsogo jwa bone, di tlhakatlhakanya malwapa le gone go ba busetsa kwa morago, ka madi a felela koo. Ba re ba tlaa emela botsogo jwa bone ka dinao, go na le go nna maoto a tshupa go ya kwa dikokelong go ya go itlhatlhobela malwetse, kgotsa go itekodisa fa ba na le bokoa bongwe. Ba ne ba itlama go tsaya karolo mo kgodisong ya bana ba bone, le fa diemo e ka nna di fe. Mogolwane mo ofising ya palo batho ya Ghanzi, Rre Thatayaone Maithamako o ne a re le fa rre a ka nna le ngwana le mme a sa mo nyala, o na le tshwanelo le boikarabelo jwa go tlhokomela ngwana yoo. Le fa go ntse jalo, a re borre ga ba a tshwanela go tlhokomela bana fela ka gore ba patikwa ke molao. Mongwe wa banni, Rre Domma Qwiqao o ne a supa fa tharabololo ya mathata otlhe a selefatshe a ka fela fa batho ba ka dira dikgatlhego tsa Modimo, e seng tsa bone. Mo godimo ga moo, Rre Qwiqao a re batho ba tshwanetse go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko. Mokwaledi wa khansele potlana ya Charleshill, Rre Christopher Maramba o ne a supa matshwenyego ka bana ba sekole sa koo se sebotlana ba ba tlogelang sekole ka ntata ya boimana, a supa fa dipalo di setse di tsamaya kwa go lesome le botlhano. Ka jalo, Rre Maramba o ne a kopa borre go tsaya boikarabelo gore dipalo tse di ye kwa tlase. A re gantsi borre ba motse ke bone ba umakegang mo boimaneng jwa bana bao, ka jalo a ba kopa go sireletsa bokamoso jwa bana, go na le go bo senya. A re o dumela gore fa bana ba ka atlega mo dithutong, kgabagare dipalo tsa Ipelegeng di ka fokotsega.
education
4
Ba borwa ba tlhophile komiti ya babereki
Badirelapuso ba ba duelwang ka letsatsi ba kgaolo ya borwa mo Kanye ba sa tswa go tlhopha komiti e e tlaa ba tsamaisang go simolola ngwaga ono, morago ga go tlhophololwa e e ntseng e le teng, e e tsereng dingwaga tse tharo. Mo boidiiding jo bo neng bo kokoane mo ntlolohalahaleng ya Marapalalo, badiri ba le masome a a ferang bobedi le boferabongwe ba ne ba tlhopha Rre Manyoloi Tselaesele go nna modulasetilo, a fenya Rre Edwin Seitaaboro, yoo o neng e le modulasetilo wa pele ka ba le lesome le boferabongwe, a latelwa ke Rre Abel Morupisi ka ba roba bongwe. Maemo a mothusa modulasetilo a tserwe ke Rre Seiphemo Tebejana, yo o neng a se na moganetsi, fa a bokwaledi a tserwe ke Rre Nicolas Sekwenyana, yo o boneng batlhophi ba le masome a a ferang bobedi le bosupa, fa mothusi wa gagwe e le Mme Copper Rebang ka batho ba le masome mararo. Motshola madi e nnile Mme Gaborekwe Tsiapa yo o neng a sa ema le ope. Go ne ga tlhophiwa gape maloko a le matlhano a a tlatsang komiti eo. Morago ga go tlhophiwa, Rre Tselaesele o ne a solofetsa fa a tlaa tsosolosa mokgatlho wa bone le dikomiti tsa pereko tse dipolana mo maphateng ka go farologana go thusa babereki. O boletse fa makgotla a sule, ka jalo a tshwanetse go tsosiwa, a tlatsa ka go re ka nako ya dikhuduego a ne a lwela babereki ka tsotlhe tse a neng a na le tsone. O kopile komiti e ntsha go goga mmogo ka bongwefela jwa pelo. O kopile gore ba tlhakanele ditsheko gore ba kgone tiro e ba e tlhophetsweng.Mo dikgannyeng tse dingwe, maloko a boleletswe gore kgang ya kokeletso dikamogelo e sa ntse e tshegeditswe ke Burgaining Council. Bokhutlo
politics
7
Kgosi ke kgosi ka batho
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o gakolotse kgosi ya Kgope e e sa tswang go tlhomiwa mo setilong fa kgosi ele kgosi ka batho. Kgosi Otsisitswe Kgosimokgalo o ne a tlhomiwa mo setilong ka Labotlhano kwa moletlong o o neng o natefisitswe ka mmino wa setso le poko. Kgosi o tlhatlhama kgaitsadie ebong Patrick Mokgalo yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 2011. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa bogosi bo le botlhokwa thata e bile lefatshe leno le bo tseela kwa godimo. O gakolotse Kgosi Kgosimokgalo gore a seka a iteba ele motho wa mme, a itse fa ele kgosi e e eteletseng morafe pele. Mothusa tona o akgoletse banni ba Kgope go sa leta dikgogakgogano go re di ba tsene ka bogare kaba kgonne go nna dingwaga di tse thataro go sena kgosi. A re mo nakong ya gompieno, bogosi bo a lwelwa ebile go kgona go tsaya dingwaga tse dintsi gore kgosi e bewe mo metseng e mengwe. Kgosi kgolo ya Bakwena yo e bileng e neng ele ene a tlhomang kgosi, o ne a kopa banni go ema Kgosi Kgosimokgalo nokeng. O gakolotse Kgosi go busa ka bopelotelele, a itse gore o busa batho ba ba megopolo ee farologaneng. Fa a fiwa sebaka sa go laa kgosi, Kgosi Michael Molefe wa Kopong o gakolotse Kgosimokgalo go rerisa bo rangwaneagwe ka tsotlhe tse a eletsang di ka dirwa. “O tsile go tsaya ditshwetso mme oseka wa di tsaya ka maikutlo aa kgoberegileng”, ga gakolola jalo kgosi Molefe. O tsweletse ka go gakolola kgosi go itse tsamaiso le molao motheo wa lefatshe, a re kgosi a netefatse gore o bopaganya morafe wa motse wa gagwe ebile a ba rute le mowa wa boipelego. Kgosi Molefe o ne gape a gakolola kgosi go kgothatsa morafe go lwantsha borukuthi le go ngokela ditlhabololo mo motseng wa gagwe. E rile a ba kgwa dikgaba, Kgosi Kgosimokgalo a tlhalosa fa a itlama go bereka le morafe wa gagwe sentle. O ne a a ikuela fa a kopa tirisanyo mmogo mo morafeng wa gagwe. Bangwe ba ba tsenelela moletlo e ne ele dikgosi le dikgosana tsa metse ya kgaolo ya Kweneng, mopalamentse wa kgaolo ya Lentsweletau /Mmopane Rre Vincent Seretse gammogo le mokhanselara.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ditlou di ralala motse
Banni ba Sexaxa, mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba lela ka ditlou tse di ralalang motse ba re di tsenya matshelo a bone mo kotsing. Go ya ka bontsi jwa banni ba, ba ba tshelang ka go itshwarela ditlhapi mo nokeng ya Thamalakane, mo bosheng ditlou di ne tsa ralala motse wa bone ka dipalo tse ba sa di tlwaelang. Mo potsolotsong le A re se se dira gore ba boe ba iphotlhere ka ba fitlhela matloa a tsamaile, a tlatsa ka go re mo nakong eno le go thaisa ditlhapi ba setse ba itsapa, mme se, se ba baya ka fa mosing ka ke tsone fela ba itshetsang ka tsone. Mongwe wa banni, mme ene e le molemi Rre Shumba Moesi, o ne a bua a sa kgale mathe ka fa ditlou di senyang masimo ka teng. A re ditlou di ja ditlhare tsa mokolwane le motjiarana. Rre Moesi a re le fa ditlhare di le mo lwapeng, ditlou di a tsena mme di nne diphatsa mo matshelong a bone, a tlatsa ka go re nako e ntsi di nna bogale ka dintsa di a bo di di bogola. A re fa go le bosigo ba tshaba go tswela kwa ntle. O tlhalosa gore le bana ba bone ba tsena morago ga nako kwa sekoleng ka ba tsoga bo sele ntateng ya ditlou . Banni ba supile fa ba lephata la diphologolo ba leka ka bojotlhe go ka koba ditlou tse mme di boa. BOKHUTLO
society
9
Sefefo se tlogela Ranamane mo legoeleleng
Moletsi wa katara yo o tumileng kwa Serowe, Rre Ditshoto Ranamane o setse mo legoeleleng morago ga gore sefefo se tseye marulelo a ntlo ya gagwe ka Labobedi. Rre Ranamane yo o itsegeng thata ka leina la Abaa, o ne a tuma thata ka pina ya Sakomou ke Sesarwa, mme go tewa gore a re tsamaye. Mo potsolosong le Rre yo, wa dingwaga tse 66, a re go boeng kwa kgonnye o ne a fitlhela mosasana wa gagwe o a nnang mo go one le ngwana wa gagwe le ditlogolo o rutlolotswe ke phefo. A re ka lesego la ga nthonyana ga go a senyega sepe mo teng ga ntlo e bile ga go a nna le kgobalo epe kwa ntle ga disenke le ditlhomeso tse di senyegileng. Rre Ranamane o boletse fa a itshetsa ka go letsa katara mme fa e sale go nna le taolo metsamao ya batho go laola kanamiso ya mogare wa corona o sokola go itshetsa. O boletse fa ntlo eo a sale a e agelwa ke banna bangwe ba basweu ba ba neng ba etetse mo Serowe mme ba ithuta puo ya Sesarwa mo go ene ba bo ba mo leboga ka go mo agela ntlo eo. A re ka go sena se a ka se itirang o begetse ba boipelego mme ba mo tshephisitse gore a seka a ya gope ba tsile go bona ditshenyegelo le gore o ka thusiwa jang.
society
9
Baithuti ba abela bana ba Dilolwe paka
Baithaopi ba sepodisi ba kgaolo ya Dilolwe kwa Ga-Sebako kwa Kanye ba abetse bana ba sekole se sebotlana sa Sebako ba le lesome paka ya sekole ka Labone. Diaparo tse, di ne di akaretsa marokgwe, dihempe, ditlhako le dikausu. Kgosana wa kgaolo, Rre Sebati Dikgageng o kaile fa e se la ntlha baithaopi bao ba thusa ba ba tlhokileng lesego. A re ba kile ba gokelela mongwe pompo ya metsi, selo se a reng ba se dira ka kemonokeng ya gagwe. Kgosi Dikgageng a re e a re ba ikgapetse madi mo dikgaisanyong tsa ditlhopha tsa sepodisi a ba rotloetse go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong. Mokhanselara wa Dilolwe, Rre Morapedi Kgosithebe o akgotse tiro eo. Rre Kgosithebe a re metlha ga e sa tlhole e le ya maloba, ka jalo paka ya sekole e e abilweng, e tlhoka go tladiwa ka d mask. O kopile bana go tlhokomela mpho e ba e abetsweng, ba bo ba tlhoafalele go ithuta. A re ga se molato gore batsadi ba bo ba sa kgone go ba rekela paka ya sekole. Mokhanselara Kgosithebe a re fa ba ka tlhoafalela thuto, ba ka fetola seemo sa malwapa a ba tswang mo go one, le go tshidisa batsadi ba bone botoka. O kopile bana go tlotla batsadi le barutabana, a tlhalosa fa motsadi e se yo o kwa lwapeng fela, mongwe le mongwe yo motona mo go bone ke motsadi. Mokhanselara o ikuetse mo mogolwaneng wa mapodisi a Kanye go sekaseka bana ba sekole sa Sebako a re ba ka nna ba se ithaopela ka go sena yo o se ithaopetseng mo nakong eno. Mogokgo Cinnie Bogopa o lebogile baithaopi bao ba setlhopha sa boraro a bo a ba eleletsa tsotlhe tse di molemo. A re botsalano jwa sekole le ba sepodisi bo tlaa nonofa. O kopile ba sepodisi le baithaopi go tsena diphuthego tsa sekole, go rotloetsa batsadi go tsibogela thuto ya bana. A re batsadi ba itlhokomolosa bana mme go dira jalo ke molato o motho a ka tseelwang dikgato. Go tlhalositswe fa barutabana ba thusa ka go rekela bana paka le tse dingwe ka se ise se bone yo o se ithaopelang.
education
4
Monna o bolailwe kwa Tutume
Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le borobabobedi wa Makuta, mo kgaolong potlana ya Tutume, a tlhokafatseng morago ga go itewa ka molamu ke rre mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone gone kwa Makuta. Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana o boleletse BOPA fa borre bao ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme mongwe a felela a iteile yo mongwe ka molamu. O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse mo lelwapeng ka nako ya maitseboa ka Mosupologo. Rre Nkhwanana a re ba ile ba ragosetsa rre yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. O boletse fa setopo se le kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka. O ile a tlhalosa fa ba tshegeditse rre yoo wa dingwaga tse di masome marataro le bone go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
crime_law_and_justice
1
Dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe
Modulasetilo wa mokgatlho wa masupatsela wa Southern Africa Zone, Rre Ezekiel Malenya, o gakolotse banana go tsaya malebela mo go ba bangwe. Rre Malenya, yo gape e leng mogolwane wa khamphane ya Botswana Books Project, o buile se fa a tswala kampa ya banana e e neng e rulagantswe ke International Wetlands camp e tshwaraganye le Junior Rangers le Pelotshweu Trust kwa Kedia Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro. Rre Malenya. yo a neng a romilwe ke mothusa tautona, a re mokgatlho wa masupatsela o beile kwa pele boikgapho, selo se a reng se thusa go aga banana le go hema botlhoka tsebe. A re mokgatlho o na le mananeo a go direla banana mono le kwa mafatsheng a mangwe ba tshwaragane le mekgatlho e mengwe. Rre Malenya o lebogetse banni ba Kedia kemo nokeng mo tirong eo, e e neng e tsenwe ke banana ba mono le ba mafatsheng a mangwe. O rotloeditse banana ba Kedia go ipopa ditlhopha gore ba kgone bona thuso ya lenaneo la YDF mme a ba rotloetsa go dirisa bokopano joo, go anya kitso ya go tlatsa dipampiri tsa go kopa thuso. Rre Malenya o solofeditse go ya go kopa dithuso go epa sediba a re ka go sena motlakase, ba tlaa dira se se dirisang marang a letsatsi. Rre Malenya a re o lemogile fa banni ba Kedia ba ikaegile ka leruo mme letlhoko la metsi le ka ba baya ka fa mosing. Khamphane ya Botswana Books Project e ne ya abela baithuti ba sekole se se botlana sa Kedia dipone tse di berekang ka marang a letsatsi di le masome a marataro le borataro mme Rre Malenya a solofetsa go tsisa tse di tlaa abelwang bagolo di feta lekgolo. Dipone tse di tlaa rotloetsa le go thusa baithuti go bala kwa malwapeng mme a solofetsa go abela ofisi ya ga kgosi khomputara le go abela motlobo wa dibuka wa sekole dibuka tse di balwang di le makgolo a ferabobedi. Morulaganyi wa International Wetlands Camp, Rre Kefilwe Boikhutso a re dithuto tse tsa malatsi a ferangbongwe e ne e le go abelana kitso, go rutuntshana ka tlhokomelo ya tikologo, boitsholo le kgwebo. O lebogetse banni ba Kedia go bo ba ne ba kgatlhegela tiro e. A re maikaelelo ke go tswelela ba ruta ka tshomarelo tikologo le matlotlo a naga ka ba ka itshetsa ka o ne. Mogolwane wa Wetlands, Rre Dustin Kebopetswe o boletse fa kampa e tsamile sentle e bile e atlegile. Rre Kebopetswe o supile fa ba kgonne se ka kemo nokeng ya ga Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima. O lebogile banana ba baneng ba tsene tiro go thusa ba bangwe go tlatsa difomo tsa lenanaeo la YDF le go ba thusa ka megopolo gore ba ka bona diphatlha tsa dikole kae ba lebile maduo a bone. Rre Kebopetswe a re go lemosegile fa banana bangwe ba ba dirileng sentle kwa dikolong ba sa kgona go fetela kwa pele.
economy_business_and_finance
3
Balekane ba Botswana ba iteisana borathana
Kgaolo ya Bokone Botlhaba e tsweletse sentle mo go ipaakanyetseng moletlo wa monongwaga wa boipuso ka jaana e setse e simolotse go tshwara ditiragalo dingwe tse di tlhagolelang tsela moletlo oo wa dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi lefatshe leno le ipusa. Nngwe ya ditiragalo tse di mo lenaneong la kgaolo eo ke ya go iteisana borathana ga batho ba ba tshotsweng ka 1966 mo kgaisanong ya mmabontle le rabontle. Dikgaisanyo tse di neng di tsenwe ke borre ba le supa le bomme ba le lesome, di bone Mme Reginah Ramolemane a gapa mma boipuso wa kgaolo ya Bokone Botlhaba mme a itseela P5000, a longwa serota ke Mme Paulinah Makoni yo o itswetseng ka P3 500, fa maemo a boraro a gapilwe ke Mme Chikadzi Mokgwathi yo o atswitsweng ka P1 500. Mo letlhakoreng la rabontle, Rre Mpenya Mpenya o phamotse P5 000 a sena go gapa maemo a ntlha, a latelwa ke borre Joseph Otukile le Babatshi Masalila ba ba tsereng maemo a bobedi le a boraro mme le bone ba ikgapele P3 500 le P1 500 ka go latelelana ga bone. Bangwe ba ba neng ba tsene kgaisano eo le bone ga ba itswela fela ka ba phimotswe keledi ka P750 mongwe le mongwe wa bone. Molomaganya ditiro tsa komiti e e neng e rulaganyetsa dikgaisano tseo, Mme Boipuso Chakane, yo le ene a tshotsweng ka 1966, a re o eletsa fa mowa o montle o, o ka tswelela le mo ditirong tse dingwe tse di rulaganyeditsweng go tshegediwa mo kgaolong. O tlhalositse fa bafenyi mo matlhakoreng oo mabedi ba tla emela kgaolo mo dikgaisanyong tsa ngwaga o o tlang, tse mo go tsone ba tla bong ba iteisana borathana le balekane ba bone go tswa mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. Mme Chekane a re mo kgaisanong eo ya 2015 ya baemedi ba dikgaolo, go tla bo go tlhophiwa ba le lesome ba ba tla nkgisanang magwafa ka 2016 jaaka lefatshe leno le tla bo le goroga kwa tebelopeleng ya lone e bile le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. BOKHUTLO
politics
7
Magodu a itebaganya le marole le mealolelo
Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Rre Dipheko Motube, a re letsholo la kgomokhumo le senotse fa magodu a leruo a itebagantse thata le marole le mealolelo. E rile a bua mo potsolosong kwa Sojwe, Rre Motube a bolela fa magodu a leruo a utswa marole mme a a tshube le go a tshwaya ka matshwao a bone. A re mo nakong tse dingwe, ba utswa marole ao le bo mmaaone gore a tswelele a anya sentle. Rre Motube o kaile fa puso e dira tsotlhe tse e ka di kgonang go lwantsha bogodu jo bo apesitseng barui kobo ka letshoba. O boletse fa e rile kgwedi ya Phalane e le 29, ba tshwara monna mongwe wa Molepolole wa dingwaga tse di masome matlhano le bofera bongwe, go bapa le meraka ya Mosetsanamontle, yo o fitlhetsweng ka dikgomo tsa matimela mme go beleasega a tshwaile marole a tsone. A re ditlhotlhomiso di supa fa dikgomo tseo, di tsene mo polaseng ya rre yoo magareng ga dingwaga tsa 2013 le 2018. Mme a kaya fa go ikgagapelela leruo la batho le le tseneng ka phoso mo merakeng kana dipolase e le molato. Rre Motube o ikuetse mo baruing go bega matimela mo dikhanseleng ka e le tsone di itebagantseng le go a phutha, mme a re barui bangwe ba fitlha matimela mo dikgomong tsa bone, mme a re selo se ga bana go se leseletsa. O kgothaditse barui go tlhokomela leruo la bone le go tlhomamisa gore ba tshwaya le go tshuba marole nako e sa ntse e le teng, e se re gongwe ba iphitlhele ba lelela kgama le mogogoro. E rile a tswa la gagwe, mongwe wa barui kwa Sojwe, Rre Gasengaka Morule, a supa fa letsholo la kgomokhumo lena le maduo a mantle, a re fa e ne e se ka lone gongwe o ne a se ka ke a tlhola a bona kgomo ya gagwe, e e sa bolong go timela e le namane ya moalolelo. O kaile fa kgomo ya gagwe e timetse a ne a e tshwaile, mme e tshwarwa jaana e setse e na le namane. Rre Motube o boletse fa ba tlhotlhomisa molemi mongwe wa masimo a Pakastena go bapa le Kgomodiatshaba mo kgaolong ya Kgatleng, yo go fitlhetsweng a jwadile setlhare se go belaetsegang e le sa motokwane. A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme setlhatshana seo se isitswe ko baitseanapeng go se tlhatlhoba, mme fa go ka fitlhelwa e le sone mmelaelwa o tla lebisiwa molato wa go jwala ditlhare tse di seng ka fa molaong.
crime_law_and_justice
1
Balemi ba lela ka beng ba diterekere
Banni ba metse ya Tswapong borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba sa dirisanye sentle le balemi. Ba re beng ba diterekere bao, ba tla kwa masimong a bone ba bo ba a lemolola, fa ba sena go dira jalo ba bo ba tsaya sebaka se se fetileng kgwedi ba sa ba lemele. Ba re go lebega beng ba diterekere ba tsaya masimo a mantsi a a ba fetileng ba a lemolola a bo a ba palela go a jwala. Ba re seemo seo se a tshwenya ka bokgola bo felela bo tsamaya go bo go felela gape masimo a bone a tlhoga bojang. Ba re mo dinakong tse dingwe ba felela ba ba lemela fela ntswa ba bona bokgola bo tsamaile. Ba buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Mme Dorcas Makgato bosheng. Rre Gabatlhalose Gabakopane wa Moshopha o boletse fa balemi ba setse ba sa itse se ba ka se dirang ka bontsi jwa bone ba sa lema ntateng ya seemo seo. A re ba tlaa felela ba sena tshepho ya gore mo ngwageng ono wa temo ba tlaa bona se ba se jang. Rre Gabakopane a re o itemogetse gore boraditerekere ba lemolola masimo jalo ba raya gore balemi ba seka ba kopa ba bangwe gore ba ba lemele mme ba nne le tshepho ya gore ba tlaa tla ba jwala ka ba a bo ba lemolotse mme go seke go nne jalo. Mme Ngongorego Tshireletso wa motse wa Machaneng o ne a bolela fa ba ise ba leme mme mo gongwe ba lemelwa morago ga kgwedi. Mo go tse dingwe Kgosi Boemo Lechaena wa Moshopha o ne a ikuela mo pusong go tsibogela go dira tsela ya Moshopha/ Shakwe e e leng yone e ba tshwaraganyang le motse wa Mahalapye. Kgosi Lechaena a re tsela eo e sekgele sa dikhilomithara di le masome a mararo le bobedi ka jalo ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara di le lekgolo masome a mararo le bobedi go ya Mahalapye. Fa a tsibogela dilelo tsa bone, Mme Makgato o ne a bolela fa a itemogetse gore boraditerekere ba tsaya masimo a mantsi thata ba bo ba palelwa ke go a lema. A re go tlhokana le gore ba dire lenaneo la gore ba tlaa lemela balemi jang ka mo kgaolong ya gagwe go na le diterekere di le 77 le digogi di le 44. Ka jalo o ne a solofetsa banni fa a tlaa tsibogela kgang ya boraditerekere gore go bonwe gore go ka dirwa jang. BOKHUTLO
society
9
Setlhopha se gatela pele ka tokafatso maduo
Setlhopha sa tokafatso maduo se se bidiwang Morero go tswa kwa lephateng la ofisi ya ga molaodi kwa Francistown se gatetse pele mo go tokafatseng maduo mo tirong. Fa a lekodisa bagolwane ba maphata ka go farologana , modulasetilo wa setlhopha sa Morero, Rre James Mothomae o tlhalositse fa setlhopha se bopilwe ka banna le basadi ba motia go tokafatsa tomagano fa gare ga ofisi ya ga molaodi le batsaya karolo mo kgaolong ya bone. Rre Mothomae a re ba dirile bokopano joo go tla go tsaya bogakolodi le malebela a go fetela kwa legatong la go ya go nkgisana magwafa le bangwe ka bone go tswa mo dikgaolong tse dingwe mo dikgaisanong tse di yang go tshwarelwa kwa Gaborone kgwedi eno ele masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mabedi le borataro. A re morago go tsaya maemo a ntlha kwa Maun, ba bone go tshwanela gore pele ga ba ka fetela kwa legatong la bobedi ba nne le bokopano le bagolwane ba bone go itsheka-tsheka. Rre Mothomae o tlhalositse gape gore ba ikaelela go nna baeteledipele mo go ntsheng ditlamelo le dithuso tsa tlhwatlhwa mo kgaolong ya Francistown. E rile a amogela badiri le bagolwane, mothusa mogolwane wa ofisi ya HIV/AIDS, Rre Ketshepile Nthomiwa a tlhalosa fa go le molemo go nna le setlhopha se se motia se se tsamaisang merero ya tokafatsa maduo le go tsibogela dingongorego tsa setshaba mo kgaolong ya Francistown. Rre Nthomiwa o akgotse setlhopha seo tiro e ntle e ba e dirileng le go ba eleletsa katlego mo dikgaisanong tse di tlang. A re go maleba gore ba fe setlhopha mofago le go ithuta ka se ba sa tswang go se supa gammogo le go rotloetsa maphata ka go farologana go tsaya malebela. Rre Nthomiwa a re go dira tiro eo mo lebakeng la ngwaga le kgwedi tse supa, ke go supa tlhabologo a tlatsa ka gore go itlhabolola ga se ga sekole fela. O kgothaditse setlhopha go tlogela go inyatsa mme a ba lemotsha fa mongwe le mongwe a nale seabe e bile a le botlhokwa. Bokhutlo
society
9
Dinonyane mofenyi wa sefalana
Rre Leagile Dinonyane wa Lecheng ke ene mofenyi wa kolotsana ya boapeelo kwa marekisetsong a Sefalana, morago ga go reka dijo koo kgwedi le kgwedi. Rre Dinonyane yo gape a neng a sa tswa go tlogela tiro ka bogodi mo koporaseng ya motlakase, e bile e ne e le letsatsi la gagwe la matsalo, o ne a atlhoka a le tlhaeng morago ga go itsesiwe fa e le ene mofenyi wa kolotsana ya boapeelo. Kgaisanyo eo, e e neng e le mo marekisetsong a Sefalana otlhe mo lefatsheng leno, e simologile ka Phukwi ngogola go fitlhelela Ngwanaatsele a le lesome le bongwemonongwaga. Rre Dinonyane, yo e leng monni wa Palapye, a re ene le ba lelwapa la gagwe ba reka dijo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi kwa Sefalana. Mofenyi wa bobedi ke Mme Amantle Supang, wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa Sefhophe yo ene a ikgapetseng P10 000. Mofenyi wa boraro e ne ya nna Rre Oageng Lebonetse wa dingwaga tse di masome mararo le bofera bobedi wa Manaledi. E rile a aba dimpho tseo, Mopalamente wa Palapye, Rre Moisaraela Goya a leboga marekisetso a Sefalana go thusa Batswana ka go ba direla dithulaganyo di tshwana le e ya dikgaisanyo tsa bareki. A re ke ngwaga wa bolesome le boraro ba Sefalana ba ntse ba na le dikgaisanyo tsa mefuta e e farologanyeng, jaaka ba ne ba aba diterekere, dikoloi le tse dingwe, seo e le gone go arogana dipoelo tsa bone le bareki. E ne e rile go le pele, modulasetilo wa marekisetso ao, Rre Baakile Mmusi a supa fa ba ne ba afa mongwe le mongwe yo o rekang ka P50 le go feta sebaka, fela fa sengwe se se mo kgaisanyong se le mo dithotong tse a di rekileng, mme a lebogisa bafenyi go bo ba kgonne go fenya kgaisanyo eo. Fa a leboga, mogolwane wa madirelo a Sefalana, Rre Thabo Namoshe o supile fa bareki e le bone konokono ya marekisetso a bone. A re kwa ntle ga bone ga ba kake ba kgona go tswelela. O ne a bolela fa kolotsana ya boapeelo e lopile P60 000, e na le didirisiwa tsotlhe tse ditlhokegang tsa kapei ga mmogo le gase e e apayang, e bile e tsentswe le dipone tsa motlakase. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Banni ba galalediwa ka boitshwaro jo bontle
Mothusa Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane Assistant supritendent Foda, a re o leboga batho ba kgaolo ya gagwe go bo bane ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Assistant Supridentant Foda a re ba gatisitse petelelo ko masimong a Ditawana, a tlhalosa fa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bone a beteletsweng ke ntsalae wa dingwaga tse di fagare ga lesome le bongwe le lesome le botlhano,atlatsa ka gore tiragalo e e diragetse mo lwapeng. Supt Foda are ba gatisitse dikgang tsa go thubiwa ga dibara dile pedi ,ko Mmatshumo go thubilwe bara ya Obis ga utswiwa majalwa,motsoko,le airtime tsa madi a kana ka P3000,fa kwa Letlhakane go thubilwe bara ya Zamalec le gone ga utswiwa majalwa,metsoko,le airtime tsa madi a kana ka P3700,le marekisetso a dijo a Sechaba go ne ga utswiwa metsoko ya madi a kana ka P979.00 le P40 a re tiragalo tse di diragetse bosigo ja ngwaga o mosha. Supt Foda a re bane gape ba gatisa go thujwa ga matlo a le mararo ,a bolela fa go thubilwe ntlo kwa sekolong se golwane sa Motsumi ga utswiwa dithoto tsa madi a kana ka P7600,ga thujwa ntlo ko sekoleng se se botlana sa supang ga utswiwa dithoto tsa madi a kana ka P3500,ga thujwa ntlo engwe kwa kgotleng ya Tawana mo Letlhakane ga utswiwa bolao le dikobo tsa madi a kana ka P3179. Mo dikgannyeng tse dingwe Rre Foda a re ba tshwere batho bale masome a mabedi ka molato wa g nwela bojalwa mo mekgwatheng,mme ba ba lefisa madi a kana ka P200,le batho ba le bane ba rekisang bojalwa pele ga nako ee beilweng, le a le mongwe wa bara ba lefisiwa madi a fagare P200 le P500. O tweletse a re ba ne ba phatalatsa batho ba baneng ba dirile dipikinic ba sa kopa diteseletso,ba ne gape ba tshwara mongwe yoo neng a rekisa gone koo le ene a sena teseletso ya go rekisa ,mme ba mo a tlhola madi a akana ka P1000. Supt Foda a re ba tshegeditse batho ba letso la Zimbabwe bale 29 mo diseleng tsa bone ,bale 25 ba tshwerwe ka molato wa go bereka ba sena diteseletso ,atlatsa ka gore ba ne ba busetse ba bangwe ba le lesome pele ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Mo go tse dingwe Rre Foda a re ba tshwengwa ke tiriso ya motokwane e e ko godimo mo kgaolong ya bone ya sepodisi ,a tlhalosa fa ba tshwere batho bale bantsi ka motokwane ,segolo jang ko dikgorong tsa matlhoko a leruo tsa Makoba le Thalamabele,mo letsholong la bone la go emisa batho ba ba phuruphutsha.BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Lekgotla le kolotwa madi madi
Lekgotla la kabo ditsha la Ngwato le kolotiwa P53 186 300 yo eleng makgetho a ditsha tsa kgwebo tse di abetsweng Batswana. E rile a buisa phuthego ya bofelo ya khansele ya Legare, modulasetilo Rre Lesego Raditanka a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore madi ao a ka bo a thusa go tsamaisa lekgotla leo ka jalo go tshwanetse gore a duelwe ka bonako eseng jalo lekgotla le tla a retelelwa ke go dira ditirelo dingwe tsa lone. Rre Raditanka o tlhalositse fa lekgotla leo le lebanwe ke namane e tona ya go bona gore a ditsha tse di abetsweng batho di a tlhabololwa mme go supagetse fa go sa nna jalo ka di sena ditirelo. O boletse fa seemo se, se rontsha kgaolo maungo a itshetso le itsholelo a a kabong a le teng fa ditsha di ne di tlhabolotswe. Mo go tse dingwe, o supile fa letsholo la go kwadisa ditsha le tsweletse le fa go na le dikgwetlho tse di akaretsang beng ba ditsha ba ba maoto a tshupa go supela ditsha tsa bone, a bolela fa seo se dia thulaganyo ya go kwadisa ditsha. Ntswa go na le dikgwetlho, o tlhalositse fa lekgotla le eletsa go wetsa go kwadisa ditsha kwa Serowe le Mahalapye pele ngwaga wa madi o wela. Mooketsi BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Seemo se a nametsa kwa BMC
Moanamisa mafoko wa matlhabelo a Botswana (Botswana Meat Commission, BMC) Rre Brian Dioka a re seemo sa kgwebo se a nametsa kwa matlhabelong a bone. Rre Dioka o tlhalositse se bosheng fa BMC e abela batho ba ba amilweng ke merwalela kwa kgaolong ya Ghanzi dibeke tse di fetileng, segolo bogolo kwa D’Kar. O tlhalositse gore matlhabelo a BMC a ntse a faraferwe ke dikoloto le go lwantsha matlhoko a bolwetse jwa tlhako le molomo ga mmogo le jwa mabele (measles). Mme o ne a tlhalosa gore le ntswa ba santse ba lwantshana le dikoloto, botsogo bo anametsa. O tlhaloseditse banni ba D’Kar gore dipoelonyana di ntse di a rothegela. A re ntswa gone dikoloto di le dintsi go feta dipoelo, gone mme ga go tshwane. Rre Dioka o tlhalositse gore tiego ya go duela barui e bakilwe ke leshekere le ba ntseng ba le mogo lone mme a re seemo se a tokafala ka jalo a kopa barua kgomo go ba inela diatla metsing; a tlhalosa gore ka dipoelo tse di rothegelang ba gwetlhega go dira thata segolo bogolo gore ba fefose go duela barua kgomo ba ba saletseng kwa morago. Mme, o ne a kgothatsa barua kgomo go tlhokomela dikgomo tsa bone mo go tsenweng ke bolwetse jwa mabele. A re BMC e latlhegelwa ke dikadike tsa dipula di le lesome le boferabongwe (P19m) mo ngwageng ka ntata ya go laola bolwetse jwa mabele. Ka jalo o ne a tsibosa barua kgomo ka pilisi e a reng e fiwa kgomo gabedi fela mo ngwageng. A re pilisi e, e fokotsa dibokwana mo kgomong mme e laola bolwetse jwa mabele. O tsweletse a tlhalosa a re pilisi e, e ka lopa morui dipula di le masome a marataro (P60) fela ka jaana o tla bo a tlhoka di le pedi mme e le nngwe ele dipula tse masome mararo (P30). Rre Dioka a re BMC e rotloetsa kgwebo mo thuong ya dikgomo; a tlhalosa gore dipoelo tsa kgomo dia nametsa mme a re le nama ya kgomo e tswang mo kgaolong ya Ghanzi ke ya maemo a ntlha ebile e na le dipoelo tse di nametsang. BMC e ne ya abela batswa setlhabelo dithini tsa nama go tswa BMC di le 1 800, mme ele tse di tla kgaoganngwang malwapa a le 136 a a amilweng ke merwalela. Mme Gakeolese Mokere wa komiti ya dibetso tsa tlholego a re di tla fiwa banni ba D’Kar ka jaana ele bone ba amegileng thata. A re tse dingwe di tla abelwa ba metsana ya Grootlagte le Chobokwane. Fa a latlhela la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Ghanzi, Rre Greg Losibe, o ne a re dithuso tsotlhe tse di gorogang go thusa ba ba wetsweng ke seru sa merwalela ke tomagano ya boeteledipele jwa kgaolo ya Ghanzi. Mme o ne a lebogela thuso ya BMC le go tsibogela kopo ya khansele ka bofefo. Bokhutlo
health
6
Puso e tlaa oketsa dithuso tsa leuba
Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo temo- thuo le dijo, Rre Konstatinos Markus a re puso e sekasekile go tsweledisa dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo e lebeletse leuba le le mo lefatsheng leno ka bophara. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Wenela kwa Maun bosheng. Rre Markus a re ba ne ba kopana le Tautona go mo itsese ka seemo sa leuba, a tlhalosa fa jaanong phokoletso ditlhwatlhwa e okeditswe go fitlhelela Seetebosigo. O tlhalositse fa go tswa foo go ya pele go tlaa boa gape go sekasekwa seemo, mme a gakolola barui go fokotsa leruo la bone, segolo jang dikgomo, go hema gore di jewe ke mmu ka ntata ya leuba. Rre Markus o bile a tlhalosetsa morafe ka madi a a ntshitsweng ke puso go lwantsha kgofa e thamaga e e apesitseng barui ba Okavango kobo ka letshoba. O ba kopile gore ba seka ba hudusa leruo go le isa go sele ka seo se ka phatlalatsa kgofa eo, e e borai thata e bile e anama ka lebelo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kemo Kaboko a re kopo ya bone go direlwa motshelakgabo gaufi le kampa ya masole go ba thusa go ya kwa kokelong ya Letsholathebe, e ne e dumalwanwe mo DDP7 mme e rile ka DDP8 ya bo e seyo, ga go na karabo gore ke eng go sa diragadiwa. Batho ba kgaolo eo ba ne ba lela ka lenyora le ba reng le tsere phekelo e sele, ba ba tlatsa ka gore ga ba bee kompone ya Water Utilities Corporation sebete, mme ba kopa gore go busediwe lephata la metsi. Kgosana wa kgaolwana ya Wenela, Mme Elizabeth Sekeseke ene o ne a kopa morafe go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong e e tsweletseng gore ba kgone go tla go itlhophela moemedi yo ba mmatlang.
economy_business_and_finance
3
Dikereke di rotloediwa go aga setshaba
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la OAIC, Rre Phillimon Motlhagodi o kopile dikereke go nna le seabe mo go tokafatseng lefatshe. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Motlhagodi yo gape a eteletseng lekgotla la dikereke tsotlhe la BONECO, o supile fa a tshwentswe ke botlhokatsebe jwa bangwe batho, bogolo jang banana bo jo akaretsang tiriso ya diritibatsi, tlhakatlhakano ya sepolotiki mo lefatsheng gammogo le maduo a bana ba dikolo a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga. “Re dirang re le dikereke go aga Botswana? Re tshwanetse ra nna le seabe go baakanya mathata a a apereng lefatshe. A baruti le baporofiti ba nne le seabe. Dikereke ga di a tshwanela go emela go bidiwa mme re tshwanetse ra ema ka dinao le rona fa re bona go na le tlhakatlhakano, ra tsenya letsogo mo go siamiseng diemo,” o gateletse jalo. O ne a kopa dikereke le makgotla a tsone bogolo jang a a kwa metseng a Ministers Fraternal, go dirisa neo ya bone ya semowa go ama Batswana le go fetola ditiro tse di bosula. A re ba tshwanetse ba tsena mo dikoleng ba rapedisa tiriso ya diritibatsi ka tlhoafalo, a tlatsa ka gore kereke ke yone e ka tsisang tshisibalo le kagiso mo lefatsheng le mo malwapeng tota. Le fa go ntse jalo, Rre Motlhagodi o ne a bua a sa kgwe mathe mabapi le dikereke tse di tsweletseng ka go kgotlela le go leswafatsa tikologo. O tlhalositse fa mo kgaolong ya Legare go na le di-tsa tlholego tse dintsi tse di ka tsisetsang lefatshe madi jaaka makgobokgobo a Old Palapye. Mme a re ka maswabi dikereke di tsweletse ka go leswafatsa lefelo leo ka dinako tsa bone tsa dithapelo, go na le go thusa gore le dirisiwe go ngoka bajanala. “Go lobaka puso e ntse e ngongorega ka kgotlhelo ya tikologo e e dirwang ke dikereke mo mafelong a go tshwana le a, mme nako kgolo ke eno gore re iteke re le dikereke. A dikereke di ntshe megopolo ya go ka tlhabolola mafelo a, mme di bone gore a ka dirisiwa jang go tsholetsa itsholelo ya lefatshe, a tiro ya rona e se nne go ya go rapela fela kwa dikerekeng,” Rre Motlhagodi a tlhalosa. A re dikereke di tshwanetse tsa ipopa mme tsa bua ka lentswe le le lengwe mo dikgannyeng tse di amang botsogo jwa lefatshe, a re seo se ka tlhofofatsa tiro gammogo le go aga lefatshe. Mo go tse dingwe, Rre Motlhagodi o ne a gakolola dikereke go emisa mowa wa go nyatsana, a re go a swabisa gore e re batho ba rapela Modimo yoo esi, ba bo ba nyatsana. A re kereke nngwe le nngwe e na le ditsamaiso tsa yone mme seo se tshwanetse sa tlotlwa ke botlhe. Rre Mothagodi o kopile le baruti go emisa go tlhakanya boporofi le bongaka jwa Setswana, a re seo se tsietsa batho se bo se dira gore ba tlhoboge leina la dikereke ntswa e se tsotlhe tsa baruti ba ba dirang jalo. Mogolwane wa makgotla a dikereke o ne a supa fa a tshwentswe ke dikereke tse di ipayang fela, a re mo Palapye go supilwe fa go na le dikereke tsa bo maipaafela di le masome a mararo le bobedi le fa ntswa tse dingwe dikgang tsa tsone di santse di sekiwa kwa go ba kabo ditsha. O gakolotse dikereke go nna di le malala a laotswe go ka tsibogela tse di diragalang mo lefatsheng, a re ba BONECO ba ititeile sehuba go netefatsa gore lentswe la dikereke le a utlwala le kwa babusing tota. Bokhutlo
religion_and_belief
8
E e anyang e leletse...
Baokamedi ba maphata ka go farologana ba rotloeditswe go nna sekao mo go ba ba eteletseng pele ka go bereka ka natla le boineelo eseng go lekanya tiro le madi. Se se builwe ke mookamedi wa lephata le le okametseng khiro ya badirela-puso, Rre Carter Morupisi fa a buisa phuthego ya babereki kwa Letlhakane bosheng. A re baeteledipele ba tshwanetse go itse fa ba rwele boikarabelo ka jalo ba rute ba ba ba eteletseng botlhokwa jwa go dira ka natla. A re maikaelelo a lephata la khiro ya badirela puso ke go emisa dituelo tsa go bereka morago ga nako mo badiring ba maemo a magolwane. Rre Morupisi a re go na le ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang go atswa baeteledipele mo mabakeng a ba patelesegang go bereka morago ga nako e ba e dumalaneng le mohiri ntle le tuelo ya madi. O tlhalositse gore dituelo tsa baeteledipele ba maphata ba maemo a a kwa godimo, di botoka thata fa di bapisiwa le tsa ba ba ka fa tlase ga bone ka jalo ga ba a tshwanela go itepatepanya le bone. Rre Morupisi a re jaaka baeteledipele ba tshwanetse ba ruta ba ba ba eteletseng pele, mme mo mabakeng mangwe ba dire tiro ba sa solofela dituelo dipe. Le fa go ntse jalo, Rre Morupisi o akgotse badiredi ba kgaolo potlana ya Boteti mo maitekong a bone a go ntsha ditirelo tsa tlhwatlhwa le gone ka bofefo, segolo bogolo ba lekalana le le okametseng ditirelo tsa botsogo la District Health Management Team (DHMT) le le sa tswang go ikgapela maemo a ntlha ka go tokafatsa tsamaiso ya go ntsha ditlamelo. Rre Morupisi o akgotse gape sekolo se segolwane sa Letlhakane morago ga go tokafatsa maduo a lekwalo la botlhano go tswa mo go a bo masome a mabedi le bosupa ka 2012 go tlhatlogela kwa go a lesome le bone ka 2013. Le fa go ntse jalo Rre Morupisi a re ga go a lekana, badirela-puso ba tshwanetse go dira go feta jaaka ba dirile go tokafatsa maemo a lefatshe le leng mo go one go lebeletswe ka fa setshaba se fiwang ditlamelo ka teng. A re maemo a, ga a mo jese diwelang ka a lemotsha gore go nale dikgoreletsi dingwe mo tirong tse di kgoreletsang go ntshiwa ga ditlamelo ka tsela e e kgotsofatsang di akaretsa boitshwaro jo bo sa nametseng le madiadia mangwe a sa tshwanelang a dirwa ke babereki. O kgothaditse babereki go ikitaya ka thupana go netefatsa gore mafelo a ba berekelang mo go one a lebega le gone gore ba ba kopang thuso ba kgone go phuthologa ba bo ba ikutlwe ba amogelesegile. A re bogologolo e ne e re batsadi ba batlela ngwana wa bone mosadi, gone go lebelelwa mo lwapeng la boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng e bile le le phepa, le supa fa le tlhokomelwa sentle ka bana ba basetsana, ka jalo a re tikologo e tlhalosa boleng le setho sa yo o berekelang mo go yone. Fa a latlhela la gagwe molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o boletse fa a le motlotlo ka kgaolo ya gagwe, a supa fa ana le bodiredi jo bo dirang tiro ka natla le manontlhotlho a a kwa godimo fela thata. Rre Porati a re badiredi ba kgaolo potlana ya Boteti ba tshwere ka natla go tokafatsa boleng jwa ditirelo tse ba di neelang setshaba. A re ba kgona jalo, ka ba dira ba le seopo sengwe, a tlatsa ka gore go bereka mmogo go thusa gore ba kgone go tlosa dikgoreletsi tse di ka kgoreletsang gore setshaba se thusiwe sentle le gone ka bofefo. Mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Motshwariemang Matseka, o ne a lebogela loeto la mookamedi wa lephata la khiro ya badirela-puso a re, o kgonne go tlhatswa dikgang dingwe tse ba ntseng ba di utlwalela ka podi ya tsela mme ba sena bonnete jo bo tseneletseng ka tsone. Ends
society
9
Go gweba ka mmele kwa Chobe go a tshwenya
Mopalamente wa kgaolo ya Chobe, Rre Ronald Shamukuni o boletse fa a tshwenngwa ke go golela pele ga kgwebo ya go ithekisa mmele ga bangwe mo kgaolong ya gagwe. O boletse se mo phuthegong ya kgotla kwa Kazungula bosheng. Mopalamente o boletse fa kgwebo e, e ne e tlwaelesegile thata ka batswakwa mme jaanong seo se fetogile ka Batswana le bone ba setse ba inaakantse le yone. O ne a ba gakolola go inaakanya le go batla ditiro kwa borogong jo bo agiwang go kgabaganya noka ya Zambezi. “Kago ya boroko e tloga e simolola mme a re boneng gore re a ikatumetsa ka moono e le go tlhama ditiro,” a ba gakolola. Rre Shamukuni o ne gape a leboga banni go bo ba nnile le seabe mo ditlhophong le go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha. O ne a ba itsise fa Palamente e sekaseka molao wa go kwadisa dikereke fa di na le maloko a le makgolo mabedi le masome a matlhano e seng lesome le le ntseng le dirisiwa. Banni ba ile ba supa fa palo eo e le nnyennyane, ebile e tlhoka go okediwa go nna makgolo mararo kana go feta. Kgosi Morgan Makhanga, fa a lekodisa mopalamente o ne a mmolelela fa sekolo se se botlana sa Kazungula se pitlaganye mme ba tlhoka go agelwa sekolo se sengwe ka gore motse wa bone o a gola. O ne a ikuela gape gore Kazungula Newstance ga e na metsi le motlakase mme le kokelwana le yone a re e nyenyane ga e ba lekane. Fa banni ba lekodisa mopalamente ka matshwenyego a bone, ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke dithuso tsa lephata la ditsha. Rre Keitheng Jakoba, yo e leng monana o ile a tlhalosetsa mopalamente fa dikgwebo tsa banana di tswetswe tsotlhe ka gore ditsha tse ba di fiwang di le kwa sekgweng kwa go senang metsi, motlakase le ditsela. Mme Gababonwe Ntema ene o ne a bolela fa ene tshimo ya gagwe e ngathilwe mme le gompieno a ise a duelwe ke ba lephata la ditsha. Rre Simasiku Matengu o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke sepatela sa Kasane, mme o boletse fa seemo sa sepatela se tshwenya ka gore dikago tsa sone di setse di tsofetse le dithuso tsa sepatela di sa tswe sentle ka gore ba kgona go tlhoka melemo teng. Mopalamente Shamukuni o ne a tlhalosa fa a tsere Mothusa Tona wa botsogo Rre Alfred Madigele go ya go bona seemo sa sepatela mme a iponela ka a gagwe matlho seemo sa sepatela se fa se le maswe mme go tlhokega se sesha.
religion_and_belief
8
Boikgapho konokono - moruti
Moruti wa kereke ya St John Anglican Church Bishop Metlhayotlhe Beleme o kopile maloko a kereke eo gore a nne le boikgapo ka se se ka netefatsa tshireletsego ya lelwapa leo la Modimo. O buile mafoko a ka mafelo a beke mo moletlong o kereke eo e neng e amogela moruti wa yone Botshabelo Beleme mo Tsabong. Bishop Beleme o boleletse phuthego gore go botlhokwa gore ba itseye ka maitseo ka seo se ka netefatsa kagiso le tshisibalo. O tsweletse a tlhalosetsa phuthego gore kereke eo e tlhaela ka baruti mme a kopa phuthego gore e rotloetse banana go tsenelela dithuto tsa boruti gore ba tle ba arabe letlhoko leo. Bakereki ba St John ba ne gape ba gakololwa gore ba tshwanetse go ema moruti wa bone yo mosha nokeng gore a tle a kgone go dira ditiro tsa gagwe sentle. Fa a tswa la gagwe, moruti Beleme o supile fa a itumelela gore a bo a filwe sebaka sa go bereka le maloko a kereke eo a kgaolo ya Kgalagadi Borwa, a tlatsa ka gore botsadi jo bo ntseng bo eteletse kereke eo pele moruti a seo bo dirile tiro e ntle. O supile fa a tlaa amogela dikgakololo fa ene a solofetse lerato le tirisano mmogo ka se se tlaa ba kgontsha go aga lelwapa la motia, a supa fa thomo ya gagwe e le ya batho botlhe mo kgaolong e seng bakereki ba St John fela. Moruti Baleme o tlhalositse fa a tlaa seke a letlelele maitsholo a a sokameng mo kerekeng a bo a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone ba ka di fenya fela ka mohau wa Modimo. Mme Mariam Tsietso yo e leng mongwe wa bagolo ba kereke eo o supile fa go goroga ga moruti go tsisitse diphetogo le tsholofelo ka jaana a tsosolositse makalana, mme a re o solofela fa kereke e tlaa golela pele. A re e re ntswa moruti a le mosha go goroga mo kgaolong o setse a etetse bagodi, balwetse le magolegwa mme a ba rapelela go sa kgathalesege gore a ke maloko a kereke eo kana nnyaa.
religion_and_belief
8
Banni ba Mmatshumo ba kopiwa go tlotla seso
Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo mo kgaolong potlana ya Boteti o kopile banni ba motse oo go nna le setho mo losong. Kgosi o dirile kopo eo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, e e neng e itebagantse thata le boitshwaro jwa bomme. Kgosi o supile fa a tshwengwa ke kafa bomme bangwe ba sa apareng sentle ka teng mo dintshong, mo a reng ga go supe fa ba tlotla loso. O supile fa banni ba sa tlhole ba na le tlotlo mo losong gammogo le go le ilela jaaka gone go ntse bogologolo. Kgosi Phetsogang a re o biditse phuthego morago ga gore bomme ba ngongorege ka dilo dingwe tse di diragalang mo dintshong, tse di akaretsang go rwala dihutshe, go apara bokhutshwane, go itsaya dinepe ko mabitleng le go nna digongwanagongwana ba tsositse modumo tirelo ya phitlho e tsweletse. Banni ba ne ba dumalana le Kgosi ka bongwefela jwa pelo fa e le nnete go tlotla loso go nyeletse mo motseng, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa go emisa seemo seo. Ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le bomme ba ba rwalang dihutshe le ba ba aparang bokhutshwane mo dintshong. Ba tlhalosa gore mme o tshwanetse a apara mosese oo tshethileng, a bofa tukwi a bo a bipa magetla fa a ya losong. Ba ne gape ba dumelana gore ga ba na go letlelela mekgwa e ya go tlhoka botho mo dintshong, ba tlhalosa fa ba tla lebelela, mme ba tseele dikgato ba ba dirang jalo. Kgosi o tlhalositse fa a itumelela gore bomme ba lemogile fa ba ntse ba sa dire dilo sentle, a tlatsa ka gore mogopolo o ga se go kgokgontsha ke go leka go baakanya motse. Kgosi Phetsogang o kopile barekisi ba bojalwa go obamela melao ya thekiso ya bojalwa, ba dira jalo ka go bula le go tswala ka dinako tse di beilweng le go fokotsa modumo ka malatsi a boitapoloso. O ne gape a gakolola sechaba go itswara sentle ka malatsi a boitapoloso ka se se ka fokotsa dikotsi sa tsela. BOKHUTLO
society
9
Goya o rotloetsa talente ya go kwala
Talente ya go kwala dibuka ke nngwe ya dilo tse di ka tlhamelang Batswana ditiro. Fa a bua kwa tshimolodisong ya buka ya Rre Goya, yo e bileng e le mopalamente wa Palapye, a re Moruti Sebutlana o tshwanelwa ke go ntshetsa botlhale jwa gagwe mo setshabeng gore bo tle bo solegele Batswana le lefatshe ka bophara molemo ka gore go kwala dibuka go a tlhokega, bogolo jang ka gore bakwadi ba dibuka ba a balwa mo lefatsheng leno. A re buka e ka Setswana e bidiwa ya dipadi tsa botshelo mme e ruta Batswana ka go tokafatsa botshelo jwa bone, bogolo jang ka e ganeletse mo go ruteng ka sekeresete. Buka e e supa fa Modimo a ruta batho gore ba seka ba ineela mme ba nne ka tsholofelo ya gore botshelo jwa bone bo tlaa tokafala. A re buka e e botlhokwa mo botshelong jwa motho, bogolo ka malatsi ano batho ba lebagane le dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo. O rotloeditse Batswana gore mongwe le mongwe a itshegele tema ya gore o ya go dira eng mo ngwageng o o simologang go isa lefatshe leno kwa pele. A re fa e le gore ba ne ba sa atlega mo ngwageng o o fetileng ba tshwanetse ba leka go lwela gore o o simologang one ba tle ba atlege. Rre Goya o ne a ba rotloetsa gore ba simolole go tlhatlhoba matshelo a bone ba bo ba dirisa buka e ka gore e ka ba tsenya mo legatong le le ntle la botshelo. O ne a ba rotloetsa go bala, a re go ka ba thusa gore ba seka ba fenngwa ke mmaba yo o ka ba isang thaelong, bogolo jang banana ka e le bone gantsi ba tshabelelwang ke go kgokgontshiwa. Fa a tswa la gagwe, Moruti Sebutlana o ne a re buka e e mosola, segolo jang ka e ruta ka tsholofelo ya botshelo. A re gape e supa gore e ka ba thusa batho go ralala dikgwetlho mme kwa bofelong ba fenye.
education
4
Kgotlholo e tona e a tshwenya kwa Mokobeng
Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Mokobeng, Mme Sennye Gabokgongwe a re bolwetse jwa kgotlholo e tona bo apesitse motse wa bone kobo ka letshoba. Mme Gabokgongwe a re bolwetse jwa kgotlholo e tona ke bongwe jwa malwetse a a itsegeng a le borai. A re bo ka alafesega fela fa batho ba ka emela botsogo jwa bone ka dinao. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Gabokgongwe a re kgotlholo e tona e gola ka dipalo tse di kwa godimo lebaka e le gore banni ga ba kgathale ka botsogo jwa bone. O boletse fa kgwedi le kgwedi kokelwana ya Mokobeng e kwadisa molwetse wa TB. A re go lebega fa batho ba le maoto a tshupa go amogela dikgakololo tsa baoki ka malwetse one a tsweletse ka go ama batho ka dipalo tse di kwa godimo. O tswelela a tlhalosa gore go tlhabisa ditlhong fa go santse go na le batho ba ba maoto a bonya go ya go itekodisa ntswa lephata la botsogo le dira ka gotlhe go isa ditlamelo tsa botsogo gaufi le batho. A re gangwe le gape lephata leo le gasa molaetsa ka diromamowa kgang e le go ruta setshaba ka malwetse ka go farologana ga one
health
6
Mo-tlhoka pono o loga ditlatlana
Mme Kemmonye Ketsholang wa Xhaxhaba mo kgaolong ya Nhabe ke sekao sa puo e e reng bogole ga se go tlhoka bokgoni ka le fa a sa bone o itshetsa ka go loga ditlatlana. Fa a buisana le BOPA, Mme Ketsholang o tlhalositse fa a tlhokile pono a sa le mmotlana morago ga go tshwarwa ke bolwetse jwa mmokwane a le dingwaga di ka tshwara botlhano. Mme Ketsholang yo o itshetsang ka go loga ditlatlana,mekgabisa ya diatla, meseme le mekgabisa ya mo matlong le mo mafelong a bojanala jaaka dihotele, a re o simolotse tiro ya gagwe a sa le mmotlana. A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe. “Ke latlhegetswe ke pono gotlhelele, ka jalo go ne go se motlhofo ka ke tshwanetse go kgabisa ke dirisa mebala e e farologanyeng, mme ke ne ka kgona ka go ithuta go baya mebala e e farologaneng mo matsogong a a farologaneng le go bofa ka go farologana, mme ke dira jalo fa ke sena go botsa ba ke logang le bone,” ga tlhalosa jalo Mme Ketsholang a nyenya. Mme Ketsholang o bile a tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e a simologa, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. Le fa go ntse jalo, Mme Ketsholang o tlhalositse fa a sa ntse a sa thusiwa ka lenaneo lepe la puso, mme a re o ne a kanokilwe ke ba khansele jaanong o letetse phetolo. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. Mme Ketsholang a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona dibapalwa nageng tse a di dirisang go loga, e leng matlhare a mokolwane. O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa mo bathong ba bangwe, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. Mme Ketsholang a re ga a kgone go ya go itseela didirisiwa mo nageng ka e le mo-tlhoka pono ka e bile ba tshelela mo lefelong la diphologolo tse di borai jaaka ditlou le dibatana. “Ke ka rata go raya batho ba ba tshelang le bogole gore ba seka ba inyatsa ba bo ba ineela mo botshelong ka gore bo-na-le bogole ga se phelelo ya botshelo, ba tshwanetse go tshwara ka thata go dira sengwe se se amogelesegang ka matshelo a bone. Ke tlaa rata go raya malwapa a a tshelang le ba-na-le bogole ke re ba ba ntshetse mo pontsheng ba seka ba ba fitlha gore ba kgone go bona dithuso,” ga feta jalo mologi wa ditlatlana. A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone. O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. BOPA
economy_business_and_finance
3
Bagodi kwa Ngware ba solofetsa go dira dilo botoka ka nako ya kamogelo
Bagodi bangwe ba Ngware kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba solofeditse go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng ka nako ya kamogelo ya madi a bagodi. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Kgotla Kobelwane wa motse oo bosheng. Mongwe wa bagodi, Rre Dipuo Motshegare o solofeditse gore boitshwaro jwa go kgarametsana mo meleng go sa rekegelwe ba-na-le bogole, go sa buise bodiredi jo bo amogedisang sentle, ke dingwe tse di ntseng di dirwa ke bangwe bagodi mme a re ba ikaelela go di fetola. O tlhalositse gore ba ikaelela go dirisana ka neelano ka jaana ba tlhophile baithaopi ba ba tla laolang mela ka nako ya kamogelo, ka go kwadisa maina a bone go ya ka yo o tsileng pele. Mongwe wa bagodi, Rre Ontiretse Kgotlhang, a re tlhakatlhakano e e nnang ka nako ya kamogelo e dirwa ke go fola mela go sa dumalanwa sentle gore go folwe kae. A re ketsaetsego eo e baka ke gore bangwe ba fole mola mo leobong la kgotla fa ba bangwe ba fola kwa ofising ya kgotla. E ne e rile go le pele, Kgosi Kobelwane a tlhalosa fa boitsholo jo bo ntseng bo dirwa ke bangwe ba bagodi ka nako ya kamogelo e se jo bo jesang diwelang. A re boitsholo joo ga bo a siama mme bo ka felela bo baka khuduga ya bodiredi ka jalo bagodi ba tlamege go latela ditirelo kwa Letlhakeng. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, ene o tlhalositse fa a itsisitswe ka matshwenyego ao ke bodiredi jwa poso fa bo tsile go amogedisa bagodi, mme a re bo ntse bo tsweletse mo dikgweding tse tharo ka go tlhomagana. A re o ne a itsisiwe ka matshwenyego a ke mogolwane wa poso, a tlhalosa fa badiri ba poso baba yang koo ka go fapaana kgwedi le kgwedi bo lela selelo sele sengwe. Rre Selatlho a re boitshwaro joo fa bo ka tswelela botla pateletsa bodiredi ja poso go emisa go isa ditirelo kwa motseng oo mme seemo seo se tlame bagodi go itatelela madi kwa Letlhakeng, seemo se a reng se ka kokonela bangwe ka go tla bo go tlamega gore ba tsamae sekgala se seleele. Mengwe ya megopolo e bagodi ba duleng ka yone go fetola boitshwaro e akaretsa go neela ba sepodise ope yoo tla kgoberang kagiso ka go sa itshwareng sentle. BOKHUTLO
society
9
Batswana ba kopiwa go itshekatsheka
Kgosi Segale Letshele wa Jwaneng o kopile Batswana go itshekatsheka le go fetola maitsholo mabapi le HIV/AIDS. E rile a bua kwa merapelong kwa kgotleng ya Jwaneng bosheng, Rre Letshele a re batho ka bongwe ka bongwe ba tshwanetse go itshekatsheka go bona gore seabe sa bone ke eng mo go lwantsheng bolwetse jo. A re puso e dule ka mananeo a go lwantsha mogare wa HIV mme go tlhabisa ditlhong gore Batswana ba bo ba tsenwa ke mogare. A re go botlhokwa gore batho ba nne le seabe se se tseneletseng gore puso e tle e kgone maikaelelo a yone a go emisa go tsenwa ke mogare o mosha. Kgosi Letshele o tsweletse a tlhalosa fa puso e senyegelwa ke madi mo go thuseng Batswana ka mananeo, selo se a reng se ama ditlhabololo tsa lefatshe leno. A re dipaltisiso di supile fa bomme e le bone ba amiwang thata ke seemo sa mogare, a tlatsa ka gore mo lefatsheng ka bophara seemo sa mogare se tsamaya kwa go lesome le boferabobedi le sephatlo mo lekgolong , mme mo dipalong tse bomme ba feta masome a mabedi fa borre bone e le go feta lesome le botlhano. A re toropo ya Jwaneng ke nngwe ya mafelo a mogare o anameng ka dipalo tse di kwa godimo, jaaka go supegile fa batho ba feta lesome le bobedi mo lekgolong ba na le mogare. A re le gone go ntse go supa fa bomme e le bone ba amilweng thata ke mogare ka dipalo tsa bone di feta lesome le borataro fa tsa borre tsone ele borobabobedi le sephatlo fela. Rre Letshele o boletse fa dikgang di tshwana le kgokgontsho ya bong le go tlhoka go itseela ditshwetso ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo e le dingwe tsa tse di dirang gore dipalo tsa bomme ba ba tsenwang ke mogare di bo di golela pele. O kopile borre go ema ka dinao go babalela malwapa a bone ka go fetola maitsholo gore lefatshe leno le tle le fenye ntwa kgatlhanong le segajaja se. A re ere ntswa ngwao e le selo se se botlhokwa mo matshelong a batho, go botlhokwa gore go sekasekwe ditsetlana tsa yone tse di senang boleng e bile di sa age botshelo jwa motho. A re nako e gorogile gore ditumelo tse dingwe tsa ngwao di seegelwe fa thoko fa e le gore di tsenya botshelo le botsogo jwa motho mo diphatseng. O ne tswelela gape a tlhalosa gore e re ntswa dipalo tsa boimana jwa banana mo toropong ya Jwaneng di fokotsegile, palo e e setseng ya borataro mo lekgolong e ntse e a tshwenya ebile e tshwanetse go emelwa ka dinao go e nyeletsa gotlhelele. A re ga go a tshwanela gore e bo go santse go na le bana ba ba imang ka jaana go senya bokamoso jwa bone. O kopile batsadi gore ba bue ba phuthologile ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba bone gore ba ba fe kitso ya boammaaruri. A re go sa nneng jalo go tlaa dira gore ba anywe kitso e e seng yone mo ditsaleng tsa bone mme ba felele ba le mo diemong tsa boimana gammogo le malwetsi a dikobo a akaretsa HIV/AIDS. Rre Peter Matthys wa lekgotla la baruti o ne a tlhalosa fa thapelo e le botlhokwa fela thata ka jaana mogare wa HIV e santse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. A re bolwetsi bo tsweletse ka go anama ntswa puso e ntshitse mananeo a go bo lwantsha, le mo go one masea a a iseng a tsholwe tota. A re e le ba dikereke ba bone go tshwanela gore ba etelele tiro ya go nna jalo kwa pele ka maikaelelo a go tlisa tshepho mo morafeng wa Jwaneng gore ntwa e santse e ka fenngwa fa go ka nna le boikgapho le phetolo maikutlo mo go tsa tlhakanelo dikobo. A re e re ntswa ba rera efangele ya gore Jeso o a fodisa, ba na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore maloko a bone a a mo kalafing ya mogare oo a nwa melemo sentle mme ebile ba setse ditaelo tsa bongaka morago
health
6
Metshameko konokono ya botsogo
Go bolelwa fa metshameko e le botlhokwa mo botsogong ka e thusa go koba makoa mo mebeleng. E rile a bua kwa letsatsing la itshidilo mmele le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya tsa itshidilo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ebile e le kgosi ya Mambo, Rre Obuile Mambo a re ba tshwentswe ke batho ba ba sa jeng sentle fa godimo ga moo ba le boitseme go ka itshidila. A re Batswana ka bontsi ba tshabelelwa ke makoa a ba ka bong ba a lwantsha ka go itshidila le go ja dijo tse di nang le moroko ka di thusa gore madi a fologe sentle le ditshika mo mmeleng. A re fa Batswana ka bontsi ba ka itshidila mebele, malwetse a a akaretsang jwa madi a matona, jwa go tlhaelelwa ke madi le jwa sukiri a ka bo a sa gatelela bontsi jwa batho jaaka dipalo tsa ba botsogo di supa. O boletse gore mokgatlho wa gagwe o tsamaya le metse ka go farologana mo kgaolong morago ga dikgwedi tse tharo go rutuntsha le go itshidila mmogo le banni ba metse eo. Kgosi Mambo o supile fa mo legatong le le fetileng kwa motseng wa Kgari, ba thusitse le go phepafatsa motse ka jaana bophepa le jone e le tsela nngwe e e rotloetsang botsogo jo bo siameng. Kgosi Mambo a re e re ka ba bereka le batho ba ba farologaneng letsatsi le letsatsi, bangwe ba bone e le ba ba a bong ba tlile go ikuela, go tlaa bo go le thona gore ba ba fitlhele ba le mo seemong se se sa itumediseng ebile se sa ba letle go ka ba thusa ka botlalo jaaka go solofelwa. O tsweletse ka go supa fa dikgwetlho di le dintsi thata mo matshelong a segompieno ka jalo go le botlhokwa gore ba sidilwe maikutlo gore ba seka ba kgoreletsega go ntsha maduo mo ditirong. Mo ntlheng e sele, o kgadile mokgwa o mo go one batsadi ba laolwang ke bana ba bone go itlhophela se ba batlang go se ja. A re bana ka bontsi ba gana go ja dijo di tshwana le mabele ba ipeile fela mo dijong tse di senang dikotla. O kopile batsadi go gagamatsa molao fa go tla mo go tsa itshidilo le dijo a bo a ba tlhagisa gore ba seka ba letlelela bana go ba tseela ditlhaloganyo segolo jang fa go tla mo go se se tshwanetseng go jewa. A re bontsi jwa bana ba tsaya nako ba a ja dijo tse di sukiri mme ebile bangwe ba lebeletse dithelebishini go na le go itshidila mebele ka metshameko e e farologaneng. E rile a tswa la gagwe, leloko la komiti eo ebile e le kgosi ya motse wa Letsholathebe, Rre Gillard Letsholathebe a re letsatsi le tshwana le leo le tshwanetse go tsewa ka manontlhotlho ka le thusa go tlisa pharologanyo mo matshelong a Batswana. A re o akgola botlhe ba ba tsayang nako ya bone go itshidila gonne seo ga se a tshwanela go nna tiro ya batho basweu fela ka e le bone ba tlwaetsweng ka go itshidila. A re go itshidila go fokotsa dipalo tsa ba ba ikopang mo ditirong ka mabaka a malwetse, a supa fa gape go ikopela ruri mo tirong go dia go ntsha maduo mo ditirong ebile go ama le yone itsholelo ya lefatshe. Mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Kebabonye Phillip a re maphata a tshwanetse go nna le mekgatlho e e eteletseng pele tsa itshidilo go goga ba ba saletseng kwa morago. A re e le ba tsamaiso ya makgotla a Setswana tiro ya bone ga se go atlhola le go sekisa batho fela mme ba tshwanetse go bona gore ba dira seo ba itekanetse mo mebeleng, mowa le tlhaloganyo. Mme Phillip o tlhalositse fa metshameko e se ya bana fela mme e le ya botlhe ka e na le maduo a mantle mo matshelong a batho ka go farologana. Banni ba motse wa Letsholathebe ga mmogo le babereki ba makgotla a Setswana ba ne ba itshidila mmogo ka go tshameka kgwele ya dinao, bolotloa ga mmogo le mabelo.
health
6
Arie o ipela ka mekgabisa ya setso
Mme Nakisani Arie yo o tlholegang kwa Mabesekwa mo kgotleng ya Mokuelele o supile maitemogelo a gagwe mabapi le go tsaya ka tlhoafalo botswerere e le tsela ya go itshetsa. Mme yo o inaakantse le go loga dibaga, ditlatlana, go bopa dinkgwana tsa setso, go loga matlhowa, go suga matlalo le go dira diphate le dithoto tse di akaretsang go dirwa ka letlalo jaaka ditlhako, mabante, dibeke tsa makgarebe le paka ya mmino wa setso. Mo godimo ga moo, Mme Arie ke mmetli wa legong go dira dikika, metshe, meropa, ditilo, megori, diphetlho le ditshwantsho ka mefuta. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Arie go tswa bonyaneng jwa gagwe o tshidile a nna le nkukuagwe Mme Keleabetswe Arie ga mmogo le Rraagwemogolo, Rre Arie Phathane. A re batsadi ba ne ba nna le ene kwa merakeng ya Mabesekwa mme e bile e ne e le bommantswitswidi ba ditiro ka bontsi tsa ngwao. O ne a tlatsa ka go supa fa go nna bo mmantswitswidi moo ga botsadi go ne ga ba rotloetsa go dira dithoto tsa ngwao go di rekisetsa banni le baeng ba ba neng ba etela Mabesekwa. Mme Arie o boletse fa e ne ya re ka dingwaga tsa 2010 le 2011 ka tatelano, botsadi jwa gagwe jwa hulara. Mme ka ba ne ba mo tlogeletse boswa jo bo sa feleng, a re o ne a bona go le molemo go tsweledisa fa batsadi ba tlogetseng teng gore kgabagare a tle a kgone go ikisa meriting. O boletse fa a ne a tsaya ka tlhoafalo tiro e ya gagwe e a saleng a e ratile go tswa bogologolo mme gompieno jaana, Mme Arie kwa motseng wa gagwe ke ene mmantswitswidi le ditshaba di paka seo. A re mme mo dithotong tsa letlalo o remeletse thata mo go itsolopanyeng go dira kapari ya mmino wa setso ya phathisi, borankana le Hosanna a direla ditlhopha ka go farologana tsa mono gae. Mme Arie o tlhalosa fa a remeletse mo kaparing ya mmino wa setso ka e na le letseno le le kgatlhisang mme e bile o bona thotloetso go tsweng le kwa toropo kgolo Gaborone. “Matlalo a me a ke a dirisang ke a suga Setswana. Ke bodisa boboko jwa leruo ke bo ke bo tlhakanya le lobebe lwa mashi go dira motswako,’’ a supa jalo. O ne a tlhalosa fa go bo a dira jalo e le gore letlalo le kgone go nna boloulou mme gape le seka la tshabelelwa ke go jewa ke dingwe ditshidi jaaka tshole. A re fa a le sugile ka tsela e, o a bo a feditse ka lone mme o ka dira se a sebatlang ka lone a sena bothata bope mme e bile kwa pheletsong le ka se re sepe le fa le le mo tirisong. O supile fa ka letlhoko la ditsompelo a ne a suga palo e potlana ya matlalo. A re seo se ne se mo kgoreletsa go dira go le go ntsi. Mme ka Modimo a sa je nkabo, Mme Arie o ne a bona kgolo mo kgwebong ya gagwe fa Tautona yo o sa tswang go fologa setilo, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a ne a lemoga maikaelelo a gagwe ka go mo abela mekoro e mebedi go e dirisa go suga letlalo, tshipi e e gosang letlalo le tse dingwe ditsompelo tse a neng a di tlhoka. A re go abelwa dimpho tseo o ne a itela mo go Tautona wa pele fa a ne a ba jetse nala kwa kgotleng go tla go lekola ka seemo sa bone sa itsholelo le go utlwa ka matshwenyego a bone. Gape a re o motlotlo ka thuso eo ya ga Tautona wa pele mme e bile o tlaa mo gopola ka yone ka e nnile le seabe mo go godiseng kgwebo ya gagwe. Se se molemo ka mme yo ke gore o ruta bana ba gagwe se a se dirang gore jaaka le ene a kwataboloditse mo botsading jwa gagwe le dikokomane tsa gagwe di tseeletse gore kgabagare serodumo sa lelwapa la bone se tswelele se bonala. O tlhagisitse fa ngwao e le boswa jo bo sa feleng mme ka jalo a ikuela mo Batswaneng ba bangwe go ruta le go lemotsha dikokomane ngwao ya lefatshe leno, seo e le tsela nngwe ya go e somarela go ya go ileng. A re le ntswa mo malatsing a segompieno go tshelelwa mo dipakeng tsa diphetogo tsa maranyane a sesha, seno ga se a tshwanela go dira gore Batswana ba ikgatholose ngwao ya bone e e leng yone e nnileng le seabe mo go ageng setshaba seno e leng sone. Mme Arie o tlhalositse fa ka letseno le a le boneng mo kgwebong e ya gagwe a setse a kgonne go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo. A re gape o kgona go itlamela le bana ba gagwe, mme fa ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane ga a ke a taboga lepaapaa go batla madi a paka ya sekole le ditsompelo tse ba di tlhokang jaaka dikobo le mhago. Go sa le foo, Mme Arie o kgothaditse Batswana go lemoga botlhokwa jwa go ipelega ka go ribolola botswerere jo ba nang le tsone. A re o ngomolwa pelo ke go bona batho bangwe ba aperwe ke lehuma le le tseneletseng ba batla go ikaega fela ka puso go ba direla sengwe le sengwe le ntswa ba na le matsogo le ditlhaloganyo go ka ikakanyetsa go ipetlela bokamoso. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Kgosi Kgari o akgola Sefalana
E rile ka Labotlhano kwa Molepolole, Kgosi Kgari III wa Bakwena a iteela legofi lebentlele la Sefalana jaaka fa le ne le abela ba ba tlhokileng lesego dimpho. Kgosi Kgari III o akgotse lebentlele leo ka e bile a re ga se la ntlha le dira tiro eo, a re mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng le ntse le itshwaragantse le ba ofisi ya boipelgo ka moono wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O supile fa a itumelela gore bogogi jwa lebentlele leo ga bo dire maretshwa a gore dimpho tse di ajwang ke lebentlele di fiwe ditsala tsa bone. A re ba dira jalo ka go akaretsa maphata a puso go ba thusa go sekaseka ba ba ka abelwang. Kgosi Kgari III o ne a kopa ba ba abelwang dimpho go di amogela ka matsogo a mabedi ba sa di galale mme a kopa ba lebentlele gore ba seka ba emisa tiro e, mme a ba kopa go tsenya lentswana mo go thuseng Bakwena. E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa Sefalana, Rre Kagiso Mogopodi a supa fa ba itumelela go nna karolo ya Molepolole, ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba nne le se ba se direlang morafe wa motse oo. A re tiro e ya go abela ba ba tlhokileng lesego ba e simolotse ka 2014 mme jaanong ke tiro e ba e dirang ngwaga le ngwaga. O boletse fa ba ikopanya le laphata la ba boipelego gore ba ba fe maina a batho ba ba ka ba thusang ba tswa mo malwapeng a a farologaneng a le matlhano, e bile a supa fa batho ba, ba farologana ngwaga le ngwaga. Rre Mogopodi a re monongwaga ba dirisitse P9 799 go rekela batho bao dimpho tse di akaretsang dijo, melora le dikobo. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya boipelego mo kgaolong-potlana ya Molepolole-Lentsweletau, Mme Bontsheng Mpoko a supa fa ofisi ya gagwe e lebogela tiro e. O ne a kaya fa ofisi ya gagwe e ne ya tsaya tshwetso ya gore thuso e ba Sefalana ba neng ba tla ka yone ba e fetisetse mo baneng ba e leng dikhutsana mme ba dule mo lenaneong la go thusiwa ke puso ka lebaka la gore ba setse ba godile. Mme Mpoko a re puso e le nosi e ka seka ya kgona go tlhokomela batho ba ba tlhokileng lesego, ka jalo ba leboga fa dikgwebo tse di farologaneng di tshwana le ba Sefalana di tsweletse ka go thusa. BOKHUTLO
society
9
Molemi o sola pula molemo
Molemi mongwe wa monana kwa Kalamare o tsere tshwetso ya go sola dipula tsa bosheng molemo ka go itirela tshingwana mo lwapeng. Mme Bagomotsi Mogoadile wa dingwaga tse di masome a mararo a re e re ka pula e le gone e gosomanang, o bone go le botoka go itirela tshingwana e a lemileng mmidi le dinawa mo go yone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mogoadile a re o lemile dinawa le mmidi ka di le bogadi bo gaufi mme e bile a solofetse go bona morogo wa dinawa mo tshingwaneng eo ya gagwe. O tlhalositse fa a tlhophile go lema mo lapeng eseng kwa masimo jaaka tlwaelo, ka gore paka ya mariga e setse e atametse mme e sa siamela dijwalo. A re go lema masimo ka nako e, go kotsi ka jaana molemi a ka iphitlhela a senyegetswe ke peo fa paka ya mariga e ka fitlhela dijwalo tseo di ise di gole a tlatsa ka gore phefo ya mariga ga e a siamela dijwalo. O tlhalositse fa le ene fela jaaka balemi ba bangwe a ne a ikaeletse go baya tema kwa masimo mme dipula tse di boutsana le mogote o o feteletseng di ne tsa phirimisa maikaelelo ao. A re e re ka go lebega ekete nako e pula e tlwaelesegileng go na ka yone e fetogile, mmuso o tshwanetse go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng mo dipeong gore o neele balemi peo e e ka kgonang go itshetlela ka nako ya mariga.
society
9
Ba Lerala ba batla tlhaloso ka tsholofetso ya sepatela
Mopalamente wa Lerala/ Maunatlala, a re o tlaa dira bojotlhe gore tona wa botsogo le boitekanelo, Dr Alfred Madigele a etele motse wa Lerala go tla go bua ka kgang ya bone ya sepatela. Rre Prince Maele o buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Rre Maele o ne a tsibogela dikakgelo tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse le banni bangwe ba motse wa Lerala. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lerala Bokone, Rre Keitumetse Baithumi o ne a kopa Rre Maele go tlhalosetsa morafe ka kgang ya sepatela se ba kileng ba se solofediwa le go tlhalosa kgang e ba kileng ba e solofediwa ke Mme Dorcas Makgato fa a santse e le tona wa botsogo le boitekanelo ya go atolosiwa ga kokelwana ya bone ka lenaneo la ESP. Rre Kebaabetswe Setlhong ene o ne a kopa mopalamente wa bone go sekaseka kgang e ba kileng ba e akanya e le ba motse wa Lerala e ba neng ba batla go roma bangwe ba ba tlaa yang kwa go tona yo o maleba go ya go botsa ka kgang ya sepatela. Ka jalo Rre Maele o ne a itsise banni fa a ne a kgona go kopana le Tona Madigele go mo lekodisa ka kgang ya sepatela. O boleletse banni fa Tona Madigele a mo solofeditse fa a tlaa tla kwa motseng wa bone gore ba bue ka kgang ya sepatela. O ne gape a itsise banni ba motse wa Lerala gore Tona Madigele o tlaa batla dintlha ka dikgang tsa bone mme a tle go bua le bone. Mokhanselara wa Lerala Bokone, Rre Kabo Ketshogile o ne a kopa mopalamente wa bone go tsaya kgang ya bone ya sepatela ka tlhoafalo ka ba sa bolo go bua thata ka yone. O ne gape a kopa Rre Maele go tlhodumela kgang ya bogosi jwa motse wa bone ka ba sa bolo go isa mokwalo kwa go tona yo o lebaneng.
health
6
Ditshwanelo le boikarabelo di ya thoteng...
Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana gore ditshwanelo di tsamaelana le boikarabelo. Se se boletswe ke Kgosi Kruger Kareng wa kgotla ya Lephaleng kwa Molepolole mo moletlong wa segopotso sa letsatsi la Ngwana wa moAfrika le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Ditiro tsa Bopelotlhomogi mo Afrika Ditshwanelo tsa Bana Pele.” Kgosi Kareng a re go botlhokwa gore setshaba se seka sa iphitlhela se amega mo kgokgontshong le tsoulolo ya ditshwanelo tsa bana. A re thuto ke nngwe ntlha e e botlhokwa mo ditshwanelong tsa bana ka e ba neela tlhotlheletso ya go tsaya dikgato tse di nametsang le go gola ba na le boikarabelo. “Letsatsi le le seegetswe kwa thoko go lwantsha kgokgontsho ya bana, ga mmogo le go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di babalesegile, ka jalo go mo go rona re le batsadi go netefatsa gore re ruta bana go dira sengwe le sengwe ka maikarabelo,” Kgosi Kareng a tlhalosa. E rile fa a rola molaetsa wa letsatsi, mothusi mo go tsa maranyane go tswa mo lephateng la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moreri Keikotlhae a re go tlhoka go tsibogela ditshwanelo tsa bana go ba rontsha go tshela ka tshosologo, le go bona ditlamelo ntle le kgethololo. Rre Keikotlhae o tlhalositse fa setlhogo sa letsatsi leo se itebagantse le dithulaganyo le mananeo a Afrika a tshwanetseng go a diragatsa, go fenya kgatako ya ditshwanelo tsa bana ga mmogo le go kgala tse di setseng di diragala mo matshelong a bana. A re bana ba tshwanetse go golela mo tikologong e e iketlileng, e e babalesegile, go bona ditlamelo tsa botsogo tse di maleba di babalesegile e bile di lekane, ga mmogo le go neelwa thuto e e nang le boleng. Rre Keikotlhae a re go botlhokwa go nna le setho sa tlholego ka jaana go sa tlhokane le dithuto dingwe tse di rileng go tshela sentle le ngwana ka lerato le kagiso. “Ke rata re ipotse ka setho fela sa rona sa tlholego, gore a mme go tlhokana le bommantswitswidi bope fela go ntsha lorato mo pelong. Bagaetsho re batho rotlhe mo lefatsheng, mo setshwanong sa Modimo ga go na ope yo o tshwanetsweng ke sepe se se sa tshwanelang yo mongwe,” Rre Keikotlhae a tlhalosa. A re dipatlisiso di supa fa bongwe mo baneng ba le bane lefatshe ka bophara bo tshelela mo mafatsheng a a nang le diemo tse di sa iketlang, tse di ba kgoreletsang go tshela sentle. “Go ne mo Afrika go na le mafatshe a e leng gore bana ga ba fiwe thuto ya boleng, ga ba je sentle, ga ba na metsi a a phepa, ditlamelo tsa botsogo di a tlhaela, mme e bile se se ngomolang pelo le go feta, bana ba dirisiwa mo ditirong tse di borai, tse di bayang matshelo a bone mo diphatseng,” ga bua Rre Keikotlhae. Moithuti go tswa sekoleng se sebotlana sa Al Haq, Tumisang Matomela ene o ne a bolela fa setlhogo sa monongwaga se rotloetsa le go nonotsha pabalesego ya ditshwanelo tsa bana botlhe ba Afrika, go sena kgethololo ya letso, mmala, bong, puo le tse dingwe. A re e re ka jaana ka nosi bana ba sena maatla le bokgoni jwa go natefelelwa ke ditshwanelo tsa bone, ke maikarabelo a setho fela go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di babalesegile, e bile ga ba di rontshiwe. “Jaaka re ipelela letsatsi la Ngwana wa moAfrika, a re gopoleng bana baba senang malapa ka lebaka la lehuma, dintwa tsa semorafe le kgokgontsho, bana ba ba ketefalelwang ke botshelo ka jaana ba tshela ntle le tse di tlhokafalang jaaka dijo, diaparo le boroko, go fatlhoga le go kgona ditoro tsa bone,” Itumeleng a tlhalosa. A re isago ya lefatshe lengwe le lengwe e ikaegile ka bana, mme go santse go na le mafatshe mangwe mo Afrika a a ikgatholosang go neela bana ba one thuto ya boleng. A re selo se, se ka ama seemo sa tlhabologo mo Afrika.
education
4
Serala ke mabeelo a konokono
Balemi kwa Masunga ba tshegeditse ngwao ya go baya thobo ya bone mo diraleng. E re ka jaana monongwaga balemi ba bone thobo e e nametsang, dirala di tsweletse ka go runya mo malwapeng a le mantsi mo motseng. Fa a bua mo potsolotsong ka Labobedi, molemi mongwe wa motse oo, Mme Banana Maputako, o tlhalositse fa serala se le mosola thata mo go sireletseng thobo go senngwa ke diruiwa e bile gape se thusa go tlhomamisa gore thobo ga e kopakopane le mmu le go jewa ke motlhwa. Mme Maputako, yo o agileng dirala tse pedi monongwaga, a re o ikaelela go tswelela a aga serala ngwaga le ngwaga fa a lemile, maikaelelo e le gore dikokomane tsa gagwe di gole di fitlhela go na le dingwe tsa ngwao mo lwapeng. E rile a tswa la gagwe, molemi yo mongwe Mme Tebogo Lewatle, yo ene a tlhalositseng fa a dule matlho a fitlhela go lengwa mo lwapeng la gaabo, o supile fa morafe wa Bakalaka o rata e bile o tlotla ngwao ya bone fela thata. A re se ke sone se se dirang gore go bo go santse go agiwa dirala ka bokete mo Masunga le mo metseng e mengwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Mme Lewatle o tlhalositse fa serala se baya thobo ka go farologana jaaka mabele, mmidi le lebelebele. O tlhalositse fa serala se se agilweng ka mapako se siame thata ka se tsenya phefo e e lekanetseng mo dijong go di itsa go bola. Molemi yo mongwe yo ene a agileng dirala tse tharo, Mme Gobe Kamonombe o tlhalositse fa serala sa mapako se itse go baya mabele sentle fa go tshwantshanngwa le se se dirilweng ka ditena le disenke. Mme Kene Tjikwakwa le ene o tlhalositse gore e re le ntswa serala se itse go somarela thobo, ene o beile thobo ya gagwe mo ntlong go fokotsa ditshenyegelo tsa go thapa batho go mo agela serala. Molemisi wa motse oo, Mme Gagolelwe Kwele o tlhalositse fa balemi ba dira dirala tse di farologaneng mme a bolela fa serala sa mapako se le botlhokwa fela thata ka phefo e kgona go tsamaya sentle mo thobong ka e a bo e sa pitlagana. O tlhalositse fa temo e nnile ntsi monongwaga segolo jang mo go ba ba kgonneng go lema ka dipula tsa ntlha. Molemisi o kopile balemi go tla go ikwadisetsa dipeo tse ba tla di dirisang mo temong e e tlang. Mme Kwele o gakolotse balemi ba ba eletsang go tsenelela dikgaisano tsa ditshupo tse di tla tshwarwang kwa Masunga ka Phukwi ,go ikwadisa go ya supa thobo ya bone. Bokhutlo
society
9
Bana ga ba a tshwanela go thapiwa
lick to see more pictures Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re bana ba tshwanetse go isiwa dikoleng e seng go bereka. Rre Batshu o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Kalamare mo kgaolong ya Legare bosheng, a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa fa bana ba le bantsi mo dikgaolwaneng kgotsa kwa metseng e e kgakala le ditoropo ba sa tsene dikole ka ntata ya go bereka. A re selo se ga se a siama, ka jalo batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore bana botlhe ba isiwa dikoleng. O ne a tlhalosa fa puso e otlolotse letsogo gore ngwana mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go tsena sekole. Rre Batshu a re ke molato o motona go fitlhela ngwana wa dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi a bereka. O ne a tlhalosa gore ke ka moo puso e boneng go le botlhokwa go dira mananeo a tshwana le a go busetsa ba ba sa dirang sentle kgotsa ba ne ba tswa mo dikoleng ka mokgwa mongwe fela mo dikoleng. A re thuto ke boswa mme ka yone batho ba ka fema lehuma la nta e tshetlha le go dira tsotlhe tse di tshwanetseng mo botshelong. Rre Batshu o ne a kopa batsadi gore go seka ga twe bana ke ba malwapa a a ’kobo dikhutshwane ga bana bokamoso ba bo ba thapiwa kwa merakeng kgotsa mo malwapeng. A re bana fa ba sa ntse ba le bannye mme ba dira ditiro kgotsa ba amega mo tlhakanelong dikobo go ba okeletsa go tsenwa ke malwetse ba tloge ba tshabelelwe ke dihawa. Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a rotloetsa batsadi gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang o tshwanetse go kwadisiwa ka fa molaong dikgwedi tse pedi a sena go tsholwa. Ka jalo o ne a gakolola batsadi go kwadisa matsalo otlhe a bana gore puso e tle e itse gore bana ba kae mme go batlega dikole kgotsa dikokelwana kwa dikgaolong di le kae gore bana ba go nna jalo ba tle ba di akole. O ne a tlhalosa gore matsalo otlhe a tshwanetse go kwadisiwa go sa kgathalesege gore a motho o tsholetswe mo lwapeng kana kwa kokelong, a tlatsa ka go re le dintsho fela jalo di tshwanetse go kwadisiwa mo malatsing a le masome a mararo di sena go diragala. Tona Batsu o ne a tlhalosa gore bokamoso, ditogamaano le ditlhabololo tsotlhe tsa lefatshe di dirwa go lebilwe gore batho ba kae kgotsa ba tlhokafetse ba le kae fa kae. Tona o ne a tlhalosetsa banni gore e tlaa re ka Laboraro madi a badiri ba mo lwapeng a bo a okeditswe, ka jalo batho ba ipaakanyetse phetogo e. A re go le gantsi batho ba thapa batho kwa merakeng le mo magaeng mme ba sa ba duele ka fa go tshwanetseng. A re go ka fa molaong gore e re motho a simolola tiro go dirwe tsotlhe tse di tlhokegang, ditumalano tsa pereko gore e se re kamoso bangwe ba bo ba ikuela kwa diofising tsa lephata la gagwe gore ga ba tsewe sentle. E ne e rile go le pele monnasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Goareng Legwatagwata a tlhalosetsa tona gore ba tshwenngwa ke batho ba ba thapang batswakwa ba ba se nang diteseletso tsa go bereka ga mmogo le tsone tsa go tsena mo lefatsheng leno. Mme Legwatagwata a re selo se se tshwenya fela thata ka se ba bakela mathata a mantsi mo motseng. O ne a tlhalosa fa gape ba tshwenngwa ke gore ba dira dikarata tsa matsalo kwa Mahalapye, mme sebe sa phiri ke gore dinako tsotlhe fa ba ya teng go kaiwa fa didirisiwa di sa bereke kgotsa maranyane a le bokoa. A re se, se a ba turela ka ba bolawa ke mosepele wa go ya Mahalapye le ntswa ba se na one madi a go palama kgapetsakgapetsa go ya go tlhola gore a dilo di boetse mannong, a tlatsa ka go re seemo se gantsi se kgoreletsa thata fa ba setse ba batla go direla bana ditlankana tsa matsalo fa di batlwa kwa dikoleng. E rile a mo kgwa dikgaba, Rre Batshu a tlhalosa fa go se ka fa molaong go thapa motswakwa yo o se nang dipampiri, a re mo ke molato o motona mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato. O ne a tlhalosa fa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo le leka go baakanya seemo sa go tlhoka go tsoga sentle ga maranyane.
education
4
Batho ba Palapye ba lalediwa go tla go bona dilwana
Mookamela mapodisi ao, Superintendent Waboraro Ramaja a re dilwana tse ke malao, ditshwantsho tsa motshikinyego, ditsidifatsi le tse dingwe tse di farologaneng tsa ntlo. A re mapodisi a tshwere borre ba le bane ba Palapye ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le bongwe le masome a mabedi le boferabongwe, ba go belaesegang ba utsule dilwana tse. O kopile banni ba Palapye go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele go tlhokomela dithoto tsa bone. A re go botlhokwa go laela baagisanyi nako le nako fa ba tsaya mesepele gore ba sale ba ba lebetse. Supt Ramaja a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa go nnile le dikgetsi tsa go thujwa ga malwapa ka nako ya fa beng ba malapa ba seyo. A re dilwana tse di tshwerwe mo go borre bao le mo bathong ba bangwe ba ba neng ba rekile dilwana tseo. Go reka dilwana tsa bogodu go ya ka Supt Ramaja ke molato o motho a ka lebisiwang molato wa kgolegelo ya dingwaga tse tharo. A re mapodisi a tsile go tseela batho botlhe ba ba amegang mo go rekeng dithoto tsa bogodu dikgato. O supile fa e tlaare mapodisi ba sena go fetsa ditlhotlhomiso babelaelwa ba isiwe fa pele ga lekgotla mme a tlhalosa fa ba ka atlholwa dingwaga tse di lesome fa ba ka bonwa molato. Go mo tse dingwe a re banana ba ba tshwerweng beke e e fetileng mabapi le polao ya motho mo Palapye ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le lesome le boferabongwe.
crime_law_and_justice
1
Khansele e fokotsa badiri
Modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani, a re tshwetso ya go kgaola baeteledipele ba ditiro tsa Ipelegeng kwa kgaolong ya gagwe e tserwe ke bodiredi jwa khansele. Rre Cebani o buile jalo fa a ne a botsolotswa mabapi le dingongorego tsa banni ba Taupye le Boseja/Flowertown mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, tse mo go tsone batho ba neng ba ngongoregela go kgaolwa ga baeteledipele ba Ipelegeng. A re e re ka badiri ba khansele ba tsere tshwetso ya go kgaola baeteledipele ba Ipelegeng ba lebile tlhaelo ya madi, ke sone se khansele ya gagwe e neng ya dumelana le tshwetso eo. Rre Cebani a re ka madi a a neng a abetswe ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2016/17 a ne a sa lekane ditiro tse di neng di tshwanetse go dirwa, ke sone se khansele e neng ya dumela mogopolo wa go fokotsa dipalo tsa baeteledipele ba Ipelegeng go na le go kgaola babereki ba lenaneo leo. Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi, o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Taupye le Boseja gore khansele e abetswe P41 544 00 go dirisiwa mo ditirong tsa Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2016/17. E rile mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown Rre Koolekanye Tumelo a bua mo phuthegong eo, a bolela fa go sena tirisano le neelano mo khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye ka jaana bodiredi bo kgona go tsaya ditshwetso bo sa rerisana le makhanselara a e leng one a rweleng boikarabelo. Mopalamente Tshireletso o ne a tlhomamisetsa banni ba Taupye le Boseja fa a tlaa ikopanya le bagolwane ba khansele gammogo le ba lekgotlana la kabo ditsha go ngunanguna dikgang tseo pele a ka ikopanya le matona a a lebaneng le lephata leo.BOKHUTLO
politics
7
Dialogane di galaletsa nyeletso lehuma
Bangwe ba dialogane tsa lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgaolong potlana ya Mahalapye ba lebogetse lenaneo le go ba fa seriti. Ba buile se fa lenaneo le, le le fang baikopedi maano a itshetso le ne le alosa dialogane di le lesome le botlhano kwa Mokgenene kwa kgaolong ya Legare bosheng Ofisi ya nyeletso lehuma e ne e abela batho ba ba ikopetseng go thusiwa didirisiwa tsa go simolola dikgwebo gone ka letsatsi leo. Bangwe ba ba neng ba thusiwa kwa tirong eo ke ba ba itlhophetseng go tsena mo kgwebong ya thuo ya dihutshane, kapei, go dirisa matlalo go ntsha dithoto ka go farologana le temo ya ditlhare. Fa a afa bopaki ka maduo a lenaneo le, mongwe wa dialogane Mme Lorato Kgolokwane wa Mahalapye yo o simolotseng kgwebo ya thuo ya dikoko ka ngwaga wa 2017,o ne a re o se a leng sone ka lenaneo le. Mogwebi yo, yo o setseng a itshetetse o ne a supa gore o dirisitse dipoelo tse a di bonang ka thekiso ya mae go tsena mo thuong ya dikoko tsa nama. A re sephiri sa go ntsha maduo a a godisang kgwebo ke bonatla le boineelo mo go se a se dirang. A re ka dipoelo tsa mae le dikoko o kgonne go bula kgwebo ya semausu, e le yone e tsweletseng sentle. Mme Kgolokwane a re o dumela gore lenaneo le, le mo tlhotlhorile botlhoki. “Ga ke tshwenye ope ka go kopa. Le fa ke sa latole gore kgwebo e na le dikgwetlho tse mo mabakeng mangwe di ka dirang gore motho a ineele, nna ke ikemiseditse go lwantsha sekgoreletsi sepe se ke lebaganang le sone,” a tlhalosa. O ne a tlhalosa gore o kgonne go gokela motlakase kwa lwapeng, go tlamela bana le go dira ditiro tse dingwe. Mme Kgolokwane o kgothaditse botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go nna boineelo le go dira ka natla gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone le go nna le seabe mo go godiseng itsholelo. Mme Gaebonwe Kealebale, wa Otse o tsenye mo kgwebong ya kapei ya borotho. A re ka gotwe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, o ne a thapiwa ke mongwe kwa Gaborone a thusa mo lwapeng mme a felela a ithutile kapei ya borotho mo mohiring wa gagwe. O supile gore o thusitswe ka didirisiwa tsa kapei ya borotho ka ngwaga wa 2013 mme o direla mo lwapeng. A re dipoelo tsa thekiso ya borotho di tokafaditse itsholelo ya lelwapa la gagwe. “Ke na le toro ya go godisa kgwebo yame, mo nakong eno ke apaya magwinya le diphaphatha, mme ke eletsa go ipona ke godile ke apaya marotho a mefuta e farologanyeng,” ga tlhalosa Mme Kealebale. A re keletso ya gagwe ke go reka koloi mo isagong gore a kgone go fitlhelela bareki motlhofo ka bogompienong a tsamaya ka dinao go rekisa mo malwapeng. O lebogetse puso go tswa ka mananeo a a thusang setshaba go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo. O supile gore ene le bagwebi ba bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsena mo kgwebong ya borotho, ba filwe thendara ya go apeela bana ba sekolo se se botlana sa Otse borotho. “Re tsweletse sentle le fa gone go na le dikgwetlho tsa gore re bereka re le setlhopha. Fa ke chaisa kwa sekolong ke tswelela ka go apaya borotho jo ke bo rekisetsang banni ba Otse. Ke batla go ipona ke le mo seemong sa go apeela meletlo e e farologanyeng borotho jwa mofuta o ba o eletsang” Mme Botsenye Mosalagae go tswa kwa Mahalapye, o tsenye mo kgwebong ya go rekisa ditlhare tsa maungo, mekgabisa le moriti. Mme Mosalagae a re o leboga thotoetso ya banni ba Mahalapye mo kgwebong ya gagwe. O thusitswe ka ngwaga wa 2017. A re dipoelo tsa kgwebo ya gagwe di mo thusa go dira ditiro tsa mo lwapeng tse di tlhokang madi.
economy_business_and_finance
3
Kweneng o saletse kwa morago
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re o tshwenngwa ke seemo se se sa tokafaleng sa go salela morago ga go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, mothusa tona a re gore mo nakong eno, lenaneo la nyeletso lehuma le be le santse le le mo thulaganyong ya go thusa batho ba babedi kwa motseng wa Medie go tshwenya ka jaana go kgoreletsa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana. A re puso e tshwenngwa ke gore e ipeetse seemo sa go bo e nyeleditse lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng botlhe ba ba kobo dikhutswane ka ngwaga wa 2017, mme potso ele gore a kgaolo ya mokwena e tlaa kgona go fitlhelela seelo se se beilweng. E re ntswa seemo sa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Mokwena se tshwenya, go supa fa mo Mokwena dikgebo di letse metsi, seemo se sa tokafale mo jaanong mothusa tona a ipotsang gore a ba Mokwena bone ba tlaa bo ba le fa kae fa 2017 a goroga. Mothusa tona yo abileng ale mopalamenete wa Kgalagadi Borwa a re go a hakgamatsa gore dikhansele ka bontsi di bo di supile kgatelopele le maitlamo mo go diragatseng lenaneo leo mme fa kgaolo ya Mokwena kgobe di etse metsi. Nngwe ya dikgang tse di tshwentseng tona ke ya go goroga ka bonya ga dirisiswa tsa mananeo a farologanyeng a puso kwa mafelong a tshwana Medie le mororo metse eo ese sekgala sepe se se tshwenyang gotswa mo toropokgolo fa se bapisiwa le metse ya dikgaolo tsa Kgalagadi. E ne ya re a tsibogela dikgang tsa tiego le bonya jwa go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong eo, mogolane mo ofising ya boipelego mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, mme Dineo Segobai a solofetsa fa ba tshwere ka natla go tokafatsa seemo. A re ba ipeetse seelo sa go tlhomamisa fa dikopo tsa batho ba le 57 ba ba ikopetseng mananeo a a farologanyeng di di tlaa bo di sekasekilwe le go arabiwa pele kgwedi ya mopitlo e khutla. E ne erile gole pele mo mafokong a kamogelo, Kgosi Moatlhodi Kgabo, a lekodisa tona fa bodirela puso kwa Medie bo tshwenngwa ke pharologanyo ya dituelo tsa madi a RASA a a duelwang bodiredi jo bo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. Kgosi a re ba lekile go batla tlhaloso mme nako kgolo ke eno. Le fa gontse jalo rre Van Der Westhuizen o laetse ofisi ya ga molaodi go batla tharabololo ya kgang e mme ba lekodise ba ba amegang mo nakong e e sa fediseng pelo.Kgosi Kgabo o bile a lela ka seemo sa tsela ya Medie/Lentsweletau gore ga e tsamaege bogolo jang ka dinako tsa dipula. A re le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya go tsennga ga sekonotere e se e e bonolo ba ka lebogela maiteko a go e gopa gore e kgone go tsamaega.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme Mmashale Kinnear o lela ka bothata jwa go sa tshwareng ga letshwao la seromamowa sa RB 1 gore le ba kgoreletsa go itse dithulaganyo le mananeo a puso. Mme o bile gape a ngongoregela tiego ya dituelo tsa bagodi le gore bao madi a bone a salelang morago ba sokola go a bona. Mme Kinnear a re ga ba na mananeo a ditiro tsa sennelaruri a Ipelegeng, fa ese go kgaola ditlhare, a bile a ikuela ka dipalo tse di kwa tlase tsa badiri ba Ipelegeng. Mookamedi wa lenaneo la dituelo tsa bagodi mme Papadi Nkuvauva, a re maiteko a tsweletse le ba diposo go tokafatsa tsamaiso e e amang dituelo tsa bagodi.O bile a tlhalosa fa gape ba tsweletse go betla tsela ya ka fa thulaganyo e ntsha ya go neela bana-le-bogole dikatso e tla a dirwang ka teng morago ga tshekatsheko. E re ntswa kgaolo ya mokwena e ntse e lebanwe ke bothata jwa go kgaolwa ga metsi mo diofising tsa makgotla a Setswana, bothata jo bo nnileng teng ka lobaka ka ntlha ya dikolotso tsa metsi, bothata joo go kaega e tla nna dikgang tsa maloba jaaka bodiredi jwa koporase ya metsi bo ne bonala mo kgaolong eo go busetsa seemo mannong.
politics
7
A mananeo a dirisiwe ka kelelelo - Goya
Balemi ba masimo a Lemonemo mo kgaolong ya Palapye ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso ka kelelelo gore a ba solegele molemo mo go tlhabololeng temo-thuo le go ntsha dijo. Seo se builwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Moiseraele Goya fa ane a buisana le balemi bosheng. Rre Goya a re puso e ntsha dithuso tsa mefuta e e farologanyeng go thusa balemi-barui, mme bangwe ga ba di dirisi sentle. A re go abelwa dipeo, menontshane le gone go lemelwa ditema tse tlhano ke maiteko a puso go ba thusa, mme go lemosegile gore bangwe morago ga temo ba tlogela masimo, fa bangwe ba rekisa dipeo le menontshane eo. A re puso e dirisa didikadike tsa madi go reka dithoto kwa ntle go balelwa le dijo, ke sone se puso e emeng ka dinao go thusa balemi go ntsha dijo le gone go ba rotloetsa go lema ka ditselana. A re fa go lemilwe sentle, ekere e solofetswe go ntsha dikgetsi tsa thobo di le lesome le botlhano, tse e reng fa di rekisiwa di buse P6 700 kana go feta, go tswa fela gore ke thobo ya eng. O ne a ba akgolela go dirisa Ipelegeng ka botswapelo gore e ba tswele mosola. A re fela jaaka ba remile tsela le go agelela letamo, ba ka le dirisa go epa letamo. O ne gape a re theko ya dihutshane le yone e okeditswe ditlhatlhwa a re a bainaakanye le yone segolo jang banana. A re o tlhaloganya gore madi a dituelo tsa temo a a diega mme a re seo se bakwa ke go fela ga madi a temo ka bonako, go bo go emelwe kabo madi. Mopalamente a re mosele wa pula o epiwa go sale gale, a tlhalosa fa letsema le boloditswe ba tshwanelwe ke go baakanya megoma. O ne gape a gakolola balemi-barui go aga matlwana a boitiketso go babalela leruo lmo go tsenweng ke bolwetse jwa mabele. O ne a bua gape ka tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto mo megokgo le batsadi ba felelang ba itlama go reka dingwe tsa tsone jaaka metshine e e ntsifatsang dipanmpiri le gone go kgobokanyetsa meletlo ya ipelelo maduo madi. A re fela se ba sa se beeng sebete ke mo bana ba busediwang malwapeng fa ba sa ntsha madi ao ka e se thulaganyo ya lephata e le tumalano ya megokgo le diPTA. O ne a supa fa puso e tshwere ka natla go tla ka methale ya go tokafatsa thuto. Rre Goya a re go ya go simolodisiwa dithuto tsa di A- level, le go tlhatlhobela Setswana, Sekgoa, dipalo le borenyana. Balemi ba ne ba lebogela ditiro tsa Ipelegeng, mme ba ngongorega ka tshenyo ya dikgomo mo masimo ka nako tsa temo le gone gore bana ba ba utswela leruo, segolo jang ditonki. Ba ne gape ba akgola puso ka go thusa ka dipeo ba re ba dikile ba robile, mme ba kopa gore madi a diterata a duelwe ka go kgaoganngwa ka bontsi jwa balemi ba sa bereke ba itshetsa fela ka yone temo. Ba ne ba re ba lemela moragong ka ba tlhaelelwe ke ditshukudu tsa temo. Maphata a puso a ne a lekodisa balemi ka mananeo a teratelelo magola ka ditlhopha, go begela mapodisi tse ba di belaelang nako e sale teng, go phepafatsa mafelo a ba nnang mo go one go kganela bolwetse jwa letshoroma, le yone ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e e tlaa simologang ngwaga o o tlang. Ba thuto ba ne ba supa fa ba ne ba buisana le megokgo ka go tsaya ditshwetso tse di ka ba tsenyang mo mathateng jaaka go busetsa bana madi a dikoleke tsa ditiro tsa sekole, ba re seo ga se ka fa molaong wa thuto.
economy_business_and_finance
3
VDC ya Grootlaagte e agela batlhoki
Komiti ya ditlhabololo ya Grootlaagte kwa kgaolong ya Ghanzi e tsentse letsogo mo go ageleng batlhoki ba motse oo matlo, e le tsela nngwe ya go araba kopo ya ga tautona wa lefatshe leno, ya go agela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong matlo le go ba neela seriti mo setshabeng. Mo potsolosong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Rre Keleofile Madumane o tlhalositse fa ba agetse batlhoki ba le batlhano matlo mme ba setse ba abetse ba le bararo. A re ba babedi ba ba setseng ba tla abelwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Mo godimo ga moo, Rre Madumane a re tshimo ya motse, e go ruiwang dikgomo tsa motse mo go yone e ba thusitse go agela batlhoki ba le bane matlo morago ga go rekisa dingwe tsa dikgomo tseo le go thusa ba ba tlhokang ka ditsela tse di farologaneng. O tsweletse a tlhalosa fa matlo ao a agilwe ke babereki ba lenaneo la Ipelegeng, a tlatsa ka gore o akgola lenaneo la Ipelegeng fela thata ka gore le ba thusa go menagane mo motseng wa bone. A re Ipelegeng e na le seabe se segolo mo ditlhabololog tsa motse ka jaana e thusa le gone go ntshafatsa matlo a badirelapuso, go aga matlo a a ka hirisetswang batho ba motse gammogo le go phepafatsa tikologo ya motse. Rre Madumane a re kgang e e ba tshwenyang ke gore batho ba ba hiriseditsweng matlo a VDC ga ba duele sentle, mme seo se ba ketefaletsa go kgona go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe mo motseng ntateng ya letlhoko la madi. Kgang e nngwe e e tshwenyang ke gore lenaneo la Ipelegeng le thapa palo e kwa tlase ya batho mme seo se dire gore basadi ba ba sa kgoneng go tsena mo lenaneong la Ipelegeng ba felele ba ya go batla ditiro kwa dipolaseng mme morago ba fuduge le bana ba bone, ba ba ntsha mo dikoleng.Rre Madumane a re seo, se itsa bana go ka ithuta sentle le mororo puso e lopa gore motho mongwe le mongwe a bo a rutegile ka ngwaga wa 2016. Le fa go ntse jalo, Rre Madumane o kopile batsadi go emisa go ntsha bana mo sekoleng ka jaana thuto e le botlhokwa fela thata mo matshelong a bone. A re ke ka moo mokhanselara wa motse a kopileng gore go agiwe bonno jwa bana kwa sekoleng gore batsadi ba ba yang go bereka kwa dipolaseng ba tsamaye ba le nosi mme bana ba kgona go tsweledisa dithuto tsa bone.
society
9
Lehuma ke selo sa maloba
E re ka mogologolo a kile a re ya re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, mongwe wa Batswana ba ba sologetsweng molemo ke mananeo a nyeletso lehuma,o boletse fa a setse a lebetse gore lehuma ke phologolo ya maoto a le kae ka gore le ene o kgona go tsamaisa botshelo jwa gagwe ka fa a batlang ka teng. Mme Malebogo Johannes wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe wa Kudumatse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye a re o leboga puso go menagane go ba tla matshidiso ka mananeo a mantle a. Mme Johannes a re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, o ne a bona go le botlhokwa mo go ene go batla tsela ya go ka tlamela ba lelwapa la gagwe mme a bone thuso mo lenaneong la nyeletso lehuma. O boletse fa ene a dira kgwebo ya go roka diaparo tse di senyegileng le go dira tse disha, a tlatsa ka gore e ne ya nna yone tsela e a itlhophelang yone ka a na le lerato le dikitso mo go yone. O tlhalositse fa a tswa kgakala le kgwebo e ya go roka sebe sa phiri e le go tlhoka didirisiwa tse di maleba go ka e dira bonolo. A re o e simolotse a dirisa motshine wa letsogo o o neng o tsaya nako e telele go roka seaparo se le sengwe nako e ntsi. A re mo nakong eo, o ne a lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya ditsompelo, a tlatsa ka gore go tlhoka didirisiwa go ne ga seka ga mo kgoba marapo go tswelela pele mo tirong e a e ratang bobe. O tswelela a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a ntse a wa a tsoga le kgwebo ya gagwe, ba lenaneo la nyeletso lehuma mo khanseleng-potlana ya Mahalapye ba tswa thuso bagwebi ba kgaolo eo ba ba neng ba na le keletso mo ditirong tsa diatla. O tlhalosa fa a ne a seka a nna maoto a tshupa mme a ikwadisa go nna mongwe wa bagwebi bao. A re ba ne ba tlhophiwa go ya ka ditiro tsa bone tsa diatla tse ba eletsang go ikoketsa dithuto mo go tsone,mme ba isiwa ithutuntshong kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla. Mme Jonannes o tlhalosa fa a ne a nna le sebaka sa go kopana le bagwebi ba ba farologaneng, a tlatsa ka gore se, se ne sa mo thusa go abelana megopolo e e farologaneng ka dikitso tsa kgwebo. A kaya fa go bona sebaka seo go ne ga mo tiisa moko le go feta mo tirong ya gagwe. A supa gore morago ga go wetsa inthutuntsho eo, a itoma molomo wa tlase gore o tla bereka ka natla go dira dithoto tsa boleng. O boletse gore morago ga dithuto o ne a abelwa didirisiwa tse a di tlhokang e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo tsa motlakase go tlhofofatsa tiro. Go ntse go le foo, a re o leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari ya paka nngwe le nngwe ya ngwaga, a tlatsa ka gore o itemogetse fa kapari le yone e fetoga gangwe le gape. A re o lemogile fa letsela la leteisi e le lone mo nakong tsa gompieno le ratiwang bobe ka jalo o inaakantse le go dira diaparo ka lone,a tlhalosa fa le le bogadi bo gaufi gape le mo thusa go itshetlela. O tswelela a tlhalosa fa ka seno sebaka a kgona go tsenya bana ba gagwe dikole ka madi a go roka. Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, o tlhalosa fa mo dikgweding tsa ngwaga o simologa go fitlha tsa mariga go sena theko e e kalokalo. O tswelela a supa fa dikgwedi tsa paka ya selemo go ya kwa mafelong a ngwaga kgwebo e nna ntsi thata, a tlatsa ka gore ke yone nako e a rokelang batho thata kapari ya manyalo ka jalo dipoelo e nne tse di botoka. Le fa gontse jalo,o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. O ne a kgothatsa banni ba Kudumatse go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro. Mme Johannes o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone.ENDS
society
9
Tsibogelang seemo - Tshireletso
Lephata la Boipelego mo kgaolong potlana ya Letlhakeng le laetswe go tsiboga ka ponyo ya leitlho go thusa ka dijo ngwana wa mona-le- bogole yo motsadi wa gagwe a sa kgoneng go ka bereka ka ntlha ya seemo sa ngwana se se tlhokang tlhokomelo ee tseneletseng. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Ditshegwane mo kgaolong ya Kweneng Bophirima bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a nyatsa le go kgala tiego ya bodiredi jwa Boipelego mo go tsibogeleng seemo sa ngwana wa ga Mme Baganetseng Monnawatsie, a tlatsa ka gore ba ikgatholosa ntlha ya gore lephata le na le thulaganyo e faphegileng ka diemo tse di tshwanelang go potlakelwa. Mme Tshireletso o ne a tsibogela kgang e mo go yone Mme Monnawatsie a neng a ikuela gore ba Boipelego ba ikgatholositse bothata jwa lelwapa la gagwe le fa a lekile go supa fa a retelelwa ke go bereka ka ntlha ya bogole jwa ngwana wa gagwe yo o dingwaga di thataro mme a sa kgone go bua le go tsamaya a nna fela a rapaletse. Maboipelego wa Ditshegwane Mme Itumeleng Teo, o ne a tlhomamisetsa mothusa tona fa ba ise ba kgone go thusa Mme Monnawatsie ka jaana kgang ya gagwe e fetiseditswe kwa komiting e dirang ditsheka-tsheko. Mothusa tona one a seka a amogela tlhaloso eo a supa fa seemo sa botshelo jwa mme yoo le morwae se sa tlhoke tsheka-tsheko ka jaana go le mo pontsheng gore lelwapa leo le tlhoka thuso, ka jalo a laela ba Boipelego go tsibogela seemo sa ngwana yo o, ga mmogo le go fiwa dijo ntle le tiego. Mabapi le ngongorego ya batho ba metse ya Sesung le Ditshegwane ya gore khansele e emisitse go reka borotho jwa baapei ba mo gae go jesa sekolo mme e reka mo dibeikhareng, modula setilo wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Friction Leuwe, o tlhalositse fa ba ne ba patelesega go fapoga thulaganyo ka bothata jwa tlhaelo ya madi. Rre Leuwe o kaile fa thulaganyo e ne ya faposwa ke go ja gabedi ga baithuti mo dikolong tsa kgaolo ya Kweneng Bophirima, mme khansele ya patikega go boele mo go rekeng borotho jwa dibeikhara thulaganyo e a kaileng e ne ele ya dikgwedi tse pedi fela ka madi a go fepa bana a ne a ka se lekane go duela baapei ba mo gae go lebilwe ditlhwatlhwa tsa bone. Le fa gontse jalo modulasetilo o kopile maitshwarelo mo go ba ba amilweng ke diphetogo tseo le go tlhoka go rera go sale pele mme a solofetsa fa seemo se tla boela mannong ngwaga wa madi o simologa. Mabapi le tiego ya khansele go duelela baapei bao tiro e baneng ba e dirile, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng Rre Gobe Mudongo, o solofeditse fa ba tla a tsibogela go dira dituelo ntle le tiego. Kwa motseng wa Ditshegwane mongwe wa banni Rre Kebonang Kelebang o ntshitse tlhobaelo ka dipego tsa gangwe le gape tse di sa tshwarelang morafe sepe tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. A re o tshwenngwa ke gore e re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ele tsone di tshwereng boikarabelo jwa dithoto tsa morafe, di bo di seke di dintsha dipego tse di tlhapileng tsa ka fa di tsamaisang ka teng bogolo jang ka tse di amang madi. O supile ka monwana diofisi tsa lephata la Boipelego gore di ikgatholositse boikarabelo ja go tlhomamisa bogakolodi ka go netefatsa gore dikomiti di sala morago tsamaiso ya melwana e e di laolang. BOKHUTLO
health
6
Mopalamente ga itumedisiwe ke maduo a ko tlase
Banni ba Mmutlane ba ngongoregile ka beng ba dikhamphani ba e reng ba sa fenya dithendara ba bo ba isa dingongorego kwa lekgotleng la tshekelong ba re se, se dia ditlhabololo. Banni ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele kwa kgotleng ya Mmutlane bosheng morago ga go amogela tekodiso mo go mopalamente mabapi le go diega ga go agwa ga matlwana a borobalo a baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare. Mopalamante Makgalemele o boleletse banni gore le fa mo phuthegong ya bone ya bofelo a ne a ba tlhomamisetsa fa thendara e abilwe e bile a solofela fa khamphani e e abetsweng thendara e tlaa simolola tiro mo bogaufing, bangwe ba ne ba isa boikuelo kwa kgotleng ya ditsheko mabapi le go ajwa go thendara eo. A re ke lone lebaka le kago ya matlo a boroko a bana, a ba sa bolong go lelela mo go ene ka one e santse e saletse kwa morago. Rre Makgalemele a re o tlhaloganya selelo sa bone e bile o ngomolwa pelo ke seemo mme ga go se se ka dirwang fa e se go emela lekgotla go tsaya tshwetso. Mongwe wa banni ba Mmutlane, Mme Barati Makene a re puso e tshwanetse ya tsenya leitlho kgang ya beng ba dikhamphani ba e reng ba sa atlega ba bo ba nna lefufa mo go yo o fentseng. A re boammaruri ke gore ga ba kake ba nna bafenyi botlhe mme ba tshwanelwa ke go amogela maduo. Mme Makene a re se se botlhoko ke gore ba ba amegang ke banni ba metse e puso e lekang go isa ditlhabololo kwa go yone go araba dilelo tsa bone. A re e le banni ba Mmutlane ba tswa kgakala ba lela ka boroko jwa baithuti kwa Kalamare kwa bontsi jwa bana ba bone ba amogelwang teng fa ba fetsa lekwalo la bosupa mme ba mekamekane le go duelela bana sepalamo go ba isa sekoleng ka ba tsena kwa Kalamare ba nna kwa Mmutlane. Mme Makene a re pego e e fetileng ya ga mopalamente ya go ajwa ga thendera go simolola kago ya matlo a borobalo jwa bana, e ne ya ba nontsha pelo mme jaanong go utlwa fa e santse e emisitswe go tswelela e le ditiro tse di dirwang ke batho go ba tsenya mo pitlaganong. Selo se a re ke maiteko a bangwe go kganela ditlhabololo tse puso e ba di tsisetsang mme mokgwa o o tshwanetse wa kgalengwa. Mokhanselara wa Mmutlane, Rre Otsogile Segolame a re kgang ya Kalamare e bokete ka e le morwalo o o mo imelang e le mokhanselara wa kgaolo ka mo mabakeng a mantsi e a re fa dikole di bulwa a tshwanelwe ke go thusa batsadi ba ba senang boitiro go ba isetsa bana sekoleng. A re mme fa matlo a borobalo a ne a fedile, baithuti ba Mmutlane ba kabo ba nna kwa sekoleng go imolola botsadi mokgweleo. O kopile mopalamente gore le fa gone dikgang tsa semolao di ka seke di fetolwe, ba tsenye dikgang tsa mofuta o leitlho, go bonwe gore baikopedi ba dithendara ba ka thusiwa jang ba sa kgopakgopetsane le go emisa ditlhabololo ka di araba dilelo tsa morafe. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Makgalemele o ne a ba babisa ditsebe ka mogopolo o o neng wa ntshiwa kwa palamenteng wa gore go nne le kgotla ya ditsheko e e itebagantseng le dikgang tsa dikgwebo go itebaganya le dikgang tsa mofuta o. A re se se ka fefosa ditsheko le go thusa go fefosa ditlhabololo. BOKHUTLO
education
4
BHC e abetse badiri ba Prisons matlo
Ene yare bosheng ba BHC ba abela badiri ba lephata la Magolegwa matlo a tlhwatlhwa ya P6.1 million kwa Baines drift. Seo se builwe ke mogolwane mo lekalaneng la tsa go tshwantsatsa kago ya matlo a BHC Rre Stephen Bolebano. A re tshimologo ya lefelo laBaines Drift e ne e le moraka, mme a supa fa tshwaragano ya BHC le ba lephatala magolegwa e le botlhokwa mo setshabeng. A re ba BHC ba simolotse thulaganyo ya go agela badiri balephata la magolegwa ka ngwaga wa 2014, mme ba kopana le dikgwetlho di akaretsa Rre Bolebano o tlhalositse fa ba gwetlhilwe ke gore badiribao ba ne ba na le letlhoko la boroko, a tlatsa ka gore go ne go se motlhofo goaga matlo ao, ka jaana fa ba aga go ne go sena batho mo kgaolong eo, ka ba neba ba tsaya badiri ba nakwana kwa mafelong a Bobonong,Selebi Phikwe le Palapye. O tlhalositse fa ba agile matlo a ferabobedi kwa BainesDrift, mme ba ya go tswelela ba aga a mangwe mo mafelong a mangwe. O ne a tswelela a tlhalosa fa BHC e agile a le supa kwaGaborone kwa Block 7 ba boa ba agaa mangwe gone kwa Gaborone a le lesome, Francistown ba agile matlo a matlhatlaganyane fa kwa Mahalapye le gone ba agile a ferabongwe, mme mobogaufing ba tlaa a bula semmuso. O tlhalositse fa ba ne ba thapile kompone ya leina la 247 yaga Rre Motsamai Shanzinza go aga matlo a Baines Drift. A re rre yoo o agilematlo ao ka botswa pelo jo bo kgatlhisang e le motho wa Motswana a sakgaramediwe mo tirong ya gagwe. E ne ya re mothusa mogolwane wa lephata la magolegwa wakgaolo ya bokone Rre Oageng Diseko a amogela baeng a tlhalosa fa BHC e dirilebontle le botsalano gore lephata la bone le nne kwa godimo bogolo jang mobadiring ba bone. Mookamela lephata la Magolegwa mo Botswana Rre SilenceMotlalekgosi a re maikaelelo ke go agela badiri ba bone matlo amatlhatlaganyane, gore ba nne le kgatlhego ya go tla mo dikgaolong, ba seka baganelela kwa ditoropong. O ne a supa fa dilo di le tharo tse di jaaka kgololosego,tshireletso le go tshela sentle bogolo jang le baagisani le go kopanela borokodi le botlhokwa. Rre Motlalekgosi a re go le gantsi bana ba golela kwaditoropong, bakeng la letlhoko la boroko. O supile fa lephata la bone le tlaa leka bojotlhe go agelabadiri ba bone matlo a boroko mo mafelong a Kasane,Tsabong, Baines Drift leLetlhakane. Le gore kwa bofelong lefelo la Baines Drift le kgatlhise ka goitemela merogo le maungo le tse di kgabisang lefelo leo. O ne a rotloetsa badiri go tlhokomela matlo a ba a agetswengle go dirisana le ba sepodise ka ba mo lefelong le lengwefela ka jalo go kadira gore tiro ya bone e nne bonolo. Mogolwane wa magolegwa kwa Baines Drift Rre Oletile Nfanyaneo tlhalositse fa a na le badiri ba le masome a mararo le boraro le magolegwa ale masome a supa le boferabobedi. E ne ya re mothusa mogolwane wa lephata la magolegwa MmeTaduma Christmas a a fa malebogo a supa fa lefelo la Baines Drift e ne e lesekgwa fela mo dingwageng tse di fetileng, fa mo nakong eno e le bontle jobotsabakelang. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba rotloediwa go sireletsa dithoto
Banni ba Selebi Phikwe ba rotloeditswe go tlhokomela dithoto tsa bone bogolo jang ka nako ya malatsi a boitapoloso. Se se builwe ke mookamela sepodise sa pharakano kwa Selebi Phikwe Superintendent Odirile Mosweu kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng go tswa mo kgaolong ya bokone. E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Supretendent Mosweu a supa fa seo e le go lemoga ba ba kileng ba latlhegelwa ke matshelo ka na ba bona dikgobalo ka lebaka la dikotsi tsa tsela. Superintendent Mosweu o supile fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo, mme ba dira jalo go lemotsha setshaba le go ba gakolola ka fa ba ka ipalelang ka teng mo ditseleng. Superintendent Mosweu o supile fa sepodise sa Botswana se simolodistse malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le borukutlhi le dikotsi tsa tsela go tlhomamisa gore setshaba se babalesegile le dithoto tsa bone mme ba tlhoka kemo nokeng ya morafe gore maikaelelo a bone a ba tswele maduo. Superintendent Mosweu a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go fokotsa dintsho tse di bakwang ke go kgweetsa motho a itshietse nnotagi. Molalediwa wa letsatsi, Dr Mokubung Mokubung yo e leng mookamedi wa lekalana la SPEDU a re badirisi ba tsela ba tshwanetse go nna le neelano ka seo se ka dira gore e re mo nakong e e tlang dintsho tsa tsela di bo di fokotsegile. Dr Mokubung o ne a supa fa banana e le bone ba ba rekang dikoloi ka dipalo tse di kwa godimo mme e bile e le bone ba ba amegang ka bontsi mo dikotsing tsa tsela. Dr Mokubung o ne a supa fa puso e senyegelwa ke madi a mantsi go alafa batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela. Kwa bofelong Rre Mafolo Ubepo go tswa kwa lekalaneng la Emergency Services (EMS) kwa Selebi Phikwe o ne a supa fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba kgonang go letsa ba tlhalosa fa go diragetse kotsi ka na sengwe se se masisi se diragetse mme go sena nnete ka seo. Rre Ubepo a re go dira jalo go senyetsa puso ka ba a bo ba dirisitse ditsompelo go tsaya mosepele go ya kwa lefelong le go tweng tiragalo e diragaletse gone. Rre Ubepo o ne gape a gakolola morafe gore fa ba bega tiragalo tsa tshoganetso ba tshwanetse go bo ba wetse dibete gore ba tle ba kgone go utlwana le yo ba tlaabong ba bua nae ka gona le dipotso tse ba tlaa tshwanelwang ke go di araba gore ba kgone go thusiwa. Setlhogo sa letsatsi se ne se tlhalosa fa maikaelelo a ba sepodise e le go fokotsa dikotsi tsa tsela le dikgobalo tse di tseneletseng ka sephatlo mo lekgolong go ya go tsena ka ngwaga wa 2020. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Badiri ba Jwaneng ba re letlhoko le kgoreletsa tiro
Badirelapuso ba Jwaneng ba boleletse ratoropo fa letlhoko le le golelang pele le ama go ntsha maduo ga bone mo tirong. Ba buile se mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke ratoropo Rre Tsietsi Oodira-Kwenje bosheng. Mme Masego Dingalo wa lephata la makgotla a Setswana o ne a bolelela ratoropo gore seemo se badirelapuso ba tshelelang mo go sone se ngomola pelo. A re go tlhakanela matlo go baka dikgotlhang ka jaana ba farologana ka megopolo le mekgwa, selo se a reng se digela maduo kwa tlase mo tirong. Mme Dingalo o buile gape a tlhalosa fa dingongorego tsa bone tsa dikgang tsa boroko di seke di tsibogelwa, ntswa ba supa fa ba sa tshidisanye sentle. Mme Tsholofelo Khwae ene o ne a ngongorega ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa matlo mo toropong ya Jwaneng. A re ditlhwatlhwa tse di dira gore ba felele ba batla boroko kwa metseng e e bapileng le Jwaneng jaaka motse wa Sese. O kopile gape gore puso e tsenye kgang e leitlho mme e laole ditlhwatlhwa tsa boroko gore badirelapuso ba lese go jewa ntsoma. Le fa go ntse jalo, Mme Selinah Gaborakanelwe ene o ne a tlhalosa gore ere a ntse a dumalana le gore badirelapuso ba tshelela mo diemong tse di thata, go na le bangwe ba ba inyadisetsang mo matlong a a tlhakanetsweng. A re go dira jaana ga go a siama ka go feletsa go baka dikgotlhang mo batho ba feletsang ba sa tshidisanye sentle. Erile a ba kgwa dikgaba, modiri wa ofisi ya matlo kwa ofising ya ga molaodi Mme Bonani Tsheko a supa fa e le boammaaruri kgang ya boroko jwa badirelapuso e le kgwetlho e kgolo mo toropong ya Jwaneng. A re mo bogompienong go na le matlo a badirelapuso a le makgolo a mabedi le bosupamo toropong eo, mme mo go one a le masome a matlhano le bosupa ke a mapodise, a feta masome a matlhano e le a ditlhogo tsa maphata mme a le masome a mane le bongwe e le a ko Samaphaleche. A re mo palong eo go sala matlo a le mmalwa fela a a tshwanelang go abelwa badirelapuso ntswa letlhoko lone le le lentsi. A re e re ka jaana matlo a le palopotlana, ba abela badirelapuso matlo go rekegela diemo tsa malwapa kana bana ba ba nang nabo. Mme Tsheko o boletse fa seemo se ka fetoga fela fa molao wa matlo o ka sekasekwa ka jaana mo bogompienong o supa fa ditlhopha dingwe tsa batho di akaretsa batswakwa, le ditlhogo tsa maphata ba tshwanetse go fiwa matlo pele go ka lejwa badirelapuso ba bangwe. O tlhalositse fa letlhoko la boroko le ka fokotsega fa maphata ka go farologana a ka rekela badiri ba one matlo go itsa gore ba felele ba hirisa a a turang.Erile a tswa la gagwe, Rre Oodira-Kwenje a tlhalosa fa seemo sa matlo a Samaphaleche e le se se ngomolang pelo ebile se tlhokisa batho ba ba nnang koo seriti. A re go lobaka khansele ya toropo eo e ikuela mo go ba Botswana Housing Corporation (BHC) gore matlo ao a thubiwe go agwe a a tsamaisanyang le dinako tsa segompieno a a nang le ditirelo di tshwana le metsi le motlakase.
politics
7
Barui ba tlaa reka kwa Lobu
E tlaa re mo dikgweding tse di ferang bobedi barui ba bo ba kgona go reka diphoko le diphelehu ka palabalo mo polasing ya puso ya Lobu. Se se builwe ke molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo yo o supileng gore e re ntswa go tlhabolola polasi eo go simolotswe ngwaga ono, go setse go na le tswelelopele ka jaana barui ba setse ba simolotse go e etela go ya go ikoketsa dithuto tse di fiwang mahala. Rre Mathumo, yo o neng a buisa motseletsele wa diphuthego mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bosheng, a re barui ba setse ba simolotse go neelwa dithuto di tshwana le go tlhokomela diruiwa, go di alafa le gore di fiwa jang gore di kgone go ntsha maduo. O rile go botlhokwa gore ba inaakanye le tse di dirwang kwa polasing eo ka jaana di ka ba thusa go tlhabolola le go bona maduo mo loruong. Rre Mathumo o boletse gape gore puso e mo thulaganyong ya go aga matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong a a tlaa felang ngwaga o o tlang. A re ka jalo barui ba tshwanetse go ititaya ka thupana go oketsa diruiwa tsa bone gore ba tle ba kgone go tshegetsa matllhabelo ao le gone go tlhamela ba bangwe ditiro. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Simon Moseki wa Kolonkwaneng a tlhalosa fa ba na le kgwetlho ya kwa ba ka rekisang diruiwa teng ka gore matlhabelo a Botswana Meat Commision a kgakala le bone. A re seo se ba baya mo boraing jwa go tsiediwa ke bareki. Kgosi Moseki o ne a tlatsa ka go re ba itumelela sediba se ba se filweng ke puso gore ba nose loruo. Banni ka bontsi ba supile fa ba itumelela gore polasi ya Lobu e tsenngwa gape mo tirisong ka e kile ya bo e ba thusa thata. Tshwetso ya go tsosolosa polasi eo ya dihutshane e e simolotsweng ka 1978 kwa Middlepits, e tserwe morago ga go lemoga fa e sa dire sentle. Tsosoloso ya yone e akaretsa theko ya loruo lwa maemo a a kwa godimo le go shwafatsa dikago tsa teng.
economy_business_and_finance
3
Molaetsa mo dintshong o tsena sentle
Go bonala fa dikgakolo tsa thibelo ya mogare wa corona mo dintshong bangwe bangwe ba di sekegela tsebe jaaka fa go itshupile mo dintshong dingwe mafelo a beke kwa Serowe. BOPA e ne ya tsaya matsapa go bona gore a molaetsa wa puso gore go dirwe jang kwa dintshong, o a goroga. Batho ba ne ba phatlaletse mo patlelong, go dirisiwa segoagoa gore batsena phitlho ba utlwe melaetsa le thero. Dinako di ne di obamelwa, dibui di beetswe dioura tse di kwa tlase ga bobedi fa kwa dijong gone le fa go ne go lebega go le thatanyana, go ne go tlhabilwe dikgomo mme go go gabilwe diphiri le ba lolwapa. Fela jaaka kwa lwapeng, diphiri di ne di beetswe metsi a a nang le molora gore fa ba ntse ga fapaanela digarawe le dipeke, ba tlhape diatla. Ba ba tswang kgakala go ne go na le thulaganyo ya go ba fa dijo mme ba di paka ka diphuthelwana. Dibui di ne tsa dira tiro ka Labotlhano kwa lapeng, Matlhatso a bo e ne e le go ya go baya serepa go bo go lebogwa go phatlaladiwa kwa mabitleng go itsa mosuke le go tsaya nako. Mo potsolosong le malomaagwe moswi, Rre Ontiretse Kenaope a boletse fa ba ne ba gasa molaetsa dinako tsotlhe, go itshireletsa mo mogareng wa corona. O boletse fa bontsi bo tlhaloganya seemo e bile ba ne ba dira jaaka ba gakololwa. Ngwana wa mo lwapeng, Rre Tshepho Pusoetsile a boletse fa phitlho e ne e tsamaisiwa ke kereke ya Conference Apostol kwa Serowe e a boletseng e sena tebelelo. O boletse fa ba dira ka thata kwa kerekeng go gasa molaetsa ka bolwetse jo.
health
6